A o Ka Ikanya Kgakololo ya Baebele?
A o Ka Ikanya Kgakololo ya Baebele?
‘A ke dumele se motho yono a mpolelelang sone?’ O ka ipotsa potso eo fa morekisi a leka go go rekisetsa koloi e e kileng ya dirisiwa kgotsa fa radipolotiki a dira ditsholofetso mo letsholong la bontlhopheng. Ga o batle go senya nako le madi mo dilong le mo tshedimosetsong e e seng botlhokwa.
GAPE o ka ipotsa jaana: ‘A Baebele e na le sengwe se se botlhokwa se nka se ithutang? Fa nka bala le go ithuta buka eo, a nka solofela gore nako le maiteko a me di tla duelwa?’ Karabo ya dipotso tseo e bonwa mo temaneng e e mo Baebeleng ka boyone: “Botlhale o kgona go ema kgotsa go wa ka ntlha ya ditiro tsa gagwe.” (Mathaio 11:19, Phillips) Ee, ditlamorago tse batho ba nnang le tsone ka ntlha ya go dirisa kgakololo kgotsa “botlhale” jo bo rileng di supa gore a kgakololo eo e botlhokwa. Dikakgelo tse di latelang di senola maikutlo a batho ba ba neng ba ipha nako ya go ithuta se se mo Baebeleng. Mafoko a bone a tla go thusa go dira tshwetso ya gore a o tshwanetse go bala le go ithuta buka eo e e sa tshwaneng le epe.
Dipotso Kaga Loso le Botshelo Morago ga Loso
Mmaagwe Karen o ile a tlhokafala. Go tloga fela mo bongwaneng Karen yo o nnang kwa United States, o ne a dumela gore batho botlhe ba ba siameng fa ba tlhokafala ba ya kwa legodimong. Tumelo eno e ne e sa mo gomotse go le kalo. O ne a ipotsa: ‘Mmè o lebega jang, e re ka jaanong a le kwa legodimong? Ke tla mo itse jang fa ke fitlha koo fa e le gore ke tla fitlha? Fa ke swa a ke tla felela felo gongwe go sele?’
Karen o ile a simolola go ithuta Baebele ka kelotlhoko le Basupi ba ga Jehofa. O ile a ithuta gore baswi ga ba kwa legodimong go na le moo ba mo seemong se e keteng ke boroko jo bogolo. Moreri 9:5 ya re: “Ga ba itse sepe gotlhelele.” Mme gone, go tweng ka kgang ya go boa a bona mmaagwe gape?
Mafoko ano a a utlwalang sentle a Baebele a ne a mo gomotsa le go mo naya tsholofelo: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Keresete] ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Karen o ile a ithuta gore Modimo yo o tlhotlheleditseng go kwalwa ga Baebele, o tla dirisa morwawe go tsosa baswi gore ba tle ba tshele gape mo lefatsheng. O ile a re: “Dithuto tsa Baebele ka loso le tsogo di a utlwala e bile di tlhaloganyesega sentle.”
Ke Tsela Efe ya Kobamelo e e Siameng?
Fa Angela, mosetsana wa Moromania a ne a le dingwaga tse 14, moruti wa Pentekosete o ile a mo rapelela gore a amogele moya o o boitshepo mme a simolola go bua ka diteme. Le fa go ntse jalo, batsadi ba gagwe ba ne ba lemoga gore dithuto tsa Pentekosete di ne di sa dumalane le Baebele. Lelapa leno le ile la kgaotsa go nna teng mo ditirelong tsa kereke mme la simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.
Le fa kwa tshimologong Angela a ne a kgobegile marapo, go ise go ye kae o ile a kgona go bona pharologano fa gare ga ditlwaelo tsa bodumedi jwa gagwe jwa pele le dithuto tsa Baebele. Ka sekai, o ile a bala Johane 17:3 e e reng: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” Angela o ile a lemoga gore batho ba ba amogelwang ke Modimo ba tshwanetse go nna le kitso ka ene pele. O ile a botsa jaana: “Go ne go ka tla jang gore ke amogele moya wa Modimo ka tsela eno e e kgethegileng mme ke sa itse sepe ka ene?” Angela a re: “Ke leboga Jehofa ka go nthusa go bona kobamelo ya boammaaruri ka thuso ya Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng.”
