Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Diragala Eng fa re Swa?

Go Diragala Eng fa re Swa?

Baebele ya Reng

Go Diragala Eng fa re Swa?

BANA ba Modimo ba mo lefatsheng ba ne ba sa direlwa gore ba swe. (Baroma 8:20, 21) Tota e bile, fa Jehofa a ne a bua la ntlha le Adame ka loso, o ne a re loso ke kotlhao ya go se ikobele Modimo, e seng gore ke diphelelo tse ka metlha motho a neng a tshwanetse go di lebelela. (Genesise 2:17) E re ka Adame a ne a tle a bone diphologolo di swa o ne a tlhaloganya gore loso ke eng.

Adame o ne a leofa, mme a roba se a se jetseng ka go swa a na le dingwaga di le 930. (Genesise 5:5; Baroma 6:23) E re ka a ne a kobiwa mo lelapeng la Modimo ka ntlha ya go tlhoka kutlo, o ne a se ka a tlhola a tsewa e le ngwana wa Modimo. (Duteronome 32:5) Malebana le diphelelo tse di utlwisang botlhoko ka batho, Baebele ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe.”—Baroma 5:12.

Go Direga Eng ka Bokgoni Jwa Rona Jwa go Akanya?

Baebele gape ya re: “Go na le phelelo ka ga bomorwa batho le phelelo ka ga phologolo, mme di na le phelelo e e tshwanang. Jaaka se sengwe se swa, se sengwe le sone se a swa; mme tsotlhe di na le moya o le mongwe fela, mo e leng gore motho ga a na tlotlomalo go feta phologolo, gonne sengwe le sengwe ke lefela. Tsotlhe di ya lefelong le le lengwe. Tsotlhe di nnile gone di tswa mo loroleng, mme tsotlhe di boela mo loroleng.” (Moreri 3:19, 20) Go boela mo loroleng go kaya eng?

Mafoko a a reng “boela mo loroleng” a re gopotsa mafoko a Modimo a neng a a bolelela motho wa ntlha: “O lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Seno se kaya gore batho fela jaaka diphologolo ke dibopiwa tsa nama. Ga re meya e e apesitsweng mebele ya nama. Fa mebele ya rona e senyega bokgoni jwa rona jwa go akanya ga bo tswelele bo dira. Baebele e bua jaana ka motho yo o swang: “O hema mohemo wa gagwe wa bofelo, o boela mo loroleng, mme ka yone ura eo go akanya gotlhe ga gagwe go a fela.”—Pesalema 146:4, The New English Bible.

Fa e le gore go direga jalo, baswi ba mo boemong bofe? Lefoko la Modimo le re naya karabo e e utlwalang sentle: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Go na le go nna tsala e e re isang kwa botshelong jo bo botoka, loso lo bidiwa “mmaba wa bofelo” mo Baebeleng, gonne le emisa ditiro tsotlhe tsa rona. (1 Bakorintha 15:26; Moreri 9:10) A seno se kaya gore ga gona tsholofelo epe ka motho yo o suleng?

Dikgang Tse di Molemo ka Loso

Mo dimilioneng tsa batho, loso lo tshwana le boroko jo motho a ka tsosiwang mo go jone. Jesu o kile a bolelela barutwana ba gagwe jaana ka tsala ya bone e e neng e sule: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.” Fa Jesu a ne a ya kwa lebitleng la kgakologelo, o ile a kopana le boidiidi jwa batho ba ba neng ba hutsafetse. Fa a fitlha kwa lebitleng, o ile a laela gore le bulwe mme a goela kwa godimo a re: “Lasaro, tswa!” Monna yo a neng a sule ka malatsi a le manè o ile a tswa. (Johane 11:11-14, 39, 43, 44) E re ka mmele wa ga Lasaro o ne o setse o bodile, Jesu o ne a bontsha gore Modimo a ka kgona go gakologelwa sengwe le sengwe ka baswi—botho jwa bone, mogopolo wa bone, le ditebego tsa bone. A ka dira gore ba tshele gape. Nako nngwe Jesu o ile a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe [ke gore, Jesu] ka yone mme ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29.

Fa Baebele e re naya dikgang tse dingwe tse di molemo, ya re: “Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.” (1 Bakorintha 15:26) Go ka se tlhole go direga gore batho ba ba hutsafetseng ba ye kwa mabitleng go ya go fitlha baratiwa ba bone ba ba suleng. Baebele ya re: “Loso lo tla bo lo seyo.” (Tshenolo 21:4) A ga se boammaaruri gore se Baebele e se buang ka se se diregang fa re swa se a gomotsa?

A O KILE WA IPOTSA. . .

▪ A baswi ba a ikutlwa?—Moreri 9:5.

▪ A ga go na tsholofelo epe ka motho yo o suleng?—Johane 5:28, 29.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“O hema mohemo wa gagwe wa bofelo, o boela mo loroleng, mme ka yone ura eo go akanya gotlhe ga gagwe go a fela.”—Pesalema 146:4, “The New English Bible”