Ditiragalo Tsa Lefatshe
Ditiragalo Tsa Lefatshe
▪ Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e gone ka dipuo tse 43 le ka Mekwalo e 3 ya Difofu; Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika e gone ka dipuo tse dingwe tse di oketsegileng di le 18 le ka Mokwalo wa Difofu o le mongwe. Fa e sa le go tloga ka July 2007, go ile ga gatisiwa dikhopi tse 143 458 577.
▪ Mokwalo wa bogologolo thata wa Baebele o o itsegeng ke o o bidiwang Priestly Blessing wa Dipalo 6:24-26. O ne wa fitlhelwa o gabilwe mo mereong e mebedi ya selefera, o menilwe jaaka memeno, ke wa mo bofelong jwa lekgolo la bosupa kgotsa la borataro la dingwaga B.C.E.—BIBLICAL ARCHAEOLOGY REVIEW, U.S.A.
▪ Fa e sale go simolola ka December 31, 2006, palo ya dipuo le maleme a e leng gore kgatiso ya buka e le nngwe ya Baebele e kwadisitswe ka one e ne e le 2 426—e leng koketsego ya a le 23 go feta ngwaga o o fetileng.—UNITED BIBLE SOCIETIES, BRITAIN.
Baebele ya Bogologolo Thata ya kwa China?
Mokanoki Yiyi Chen, wa Yunibesithi ya Peking, a re: “Rekoto ya bogologolo tala ya Baebele ya Sehebera e e ranoletsweng mo puong ya Se-China e ne ya bonwa mo letlapeng le le gabilweng [kafa molemeng] ya ngwaga wa 781 C.E.” Letlapa leno le le neng le tlhomilwe ke Bakeresete ba Ba-Nestoria, le ne la bonwa ka 1625 mo toropong ya Xi’an. Chen o tlhalosa gore, “leina la Ba-China la letlapana leno le le gabilweng le ne pele le ranotswe ka gore ke ‘Segopotso sa Maaka a a neng a Anamisiwa kwa China ke Bodumedi jo bo Galalelang go tswa go Daqin’ (. . . Daqin ke lefoko la Se-China le le rayang Mmusomogolo wa Roma). Gareng ga mafoko mangwe mo letlapeng leno, re fitlhetse mafoko a a tshwanang le ‘lenaane la dibuka tsa Baebele tse di amogelwang jaaka Dikwalo Tse di Boitshepo’ le ‘go ranola Baebele.’”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]
© Réunion des Musées Nationaux/Art Resource
Letlotlo le le Tswang mo Ditsobotleng
Ka 2006, badiri ba ba neng ba epa mo ditsobotleng kwa Ireland ba ne ba epolola buka ya Dipesalema, e go akanngwang gore ke ya lekgolo la borobedi la dingwaga C.E. Buka eo ya mokwalo wa seatla wa Selatine, e e leng nngwe ya di le mmalwa e e falotseng mo metlheng ya yone, e tlhalosiwa e le letlotlo. Letlalo la go kwalela le le nonofileng la ditsebe tse 100, moroko wa tsone wa ntlhantlha, ke wa boleng jo bo kwa godimo. The Times ya kwa Lontone ya re: “Masalela a kgetsana ya matlhatlhaganyane a mmetshe le letlalo le le fitlhang dilo, a supa gore dipesalema tseno di ne di fitlhilwe ka boomo, gongwe e le gore magodu a lewatle a se ka a di bona fa ba ntse ba gapa dilo dingwaga tse 1 200 tse di fetileng.” Le fa ditsebe tsa mokwalo ono di kitlane e bile di batla di bodile go se kae, bomankge ba tshepa gore ba tla kgona go di aroganya le go di boloka.
Mokoa wa Tshedimosetso ya Hisitori
Go bolelwa gore fa baithutamarope ba ntse ba fefera mmu o o tswang mo lefelong le tempele ya Jerusalema e neng e le mo go lone, ba ne ba kgobokanya dilo tse dintsintsi tsa bogologolo tsa pele ga motlha wa Baiseraele go tla go fitlha mo motlheng wa rona. Mo gare ga tsone go ne go na le tlhogo ya lerumo le le neng le dirisiwa ke masole a ga Nebukadenesare, a a neng a senya tempele ya Bajuda mo lefelong leo. Sengwe se se kgatlhang se se ileng sa fitlhelwa ke sekano sa letsopa sa lekgolo la bo supa kgotsa la borataro la dingwaga B.C.E., se go bolelwang fa se na le leina la Sehebera Gedalyahu Ben Immer Ha-Cohen. Go ya ka moithutamarope Gabriel Barkai, mong wa sone “e ka tswa e le morwarragwe Pashur Ben Immer, yo go buiwang ka ene mo Baebeleng [Jeremia 20:1] gore e ne e le moperesiti le molaodi mo tempeleng.”