Kgakololo e e Fetolang Matshelo
Gabriel, monna wa kwa India, a re: “Ke ne ke galefa ka tsela e e sa laolegeng. Fa ke ne ke galefisiwa ke mongwe, ke ne ke tle ke goe, ke thubaganye dilo le e leng go tlhasela batho. Thuto ya Baebele e ile ya nthusa go laola kgalefo ya me. Tota le fa ke galefile thata, gone jaanong ke kgona go ritibala.”
Gabriel o ile a bala ditemana tse di jaaka Diane 16:32 e e reng: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata, mme yo o laolang moya wa gagwe o botoka go gaisa yo o thopang motse.” Dhiraj, monna yo mongwe yo o neng a fenya bothata jwa go nna pelokhutswane, o akgela jaana: “Yone temana eo e ne ya nthusa go bona gore go palelwa ga me ke go laola kgalefo ke sesupo sa go nna bokoa, fa go e laola gone go supa go nonofa.”
Philip e ne e le mongwe wa segongwana sa disenyi kwa Afrika Borwa. Go lwa, go kgothotsa le puo e e leswe e ne e le karolo ya botshelo jwa gagwe. O ile a fetsa lobaka a le kwa kgolegelong ka ntlha ya tlolomolao ya gagwe. Go sa kgathalasege mokgwa wa gagwe wa botshelo Philip o ne a eletsa go itse Modimo. Fa a sena go simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ile a godisa keletso ya go direla Modimo mme a swetsa ka gore a baakanye botshelo jwa gagwe. O ile a tlogela mekgwa ya gagwe e e bosula mme a ikgaoganya le ditsala tsa gagwe tsa disenyi. Ke dithuto dife tsa Baebele tse di neng tsa mo tlhotlheletsa go dira diphetogo tse di ntseng jalo?
Basupi ba ga Jehofa ba ile ba mmontsha mafoko a a fitlhelwang mo go Johane 6:44. A balega jaana: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” Philip a re: “Jehofa o bone sengwe se se molemo mo go nna mme a nkgogela mo bathong ba gagwe, mo bokaulengweng jo bo molemolemo jono.” Gape Philip o ile a tsaya tsia dipego tsa Baebele tse di buang ka bopelotlhomogi jo Jehofa a bo bontshang badirabosula ba ba ikwatlhayang. Philip a re: “Dipego tseno di nthusitse go bona kafa Jehofa a leng tekatekano ka teng fa a dirisana le batho ba ba sa itekanelang.”—2 Samuele 12:1-14; Pesalema 51.
Lekawana la kwa Australia le le bidiwang Wade le ne le nwa bojalwa thata mme le dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, le betšha e bile le dira boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a bona boitumelo. Letsatsi lengwe o ile a nna le motlotlo le Basupi ba ga Jehofa mme a amogela thuto ya mahala ya Baebele. Ke eng se Wade a se ithutileng?
Wade a re: “Ke ne ka kgatlhiwa thata ke tsela e Jesu a neng a tshwara batho ba bangwe ka yone. O ne a le pelonomi, a le kutlwelobotlhoko, mme a le lorato mo go botlhe go akaretsa le bana. Fa ke ntse ke ithuta mo go oketsegileng ke ne ke batla go dira mo go oketsegileng gore ke tshwane le ene. Baebele e nthutile tsela ya go nna monna wa mmatota le gore nka tokafatsa jang botho jwa me.” Mme go tweng ka dilo tsotlhe tse di bosula tse a ileng a di dira? Wade o a tswelela: “Baebele e nthutile gore fa ke ikwatlhaela maleo a me mme ke fetola boitsholo jwa me, Modimo o tla intshwarela. Tota e bile ke tla nna mo lefatsheng la paradaise Mathaio 5:5) Wade o baakantse botshelo jwa gagwe mme gone jaanong o obamela Jehofa ka segakolodi se se phepa.
ka bo sa khutleng. Jaanong ke na le tsholofelo ka isagwe!” (Mafoko a o fetsang go a bala ke a batho ba ba neng ba batla go fetola matshelo a bone. Ba ile ba sekaseka Baebele go bona fa e le gore dithuto tsa yone di ka ba thusa mo mathateng a bone le go araba dipotso tsa bone. Matswela a a molemo a ba nnileng le one a ba tlhatswitse pelo gore ba ka ikanya kaelo e e mosola ya Baebele. Le wena o ka solegelwa molemo.
