A Loso Tota ke Bokhutlo?
A Loso Tota ke Bokhutlo?
GO KA direga gore ga go na kgang e nngwe e e raraaneng e bile e nna e bodiwa gangwe le gape jaaka potso ya gore go diragala eng morago ga loso. Ka dingwagangwaga, batho ba ba botlhale thata mo setšhabeng sengwe le sengwe ba ile ba sekaseka potso eno. Mme filosofi ya batho le dipatlisiso tsa saense di ile tsa tlhagisa fela dikgopolo le mainane a a farologaneng.
Go tweng ka dithuto tse di fitlhelwang mo Baebeleng? Bangwe ba ka nna ba bolela gore fa go tla mo kgannyeng ya loso le botshelo morago ga loso, Baebele le yone e tlhakanya batho tlhogo. Le fa go ntse jalo, fa e le gore tota re batla go bua boammaaruri, re tshwanetse ra dumela gore tlhakatlhakano e e leng teng e bakilwe ke madumedi a le mantsi a a ileng a tlhakatlhakanya dithuto tsa Baebele tse di phepafetseng ka maaka le ka mainane. Fa o ka itlhokomolosa dingwao le mainane mme o latela se Baebele tota e se buang, o tla lemoga thuto e e nang le tlhaloganyo le e e go nayang tsholofelo.
Se o Neng o le Sone Pele o Nna Teng
Ka sekai, akanya ka ditlhaloso tse pedi tsa ga Kgosi Solomone tse di mo setlhogong se se fetileng. Ditemana tseo di tlhalosa sentle gore baswi—diphologolo le batho—ga ba utlwe sepe. Ka jalo, go ya ka Baebele, ga go na tiro, boikutlo, kakanyo epe fa motho a swa.—Moreri 9:5, 6, 10.
A go thata go dumela seno? Akanya ka seno: Seemo sa motho se ntse jang pele ga a nna teng? O ne o le kae pele ga disele tsa batsadi ba gago tse dinnye di kopana gore o nne motho yo o tshelang? Fa e le gore batho ba na le sengwe se se tswelelang se tshela fa ba sena go swa, selo seo se ne se le kae pele ga ba bopega? Boammaaruri ke gore, ga go na sepe se o se gakologelwang ka nako ya pele ga o nna motho. Pele ga o ka imiwa, o ne o seyo. Go felela foo.
Ka jalo, go a utlwala go swetsa ka gore fa re swa, re boela gape mo boemong jo re neng re le mo go jone pele ga re tshela. Go ntse jaaka Modimo a ne a raya Adame fa a sena go tlola ditaelo tsa gagwe a re: “Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:9) Ka tsela eo, batho ga ba farologane le diphologolo. Malebana le seemo sa baswi, go ntse fela jaaka Baebele e bolela e re: “Motho ga a na tlotlomalo go feta phologolo.”—Moreri 3:19, 20.
A seno se raya gore batho ba tshela masome a se kae a dingwaga mme morago ga foo ba bo ba
sa tlhole ba nna teng go ya go ile? Kgotsa a baswi ba na le tsholofelo? Sekaseka se se latelang.Keletso ya Tlholego ya go Batla go Tshela
Mo e ka nnang mongwe le mongwe o tsaya loso e le kgang e e sa itumediseng. Go bonala fa batho ba bantsi ba tila segolobogolo go bua ka go swa ga bone ka namana kgotsa le e leng go akanya ka gone. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba tlhaselwa ke ditshwantsho tsa thelebishene le tsa dibaesekopo tse di bontshang batho ba ba swang ka ditsela tse dintsi le ke dikgang le ditshwantsho tsa batho ba mmatota ba ba suleng tse di bontshiwang mo dikgannyeng.
Ka ntlha ya seo, go swa ga batho ba re sa ba itseng go ka nna ga bonala e le selo se se tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, fa mongwe yo re mo ratang a swa kgotsa rona ka borona re lebane le loso, ga go bonale e le selo se se tlwaelegileng. Go ntse jalo ka gonne batho ba na le keletso e ba tshotsweng ka yone ya go batla go tshela. Mme gape re nna re akantse ka bosakhutleng. Kgosi Solomone o ne a re Modimo “o tlhomile bosakhutleng mo dipelong tsa [batho].” (Moreri 3:11 Baebele e e Boitshepo.) Ga go na bosupi bope jwa gore diphologolo di na le keletso e e ntseng jalo. Di tshela fela di sa akanye sepe ka isagwe.
