Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Simologile e le Maatla a Motlakase ga Felela e le Lesedi la Semoya

Go Simologile e le Maatla a Motlakase ga Felela e le Lesedi la Semoya

Go Simologile e le Maatla a Motlakase ga Felela e le Lesedi la Semoya

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ITALY

▪ Mo masimologong a bo1900, madirelo a ne a simolola go tlala mo dithabeng tsa Pistoia, kwa Italy. Gore go tle go tsamaisiwe didirisiwa tse di tswang mo mmung tse di iseng di ko di dirisiwe le tse di setseng di siametse go dirisiwa, go ne ga agiwa seporo sa terena ya motlakase. Seporo seno se se sesane, se ne sa kgakolwa ka June 21, 1926, se ne se ralala mo godimo ga dithabana le dithaba ka selekanyo sa dikilometara tse 15.

Go ne ga agiwa seteishene sa motlakase e le gore terena e tle e dirise motlakase oo (kwa godimo kafa molemeng). Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, go fokotsega ga kgwebo ya dilo tse go neng go gwebiwa ka tsone go ne ga dira gore terena e emisiwe go tsamaya, mme seteishene sa terena se ne sa tswalwa ka 1965. Go ne ga diragala eng ka meago e e neng e agilwe go bapa le seporo? E mengwe e ne ya phutlhama; fa e mengwe yone e ne ya fetolwa go nna dibara le mafelo a dibese di emelwang mo go one.

Seteishene sa motlakase sone se ne sa tsosolosiwa. Ka 1997 se ne sa rekiwa ke lekgotla la semolao la San Marcello Pistoiese, la Basupi ba ga Jehofa, mme se ne sa fetolelwa go nna nngwe ya Diholo tsa Bogosi tse di tlhomologileng thata mo Tuscany (kwa tlase kafa molemeng). Maloko a phuthego eno a a kopanelang mo go se pele e neng e le seteishene sa motlakase, a tshwaragane le go “phatsima jaaka masedi” mo dikgaolong tseno tsa dithaba, a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Bafilipi 2:15; Mathaio 24:14) Ee, kago e pele e neng e dirisediwa go tsamaisa motlakase ka tsela ya mmatota jaanong e dirisediwa go phasalatsa lesedi la semoya.—Mathaio 5:14-16; 28:19, 20.