Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

O ne O ka Reng?

KE MANG YO O NENG A BUA MAFOKO ANO?

Thala mola o o golaganyang polelo e e builweng le motho yo o e buileng.

Moshe

Petere

Johane

Adame

1. “Bana ba bannye, itiseng mo medingwaneng.”

2. “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me.”

3. “Mmaba wa lona Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang.”

4. “O Modimo le eleng go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.”

Tse go ka Tlotliwang ka Tsone: Ke eng se sengwe gape se o se itseng ka mongwe le mongwe wa batho bano ba go buiwang ka bone mo Baebeleng?

GO DIRAGETSE LENG?

Umaka leina la mokwadi wa nngwe le nngwe ya dibuka tsa Baebele tse di fa tlase, mme o thale mola o o golaganyang buka eo le letlha le go lekanyediwang gore e ne ya wediwa go kwalwa ka lone.

1450 B.C.E. 844 B.C.E. 536 B.C.E. 56 C.E. 61 C.E.

5. Daniele

6. Jonah

7. Bahebera

KE NNA MANG?

8. Kgakgamatso e ne ya dira gore mangole a me a kgwetlhe.

KE NNA MANG?

9. Ke ne ka latlha mong wa me mme ke ne ka boela kwa go ene fa ke nna Mokeresete.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletse ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

Tsebe 5 Ke eng se motho yo o se nang maitemogelo a se dirang? (Diane 14:․․․)

Tsebe 11 Ke nonofo efe e e leng sebofo se se itekanetseng sa kutlwano? (Bakolosa 3:․․․)

Tsebe 19 Ke eng se rotlhe re se dirang ka makgetlo a le mantsi? (Jakobe 3:․․․)

Tsebe 28 Loso lo tsene jang mo bathong botlhe? (Baroma 5:․․․)

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

(Dikarabo di mo tsebeng ya 14)

DIKARABO TSA TSEBE 31

1. Johane.—1 Johane 5:21.

2. Adame.—Genesise 2:23.

3. Petere.—1 Petere 5:8.

4. Moshe.—Pesalema 90:2.

5. Daniele, 536 B.C.E.

6. Jona, 844 B.C.E.

7. Paulo, 61 C.E.

8. Beleshasare.—Daniele 5:1, 5, 6.

9. Onesimo.—Filemone 10-16.