Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna Mo Kotsing Ga Dishaka

Go Nna Mo Kotsing Ga Dishaka

Go Nna Mo Kotsing Ga Dishaka

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MEXICO

KE DIPHOLOGOLO di le mmalwa fela tse di boifisang go gaisa dishaka. Lefatshe ka bophara, go lekanyediwa gore go na le palogare ya ditlhaselo tse di sa tlhotlhelediwang ke sepe tse 75 tsa dishaka mo bathong ngwaga le ngwaga, mme di le 10 tsa tsone ke tse di felelang ka loso. Ditlhaselo tse di ntseng jalo tse di phasaladitsweng thata le ditshwantsho tse di sa itumediseng mo dibaesekopong, di dira gore dishaka di tsewe e le ditlhapi tse di jang batho. Ke boammaaruri gore, batho ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba dirisana le dishaka. Le fa go ntse jalo, fa re sekaseka dintlha sentle, dintsho di le dintsi di bakwa ke go longwa ke dinotshi le dikwena go feta go tlhaselwa ke dishaka.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, dishaka di tlhaselwa ke batho. Mmatlisisi wa mokgatlho wa Argus Mariner Consulting Scientists mo makasineng wa Premier o bega jaana: “Ngwaga le ngwaga go tshwarwa dishaka di le dimilione tse 100—palo eno e ntsi thata mo e leng gore fa di ka tlhomaganngwa, di ka dikaganyetsa lefatshe lotlhe ga tlhano.” Se se oketsang mathata le go feta ke dipalo tsa tsone tsa go tsala tse di leng kwa tlase ka tlholego, go sa gole ka bonako, le go dusa ga tsone ka lobaka lo loleele mmogo le go kgotlelwa ga mafelo a di tsalelang mo go one, mme seno se felela ka palo e e ntseng e fokotsega ka lobelo lo logolo ya dishaka. Fa palo eno e ka fokotsega thata go tla tsaya dingwaga di le dintsi gore di boele mo palong ya tsone ya pele.

Bontsi jwa dishaka bo tshwarelwa mafafa a tsone a batho bangwe ba Asia ba reng ba dira melemo ka one le dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. * Moro wa mafafa a shaka ke dijo tse di monate mme o ja madi a mantsi mo sejana sa one se ka jang madi a a kana ka R1 000! Go ratwa thata ga one ke batho ba Asia go dirile gore go nne le tshenyo e kgolo le e e setlhogo ya go “kgaolwa”—go segolola mafafa a shaka e e tshelang mme e bo e latlhelwa gape mo lewatleng gore e bolawe ke tlala kgotsa e kgangwe ke metsi.

Go Botlhokwa go Tsaya Kgato ya go Falotsa Dishaka

A re tshwanetse go amiwa ke maemo ano a a sa itumediseng a dishaka di leng mo go one? Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go utlwela dishaka botlhoko ka tsela e e tshwanang le e re neng re ka utlwela ditlou le maruarua botlhoko ka yone. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga seabe sa tsone mo go bolokeng tekatekano fa gare ga ditshedi le dijalo tsa mawatle. Ka sekai, mekgwa ya tsone ya go bona dijo e thusa go laola palo ya ditlhapi tse dingwe.

Mo dinageng tse dintsi ga go na melao e e itsang batho go tshwara dishaka. Morago ga kganetsano ya dingwaga tse di lesome, Mexico—nngwe ya dinaga tse go tshwarwang dishaka ka bontsi kwa go yone, e go tshwarwang ditone di feta 30 000 tsa dishaka ka ngwaga—bosheng jaana e ne ya tlhoma molao o o iletsang go tshwarwa ga dishaka. Fa re tswelela re sekaseka mathata a a amang go ata ga dishaka, go batla mafafa a dishaka go dirile gore go tshwarwa ga ditlhapi go go seng kafa molaong go oketsege mo lewatleng mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Ka sekai, motsamaisi wa Galápagos National Park Service o bolela jaana ka kutlobotlhoko: “Go tshwara ditlhapi ka tsela e e seng kafa molaong ka maikaelelo a go bona mafafa a dishaka go oketsegile ka selekanyo se segolo mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. Ke kgwebo e e dirang madi a mantsi tota e bile go dirile gore go nne le digongwana tse di gwebang ka tsone ka tsela e e seng kafa molaong.”

Go tserwe kgato e e botlhokwa go leka go namola dishaka—go kgaola mafafa a diphologolo tseno go thibetswe kwa dinageng dingwe. Le fa go ntse jalo, Charlotte Mogensen mookamedi wa mokgatlho wa World Wildlife Fund o tlhagisa gore go na le go le gontsi go go tlhokegang. A re: “Dishaka di sa ntse di le mo kotsing gongwe le gongwe mo lefatsheng. Re kgothaletsa mekgatlho yotlhe e e laolang go tshwarwa ga ditlhapi gore e se dirise fela thibelo ya go kgaolwa ga mafafa a dishaka, mme e batle le tshedimosetso ka dishaka, e fokotse go tshwarwa ga tsone kwantle ga lebaka le go boloka palo ya dishaka e le mo selekanyong se se siameng.”

Se se itumedisang ke gore, Mmopi wa ditshedi tsa naga a ka se letle popo ya gagwe e e mo tlotlomatsang e tshwarwa makgwakgwa ka lobaka lo loleele. Seno se akaretsa le dishaka tse di boitshegang mme di le botlhokwa.—Tshenolo 11:18.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Se se gakgamatsang ke gore, mafafa a dishaka a fitlhetswe a na le selekanyo se se kwa godimo sa mekhuri, o o ka dirang gore banna ba se ka ba kgona go tshola bana.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

BOAMMAARURI KAGA DISHAKA

Bogolo jwa tsone: Mofuta wa tsone o mogolo go gaisa, e leng shaka ya leruarua (e e fa godimo) e gola go fitlha e nna boleele jwa dimitara tse 18 mme boima jwa yone ke ditone di le mmalwa. Mme ke sebopiwa se se seng kotsi se se jang dimela tsa lewatle le ditlhapi tse dinnye.

Nako ya go dusa: E tsala morago ga go dusa dikgwedi di le 22.

Selekanyo sa go tsala: Dishaka di tsala dishaka tse dinnye go simolola ka di le pedi go ya go tse di lesome fa e dusa. Bontsi jwa mefuta ya ditshedi tseno bo tsala bana ba tsone ba ba tshelang fa tse dingwe tsone di beela mae a bo a thuthuga moragonyana.

Selekanyo se di golang ka sone: Bontsi jwa tsone bo tsaya dingwaga tse di fa gare ga tse 12 le 15 gore di bo di godile mo di ka fitlhelelang seemo sa go nna le bana.

Boleele jwa botshelo jwa tsone: Ga go motlhofo go lekanyetsa gore dishaka di tshela lobaka lo lokae, mme gone shaka e tshweu e e bogale (e e fa tlase) go lekanyediwa gore e kgona go tshwara dingwaga di le 60.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Seawatch.org

© Kelvin Aitken/age fotostock

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Mo mefuteng e e fetang 300 ya dishaka, e le 62 ya yone e tla tloga e nyelela

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Mark Strickland/SeaPics.com

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Kilogerama e le nngwe fela ya mafafa a shaka e ka rekisiwa ka R3 000 kgotsa go feta. Metlhagare ya shaka e kgolo e tshweu e ka nna R70 000

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Ron & Valerie Taylor/SeaPics.com