Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Leina la Modimo le Itsisitsweng ka Teng

Kafa Leina la Modimo le Itsisitsweng ka Teng

Kafa Leina la Modimo le Itsisitsweng ka Teng

MOPESALEMA Dafide o ne a opela jaana: “Ke tla baka leina la Modimo ka pina.” Dafide o ne a itse leina la Modimo mme o ne a bolela jaana mo pineng nngwe: “A go bakwe Jehofa . . . A go bakwe leina la gagwe le le galalelang.” (Pesalema 69:30; 72:18, 19) Tsela e e tlwaelegileng e leina la Modimo le kwadiwang ka yone mo Setswaneng ke Jehofa, e leng leina le le ranotsweng go tswa mo Sehebereng e leng יהוה le le tlhagang ka makgetlho a le 7 000 mo Baebeleng.

Mo makgolong a bosheng jaana a dingwaga leina la Modimo le ile la dirisiwa mo mafelong a le mantsi kwantle ga mo Baebeleng. Ka sekai, mafoko a Selatine a a reng “Benedictus Sit Iehova Deus,”  a a rayang gore “A Jehofa Modimo a Bakwe,” a fitlhelwa mo mading a tshipi a gouta a a neng a dirwa dingwaga di le dintsi tse di fetileng kwa Switzerland [1]. Tota e bile, mo dingwageng tse lekgolo tse di fetileng, leina la Modimo ka Sehebera le ka Selatine le ile la tlhaga mo mefuteng e mentsi ya madi a tshipi, mo diphaphatshaneng tsa tshipi tse di neng di dirisiwa jaaka madi, mo dimetleleng le mo di-jeton (tse di dirisiwang mo boemong jwa madi a tshipi).

Ke dilo dife tse di dirileng gore leina la Modimo le dirisiwe thata jaana tse dikai dingwe tsa tsone di ka bonwang mo tsebeng eno le mo go e e latelang?

Ke ka Ntlha Yang Fa go Ne go Dirisiwa Leina la Modimo?

Go tloga ka lekgolo la bo16 la dingwaga, go ile ga nna le dintwa tsa bodumedi fa gare ga Bakatoliki ba Roma le Balweladiphetogo ba Baporotesetanta go ralala Yuropa Bophirima. Batho ba dikgaolo di le mmalwa tsa Spain ba ile ba tlogela Kereke ya Katoliki ya Roma, e e neng e le yone bodumedi jo bogolo mme ba tlhopha go ya kwa Kerekeng ya Reformed. Seno se ne sa dira gore go nne le ntwa ya bodumedi ya selegae. Madi a tshipi le ditshwantsho tse di neng di le mo go one di ne di na le molaetsa wa gore Modimo o tshegetsa matlhakore oomabedi.

Kafa Leina la Modimo le Ileng la Dirisiwa ka Teng

Batho ba ba setang ditlhaka ba ne ba dirisa dirisiwa dingwe tsa tshipi tse di gabang go gaba leina Jehofa le kwadilwe ka ditlhaka tse nnè tsa Sehebera tse di itsegeng e le Thaterakeramatone. Ditlhaka tseno di kwalololwa mo Seesemaneng e le JHVH kgotsa YHWH. Gantsi, bagabi le batho ka kakaretso ba ne ba sa kgone go bala Sehebera. Ka jalo, fa Thaterakeramatone e kwalololwa gantsintsi, ditlhaka tse nnè tsa Sehebera tsa leina la Modimo di ne tsa kwalwa ka ditsela tse di farologaneng.

Ba-Sweden ba ne ba dira madi a tshipi a a nang le leina la Modimo mo e ka nnang ka ngwaga wa 1568 [2], mme Ba-Scotland bone ba ne ba a dira mo e ka nnang ka 1591. Mo e ka nnang ka dingwaga tsa bo1600, Kgosi ya kwa Sweden e bong Charles IX o ne a kwala leina la Modimo—le le peletilweng ka ditsela tse di farologaneng tse di jaaka Ihehova, Iehova le Iehovah—mo mading a tshipi [3]. O ne a dira gore go dirwe mofuta o mongwe wa madi ka gouta—e le mokgabiso o montle thata o o neng o ja madi a a kana ka tuelo ya dikgwedi tse nnè tsa motho yo o berekang ka diatla!