Dilo Tse Dintsi Tse Batho Ba ka di Fitlhelelang
Batho ga ba eletse fela go tshelela ruri mme gape ba ka kgona go nna ba ntse ba tshwaregile le go dira dilo ka bosakhutleng. Go bonala go se na fa bokgoni jwa batho jwa go ithuta bo felelang teng. Go ile ga bolelwa gore ga go na sepe se se tshwanang le boboko jwa motho fa go tla mo kgannyeng ya go raraana ga jone le go kgona go fetoga le maemo. Go farologana le diphologolo, re na le megopolo e e kgonang go akanyetsa dilo le go tlhaloganya dilo tse di sa bonaleng. Baitsesaense ba itse go le gonnye fela malebana le se boboko jwa motho bo ka se kgonang.
Bokgoni joo bo nna bo ntse bo le teng fa re ntse re gola. Bosheng jaana baithuti ba boboko ba ile ba ithuta gore karolo e ntsi ya boboko ga e senyege fa motho a ntse a tsofala. Babatlisisi ba ba direlang Setheo sa Franklin sa Dithuto tse Disha mo go tsa Saense ba re: “Boboko jwa motho bo kgona go nna bo intšhafatsa. Tota le fa motho a tsofetse, bo kgona go dira gore go nne le dinyurone tse disha. Go latlhegelwa ke tlhaloganyo gantsi go bakiwa ke bolwetse, mme go lebala le go sa dire ga dinyurone tse di tsamaisang mesifa gantsi go bakiwa ke go sa dirise tlhaloganyo.”
Ka mafoko a mangwe, fa re nna re dirisa boboko le go dira gore bo se ka jwa tsenwa ke bolwetse, bo tla bereka go ya go ile. Moitsethutotshelo wa dimolekhule e bong James Watson a re: “Boboko, ke selo se se raraaneng thata go gaisa dilo tsotlhe mo lobopong la rona tse go kileng ga ithutiwa ka tsone.” Buka nngwe e e kwadilweng ke moitse wa dinyurone e bong Gerald Edelman e tlhalosa gore karolo nngwe ya boboko e e lekanang le tlhogwana ya mokgwaro “e na le ditshika tse dinnye tse di momaganeng tse di ka nnang dibilione, tse di kopanang ka tsela e go ka tweng ke e e ka se kang ya lekanngwa—e leng palo ya lesome e latelwa ke bolefela ba le dimilionemilione.”
A mme go bonala go utlwala gore le fa batho ba na le bokgoni jo bo kana kana, ba tshele fela masome a se kae a dingwaga? Ga go utlwale fela jaaka go sa utlwale go dirisa terena e kgolo e e nang le mokoloko o moleele wa dikolotsana tse di rwalang morwalo go tsamaisa dikarolwana tse dinnye thata tsa motlhaba go ralala bokgakala jwa disentimetara di le mmalwa! Ka jalo he, ke ka ntlha yang fa batho ba na le bokgoni jo bo kana kana jwa go akanya le go ithuta? A e ka tswa e le gore batho, go farologana le diphologolo ga ba a tshwanela go swa gotlhelele—gore ba ne ba bopetswe go tshelela ruri?
