Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bonelwa Pele ga “Metšhine e e Senyang”

Go Bonelwa Pele ga “Metšhine e e Senyang”

Go Bonelwa Pele ga “Metšhine e e Senyang”

“Megopolo e e bosula ya motho gantsi e batla ditsela tsa kafa a ka dirisang bokgoni jwa gagwe ka teng go dira batho ba bangwe makgoba, le go ba fedisa kgotsa go tsietsa beng ka ene.” —Horace Walpole, mokwadi wa Moesemane wa lekgolo la bo18 la dingwaga.

DIFOFANE di tliseditse batho melemo e mentsi thata. Le fa go ntse jalo, a bo mafoko a a fa godimo a ga Horace Walpole a opile kgomo lonaka jang ne! Le pele batho ba ka ithuta go dirisa difofane, batho ga ba bolo go akanyetsa ditsela tse dintsi tsa kafa difofane di ka dirisiwang ka teng mo ntweng.

Ka 1670, dingwaga di le 100 pele ga go dirwa balunu ya ntlha e e kgweediwang, Montadiana e bong Jesuit Francesco Lana o ne a tlhalosa ntlha ya gore “Modimo ga a ne a letla gore motšhine o o ntseng jalo o dirwe, e le gore a thibele ditlamorago tse mmalwa tse di ka kgoreletsang puso ya selegae le ya bopolotiki ya batho.” Le fa go ntse jalo, fa a bonela dilo pele, o ne a oketsa jaana: “Ke mang [yo o sa boneng] gore ga go na toropo epe e e sireletsegileng mo go tlhaselweng ka tshoganyetso, ka gonne sefofane se ka nna sa tla go kotama nako nngwe le nngwe fela mo mmarakeng wa toropo se bo se folosa batlhasedi ba sone foo? Go ka direga se se tshwanang le mo matlong a batho le mo dikepeng tse di kgabaganyang lewatle . . . Tota le fa se sa kotame, se ka nna sa latlhela ditshipi tse di ka nnang tsa dira gore sekepe se we se bo se bolaye batho, mme dikepe di ka fisiwa ka molelo wa maitirelo, ka dibolo tsa kgabo ya molelo le dibomo.”

Fa dipharashutu tse di tsamaisiwang ka mowa o o bolelo le ka haeterojene di ne di dirwa go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, Walpole o ne a tshogile gore di ka nna tsa dirisiwa jaaka “metšhine e e bolayang batho.” Go ne ga nna jalo ka 1794, fa dipharashutu tsa haeterojene di ne di simolola go dirisiwa ke bojenerale ba sesole sa Bafora gore ba tle ba tlhodise mafelo a baba ba bone le go laola metsamao ya masole a bone. Dipharashutu di ne tsa dirisiwa le mo Ntweng ya Selegae ya Amerika le mo ntweng ya Franco-Prussia ya bo1870. Mme ka nako ya dintwa tse pedi tsa lefatshe tsa lekgolo la bosheng la dingwaga, dipharashutu di ne tsa dirisiwa thata ke masole a Baamerika, Baboritane, Bafora le a Bajeremane mo letsholong la go tlhodisa naga.

Ruri dipharashutu e nnile didirisiwa tse di bolayang mo Ntweng ya Lefatshe II fa sesole sa Japane se ne se romela dipharashutu tse 9 000 tse di neng di itsamaisa e bile di rwele dibomo go ya kwa United States. Go ne ga goroga dipharashutu tse di fetang 280 tse di rweleng dithunyi kwa Bokone jwa Amerika.

Go Lebeletswe Dintwa Tsa Lefaufau

Fa sefofane se sena go dirwa, se ne se setse se lejwa jaaka motšhine o o ka dirisiwang mo ntweng. Alexander Graham Bell o ne a bolela jaana ka 1907: “Ke batho ba le mmalwa fela ba ba itseng gore Amerika e gaufi jang le go rarabolola kgang e e tla fetolang ntwa mo lefatsheng ka bophara—ke raya go dira difofane tse di ka dirisiwang mo ntweng ya lefaufau.” Mo go one ngwaga oo The New York Times e ne ya nopola mofofisi wa dibalunu, Mokapotene Thomas T. Lovelace a re: “Mo dingwageng tse pedi kgotsa tse tlhano tse di latelang setšhaba sengwe le sengwe se segolo se tla bo se na le difofane tsa ntwa le dilo tse di kgonang go fedisa difofane tsa ntwa fela jaaka di na le diketswana tsa ntwa tse di tsamayang kafa tlase ga lewatle le dibomo tse di kgonang go tlhatlhamolola dikepe tseo.”

Dikgwedi di le tharo fela moragonyana, U.S. Signal Corps e ne ya thapa booraWright gore ba tlhame sefofane sa ntlha sa sesole. Setlhogo sengwe mo go New York Times ya September 13, 1908, se ne sa tlhalosa lebaka la go bo sesole seo se ne se kgatlhegela sefofane seno: “Go ne go ka latlhelwa sethunyi mo sentshamosing sa sekepe sa ntwa, mme se bo se senya didirisiwa tsa sone, se bo se feleletsa ka go thunya diboelara tsa sekepe seo.”

Fela jaaka Bell a ne a buile, sefofane se ile sa “tlisa diphetogo tse dikgolo mo dintweng go ralala lefatshe.” Ka 1915, badiri ba difofane ba ne ba dirile tlhobolo ya motšhinekane e e lebileng kwa pele e e dirilweng gore e kgone go thunya go tswa mo sefofaneng. Ka bonako fela kwantle ga difofane tsa ntwa go ne ga dirwa difofane tse di rwalang dibomo, tse di neng tsa ntsifala le go nna maatla thata ka Ntwa ya Lefatshe II. Ka August 6, 1945, sefofane sa B-29 Superfortress se ne sa latlhela bomo ya ntlha ya atomo e e neng e dirisiwa mo ntweng, mme ya ripitla toropo ya Hiroshima kwa Japane mme ga swa batho ba le 100 000.

Dingwaga di le pedi pelenyana ga foo, ka 1943, Orville Wright o ne a bua mo sephiring gore o a ikwatlhaya go bo sefofane se ile sa tlhamiwa. Ka nako ya dintwa tse pedi tsa lefatshe, o ne a bolela gore ruri sefofane se nnile sebetsa se se kotsi. Fa e sa le ka nako eo, go ne ga dirwa le dimmisaele tse di kaelwang ka leisara le dibomo tse di kgonang go itsamaisa, seno se ne sa oketsa le bokgoni jo bo kotsi jwa go ka bolaya batho ka bontsi, jaaka ‘setšhaba se tsogologetse setšhaba.’—Mathaio 24:7.

[Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]

1. Pharashutu e e itsamaisang ya kwa Japane e e rweleng bomo

2. Balunu e e nang le dibomo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Library of Congress, Prints & Photographs Division, FSA/OWI Collection, LC-USE6-D-004722

3. B-29 Superfortress

[Motswedi wa Setshwantsho]

USAF photo

4. Strike Fighter F/A-18C Hornet

5. F-117A Nighthawk Stealth Fighter

[Motswedi wa Setshwantsho]

U.S. Department of Defense