Mafoko a bogologolo a a tlhotlheleditsweng a balega jaana: “Go itumela motho yo o boneng botlhale, le motho yo o nnang le temogo, gonne go nna le jone e le papadi go botoka go na le go nna le selefera e le papadi mme go nna le jone e le kungo go botoka go na le gouta ka boyone. Bo tlhwatlhwakgolo go feta dikorale, mme dilo tse dingwe tsotlhe tse di go itumedisang ga di ka ke tsa lekanngwa le jone. Boleele jwa malatsi bo mo seatleng sa jone sa moja; mo seatleng sa jone sa molema go na le dikhumo le kgalalelo. Ditselana tsa jone ke ditselana tsa monate, mme ditsela tsotlhe tsa jone ke kagiso. Ke setlhare sa botshelo mo go ba ba bo tshwarang, mme ba ba bo ngangatlelang ba tla bidiwa ba ba itumetseng.”—Diane 3:13-18.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]
Kafa Baebele E Thusitseng Legolegwa Ka Gone
Monna yo o bidiwang Bill o ne a le mo lenyalong le le itumetseng. Pele a fetsa ngwaga mo lenyalong la gagwe, o ile a ya kgolegelong ka ntlha ya tlolomolao e a neng a e dirile dingwaga pelenyana ga foo.
Fa kutlobotlhoko ya go latlhegelwa ke kgololesego ya gagwe e sena go kokobela, Bill o ile a dira tshwetso ya gore a tshele malatsi ao a gagwe a maleele kwa kgolegelong ka tsela e e molemo. A re: “Ke ne ke nna mo bolaong jwa me jo bosesane mme ke bala le go ithuta Baebele.” Mme gape o ne a dirisa se a neng a se ithuta. A re: “Ke ne ke le pelonomi le botsalano mo bagolegweng ba bangwe, ba ba neng ba bona gore ga ke batle go dira dilo tse di bosula tse ba neng ba di dira. Ba ne ba tle ba re: ‘Bill o batla go dirisa nako ya gagwe a le mo kgolegelong ka botlalo ka go ithuta ka Modimo le ka Baebele. A ka se ka a utlwisa ope botlhoko.’
“Ka ntlha ya tsela e ke neng ke itsege ka yone, bagolegwa ba bangwe ba ne ba sa ntsenye mo dikganetsanong le mo maemong a mangwe a a neng a sa itumedise. Balebedi ba kgolegelo ba ne ba bona gore ke ne nka se bake mathata. Ba ile ba feleletsa ba mpuelela gore ke dire ditiro tse di neng di ntetla go bereka kgakala le setlhopha sa bagolegwa mo e batlang e nna letsatsi lotlhe. Go dirisa Baebele mo botshelong jwa me e ne e le tshireletso tota.”
Bill o ne a nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa tse di neng di tshwarelwa kwa kgolegelong mme e bile o ne a bolelela bagolegwa mmogo le ene ka se a neng a se ithuta. O ile a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa fa a ntse a le kwa kgolegelong. O ikgakolola jaana: “Ke ne ke sentse mo e ka nnang dingwaga tse 50 tsa botshelo jwa me, mme ke ne ke batla go dira diphetogo. Ke tlhatswegile pelo gore tsela e le nngwe fela e legolegwa le ka dirang seo ka yone ke ka go dirisa dithuto tsa Baebele. Mme tsela ya go ithuta Baebele sentle ke ka go ithuta yone le Basupi ba ga Jehofa. Bodumedi jwa bone ke jone fela bo rutang boammaaruri jwa Baebele. Go ntse fela jalo.”
Gone jaanong Bill o tswile kwa kgolegelong mme o direla ka matlhagatlhaga mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa kwa United States. Ene le mosadi wa gagwe ba tswelela pele ba ithuta Baebele le go tshela go dumalana le dithuto tsa yone. Ba lemoga boammaaruri jwa mafoko a a fitlhelwang mo go Isaia 48:17, 18: “Nna, Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Karen, U.S.A.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Angela, Romania
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Dhiraj, India
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Gabriel, India
[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Philip le lelapa la gagwe, Afrika Borwa
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Wade, Australia