Tsholofelo E re E Newang ke Mmopi
Lebaka la go bo re na le keletso ya go batla go tshelela ruri le bokgoni jo bogolo jwa go ithuta le
dira gore re swetse ka gore: Batho ba bopetswe gore ba tshele nako e telele go feta dingwaga di le 70 kgotsa 80 fela. Mme seno ka bosone se dira gore re swetse gore: Go tshwanetse ga bo go na le Motlhodi, Mmopi, le Modimo. Melao e e sa fetogeng ya lobopo le tsela e botshelo bo raraaneng thata ka yone mo lefatsheng e neela bosupi jo bo nonofileng jwa gore go na le Mmopi.Fa e le gore tota Modimo o re bopile re na le bokgoni jwa go ka tshelela ruri, ke ka ntlha yang fa re swa? Mme go diragala eng morago ga loso? A ke boikaelelo jwa Modimo go tsosa baswi? Go bonala go utlwala gore Modimo yo o maatla le yo o botlhale thata a re neele dikarabo tsa dipotso tseno mme e bile o dirile jalo. Akanya ka dintlha tse di latelang:
▪ Loso e ne e se boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho. Go umakiwa ga ntlha ga loso mo Baebeleng go bontsha gore e ne e se boikaelelo jwa Modimo kwa tshimologong gore batho ba swe. Pego ya Baebele ya Genesise e tlhalosa gore banyalani ba ntlha e bong Adame le Efa ba ne ba na le tshono ya gore ba bontshe lorato le boikanyegi jwa bone, Modimo o ile a ba beela teko e e motlhofo. E ne e le ya go ba thibela gore ba se ka ba ja ga setlhare se se rileng. Modimo o ne a re: “Ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:17) Adame le Efa ba ne ba tla swa fela fa ba tsuologa, mme ka go dira jalo ba palelwe ke go fenya teko. Pego ya Baebele e bontsha gore ga ba a ka ba ikanyega mo Modimong mme ka ntlha ya seo ba ne ba swa. Ka tsela eno, go sa itekanelang le loso di ne tsa tsena mo bathong.
▪ Baebele e tshwantsha loso le boroko. E bua ka go “robala mo losong.” (Pesalema 13:3) Pele ga Jesu a tsosa tsala ya gagwe e bong Lasaro, o ne a tlhalosetsa baaposetoloi ba gagwe jaana: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.” Mme Jesu o ne a mo tsosa tota! Baebele ya re fa a mmitsa “monna [Lasaro] yo o neng a sule a tswa” mo “lebitleng la kgakologelo”—a boa a tshela gape !—Johane 11:11, 38-44.
Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a re loso ke boroko? Ka gonne motho yo o robetseng ga a kgone go dira sepe. Fa motho a robetse boroko jo bo kwa teng, ga a itse sepe ka se se diragalang go
mo dikologa kgotsa ka go tsamaya ga nako. Ga a utlwe botlhoko e bile ga a boge. Ka mo go tshwanang, fa motho a sule, ga a kgone go dira sepe e bile ga a utlwe sepe. Mme papiso eno e tswelela pele. Fa motho a robetse, o lebeletse gore a boe a tsoge. Mme ke yone tsholofelo e Baebele e e neelang batho ba ba suleng.Mmopi ka boene o solofetsa jaana: “Ke tla ba golola mo seatleng sa Sheole; ke tla ba golola mo losong. Mabolela a gago a kae, wena Loso? Tshenyo ya gago e kae, wena Sheole?” (Hosea 13:14) Boporofeti jo bongwe bo bolela gore “ruri [Modimo] o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” (Isaia 25:8) Tiro eno ya go dira gore baswi ba boe ba tshele gape e bidiwa tsogo.
▪ Batho ba ba tsositsweng ba tla nna kae? Jaaka go tlhalositswe pelenyana, ka tlholego batho ba na le keletso ya go tshelela ruri. Wena o ka rata go tshelela ruri kae? A o tla itumela go itse gore morago ga loso o tla nna o tshela o le karolo ya maatla a a sa bonaleng mo lobopong, jaaka madumedi mangwe a ruta? A o ka rata go tshela o le motho o sele, o sa gakologelwe sepe ka dilo tsa pele ga o swa? A o ka rata go boa o tshela gape o le phologolo kgotsa setlhare? Fa go ne go ka twe o tlhophe, a tota o ne o tla batla go tshela mo lefatsheng le le se nang sepe sa dilo tse o di tlwaetseng tse o di ratang?
Mo maemong a a siameng, a o ne o ka rata go tshela mo lefatsheng la paradaise? Ke yone tsholofelo e Baebele e re neelang, gore re tla tshelela ruri gone mo lefatsheng. Modimo o ile a bopa lefatshe ka boikaelelo—gore le agiwe ke batho ba ba tla mo ratang e bile ba mo direla go ya go ile ka boitumelo. Ke ka lebaka leo Baebele e reng: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29; Isaia 45:18; 65:21-24.
