Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

E Ile ya Nthusa go Kwala Pego ya Sekolo

E Ile ya Nthusa go Kwala Pego ya Sekolo

E Ile ya Nthusa go Kwala Pego ya Sekolo

Sekolo sengwe se go ithutelwang tiro mo go sone kwa Jeremane se na le palo e kgolo ya baithuti ba ba tswang kwa dinageng di sele. Ba tswa Afrika Borwa, Fora, Georgia, India, Lebanon, Poland, Russia, Ukraine, Vietnam le se pele e neng e le Yugoslavia.

Mongwe wa baithuti o kwala jaana: “Fa go ne go bulega tshono ya gore re ka kwala pego ya sekolo, ke ne ka ithaopela go e kwala. Setlhogo se ke ileng ka se tlhopha se ne se re ‘Dikarabo Tse di Thusang Tsa Dipotso Tse Basha ba di Botsang,’ se theilwe mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Baithuti ba ne ba kgatlhiwa ke ditlhogo tse di leng mo bukeng eno le dikakantsho tse di molemo tse di neelwang.

“Fa ke fetsa, baithuti ba ne ba bontsha kanaanelo ka go opa diatla thata. E re ka botlhe ba ne ba ithuta dipuo e bile ba tlhaloganya Seesemane sentle, ke ne ka kgona go ba tsamaisetsa dikhopi tsa buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang mme ka ba ka naya morutabana khopi ya Sejeremane.”

Mo malatsing a a latelang, moithuti yono o ne a tswelela pele ka dipuisano tsa gagwe le baithuti ba bangwe mme ba ne ba bontsha kgatlhego. O ne a ba naya dikgatiso tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng ka Se-Arabia, Se-Bengali, Se-Georgia, Se-Poland, Se-Russia, Se-Spain, le Se-Vietnam.

Gongwe le wena o itse mosha mongwe yo o ka solegelwang molemo ke buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang. Dikgaolo tsa yone tse 39 di akaretsa ditlhogo tse di reng: “Ke Ka Kgona Jang go Dira Ditsala Tsa Mmatota?,” “Go Tweng Kaga go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?” le “Ke Ka Itse Jang Fa E Le Lorato lwa Mmatota?” O ka nna wa kopa go romelelwa khopi ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano le go se romela kwa atereseng e e bontshitsweng fano kgotsa kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa, ke kopa lo nthomelele buka e e bontshitsweng fano.

Bontsha gore ka puo efe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya legae ya Baebele ya mahala.