Go na le madi a tshipi a le 60 a a farologaneng a a bidiwang madi a ga Jehofa, a a itsegeng go tloga ka nako ya ga Christian IV, e leng kgosi ya kwa Denmark le Norway, yo o neng a busa go tloga ka 1588 go ya go 1648. Mo e ka nnang mo bogareng jwa lekgolo la bo17 la dingwaga, “madi a tshipi a ga Jehofa” a ne a dirwa gape le kwa Poland le Switzerland mme a ile a dirwa le kwa Jeremane.

Madi a tshipi a a ntseng jalo a ile a anama ka nako ya Ntwa ya Dingwaga di le Masomeamararo, e e neng e lowa kwa Yuropa go tloga ka 1618 go ya go 1648 e le ntwa e e simolotseng e le ya bodumedi. Morago ga go fenya Ntwa ya kwa Breitenfeld ka 1631, Kgosi ya kwa Sweden e bong Gustav II Adolph o ne a dira gore go dirwe madi a tshipi a a nang le Thaterakeramatone [4]. Madi ano a ne a dirwa kwa ditoropong tse di jaaka Erfurt, Fürth, Mainz le Würzburg. Mo e ka nnang ka nako e e tshwanang, dikgosana tse e neng e le ditsala tsa kgosi ya kwa Sweden le tsone di ile tsa simolola go dira madi a tshipi a a nang le leina la Modimo.

Dingwaga tse di ka nnang 150 morago ga Ntwa ya Dingwaga di le Masomeamararo e sena go fela, leina la Modimo le ne la tswelela le ntse le tlhaga mo mading a tshipi, mo dimetleleng, le mo diphaphatshaneng tse di neng di dirisiwa jaaka madi. Dingwe tsa dinaga tse di neng di dira madi ano e ne e le Austria, Fora, Mexico le Russia. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang mo masimologong a lekgolo la bo18 la dingwaga, leina la Modimo le ne le sa tlhole le dirisiwa thata. Kgabagare, le ile la nyelela gotlhelele le sa tlhole le dirisiwa mo mading.

Go Itsise Leina la Modimo

Le fa gone leina la Modimo le seyo mo mading a a dirisiwang gompieno, le itsisiwe gongwe le gongwe. Modimo ga a bolo go tlhopha batho ba ba tla mo direlang mme a ba raya a re: “Lo basupi ba me,. . . mme ke nna Modimo.” (Isaia 43:12) Ga go na madi a tshipi ape a a ka kgonang go diragatsa seabe se se botlhokwa seno. Tota e bile, batho ba ba ileng ba dirisa leina la Modimo mo mading a bone, ba ile ba neela bosupi jo bo seng boammaaruri ka ene, ka gonne ba ne ba bolela gore o ba tshegetsa mo dintweng tsa bone tse di setlhogo. Le fa go ntse jalo, gompieno, go na le batho bangwe ba ba itsiseng leina la Modimo ka tsela e a e amogelang.

Basupi ba ga Jehofa ba go kgothaletsa gore o ithute mo go oketsegileng ka Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa le gore leina la gagwe le kaya eng. Mopesalema mongwe wa Baebele o ne a bolela jaana ka ene: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) Go botlhokwa go itse Jehofa, jaaka Morwawe yo o rategang a ile a bontsha fa a ne a rapela a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Didirisiwa tsa batho ba ba setang tse ba dirang madi a tshipi ka tsone

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Coin 1 and tools: Hans-Peter-Marquardt.net; coin 2: Mit freundlicher Genehmigung Sammlung Julius Hagander

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

Madi a tshipi a boraro le a bonè: Mit freundlicher Genehmigung Sammlung Julius Hagander