▪ Tsogo ya baswi e tla diragala leng? Lebaka la go bo loso lo tshwantshiwa le boroko le bontsha gore gantsi go tsosiwa ga baswi ga go diragale ka bonako morago ga loso. Go tla nna le nako ya go “robala” mo gare ga nako ya loso le go tsosiwa ga baswi. Mo Baebeleng, monna mongwe yo o bidiwang Jobe o ne a botsa potso eno: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape?” Mme a e araba ka gore: “Ke tla leta [mo lebitleng] . . . , go fitlha kgololo ya me e tla. [Modimo] o tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla araba.” (Jobe 14:14, 15) A bo go tla itumedisa jang fa nako eo e tla mme baswi ba boa ba kopana le baratiwa ba bone!
Ga o Tlhoke go Nna le Poifo e e Feteletseng
Gone ke boammaaruri gore ga go reye gore tsholofelo e Baebele e re e nayang e tlosa poifo yotlhe ka loso. Ke ga tlholego gore o ikutlwe o boifa go akanya ka botlhoko le go ngomoga pelo tse di nnang teng ka ntlha ya loso. Go a utlwala gore o ka boifa go latlhegelwa ke mongwe yo o mo ratang ka ntlha ya loso. Mme fa o boifa go lebana le ditlamorago tse di hutsafatsang tse loso lwa gago lo tla nnang le tsone mo bathong ba o ba ratang, le gone ke ga tlholego.
Le fa go ntse jalo, ka go tlhalosa seemo se tota baswi ba leng mo go sone, Baebele e re thusa go tlosa poifo e e feteletseng ka loso. Ga re tlhoke go boifa go tlhokofadiwa ke badimona mo diheleng tse di tukang mo botshelong jwa morago ga loso. E bile ga o tlhoke go boifa lefelo le le lefifi le meya e kgarakgatshegang mo go lone go ya go ile. Ga o tlhoke go boifa gore se batho ba ka se letelang fela mo isagweng ke boemo jwa go sa tlhole ba le teng. Ka ntlha yang? Ka gonne mogopolo wa Modimo o gakologelwa dilo tse dintsintsi mme o solofetsa gore o tla tsosa baswi ba ba mo kgopolong ya gagwe gore ba boe ba tshele mo lefatsheng. Baebele e re tlhomamisetsa ka mafoko ano: “Modimo wa boammaaruri mo go rona ke Modimo wa ditiro tsa poloko; mme ditsela tsa go tswa mo losong ke tsa Morena Molaodimogolo Jehofa.”—Pesalema 68:20.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
“Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.”—Genesise 3:19
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
“[Modimo] o tlhomile bosakhutleng mo dipelong tsa [batho].”—Moreri 3:11, Baebele e e Boitshepo
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]
DIPOTSO TSA GAGO MALEBANA LE LOSO DI A ARABIWA
Gone ke boammaaruri gore go na le dipotso tse di malebana le loso tse di sa arabiwang mo ditlhogong tseno. Ba le bantsi ba ile ba bona dikarabo tse di kgotsofatsang malebana le dipotso tseo ka go ithuta Baebele ka kelotlhoko le Basupi ba ga Jehofa. Re go kgothaletsa gore le wena o dire jalo. Fa tlase fano ke di le mmalwa fela tsa dipotso tse o tla bonang dikarabo tsa tsone:
▪ Mafoko a a mo Baebeleng a a reng “dihele” le “bodiba jwa molelo” a kaya eng?
▪ Fa e le gore ga go na molelo wa dihele, batho ba ba bosula ba tla otlhaiwa jang?
▪ Go ya ka Baebele, fa motho a swa moya (spirit) o tswa mo mmeleng. Moya oo ke eng?
▪ Ke ka ntlha yang fa go na le dipego tse dintsi jaana tse di malebana le batho ba ba buisanang le baswi?
▪ Lefoko “moya” (soul) mo Baebeleng le kaya eng?
▪ Go tsoga ga baswi ba tsogela mo lefatsheng la paradaise go tla diragala leng?
▪ A botlhe ba ba swang ba tla tsosiwa go sa kgathalesege gore ba ne ba itshwere jang fa ba ne ba tshela?
Tsweetswee bona tsebe e e kafa morago ga makasine ono mme o utlwe gore o ka bona jang karabo e e tlhamaletseng e e theilweng mo Baebeleng ya dipotso tseno.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Jesu o ne a re o tla “tsosa [Lasaro] mo borokong”
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Akanya fela ka boitumelo jo bo tla nnang teng fa batho ba ba suleng ba re ba ratang ba tsosiwa!