Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Tlhokomela Tikologo ya Lefatshe?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Tlhokomela Tikologo ya Lefatshe?

Baebele ya Reng

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Tlhokomela Tikologo ya Lefatshe?

GONE jaanong dilo tse batho ba di dirang di ka tswa di senya boitekanelo jwa polanete ya rona go feta le fa e le leng mo hisitoring. Fa matshosetsi a mathata a a jaaka go gotela thata ga lefatshe a ntse a gola, borasaense, dipuso, le madirelo a ntse a oketsa maiteko a one a go leka go tsaya kgato.

A mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo jwa go tlhokomela tikologo? Fa e le gore go ntse jalo, re ka dira jalo ka selekanyo se se kana kang? Baebele e re naya mabaka a a utlwalang a go dira dilo ka tsela e e ka solegelang lefatshe molemo. Gape e re thusa go nna tekatekano mo maitekong a re a dirang.

Go Ema Boikaelelo Jwa Mmopi wa Rona Nokeng

Jehofa Modimo o dirile lefatshe gore e nne legae la motho la sekatshingwana. O ne a bolela fa tiro yotlhe ya gagwe e le “molemo tota” mme a abela batho boikarabelo jwa go ‘lema lefatshe le go le tlhokomela.’ (Genesise 1:28, 31; 2:15) Modimo o ikutlwa jang ka seemo se lefatshe le leng mo go sone gompieno? Kwantle ga pelaelo, o utlwisiwa botlhoko thata ke fa batho ba sa tlhokomele lefatshe sentle, ka gonne Tshenolo 11:18 e bolelela pele gore o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” Ka jalo ga re a tshwanela go itlhokomolosa se se diragalelang lefatshe.

Baebele e re tlhomamisetsa gore tshenyo nngwe le nngwe e batho ba e dirileng e tla baakanngwa fa Modimo a ‘dira dilo tsotlhe disha.’ (Tshenolo 21:5) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go akanya gore e re ka Modimo a tla baakanya lefatshe mo tsamaong ya nako, tsela e re dirang dilo ka yone ga e botlhokwa. E botlhokwa! Re ka bontsha jang gore re leba polanete eno ya rona ka tsela e Modimo a e lebang ka yone le gore re ema nokeng boikaelelo jwa gagwe jwa go e dira paradaise?

Go Nna le Seabe mo go Bolokeng Lefatshe le le Phepa

Ditiro tse batho ba di dirang letsatsi le letsatsi di dira gore go nne le selekanyo se se rileng sa leswe. Ka botlhale Jehofa o dirile gore lefatshe le nne le medikologo ya tlholego go tlosa leswe leo, go phepafatsa mowa, metsi, le mmu. (Diane 3:19) Tsela e re dirang dilo ka yone e tshwanetse go tsamaisana le dithulaganyo tseo. Ka jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra nna le seabe mo go oketseng mathata a tikologo ya lefatshe. Go nna kelotlhoko ka tsela e ntseng jalo go bontsha gore re rata baagelani ba rona jaaka re ithata. (Mareko 12:31) Akanya ka sekai se se kgatlhang sa motlha wa Baebele.

Modimo o ne a laela setšhaba sa Iseraele go epela mantle “kwa ntle ga bothibelelo.” (Duteronome 23:12, 13) Seno se ne se dira gore bothibelelo bo nne bo le phepa mme gape se ne se bodisa leswe ka bonako. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ba leka ka natla go tlosa matlakala le leswe ka bonako le ka tsela e e tshwanetseng. Re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re latlha dilo tse di botlhole.

Bontsi jwa dilo tse di latlhiwang di ka ntšhafadiwa mme tsa boa tsa dirisiwa gape. Fa puso e beile melao ya gore go nne le thulaganyo eo ya go boa go dirisiwa dilo tse di latlhiwang gape, go e ikobela go tla bo go bontsha gore re naya “Kaesare dilo tsa ga Kaesare.” (Mathaio 22:21) Thulaganyo eno e ka tlhoka motho matsapa a magolo, mme le fa go ntse jalo e bontsha gore re batla go boloka lefatshe le le phepa.

Go Somarela Dilo Tsa Tlholego Tsa Lefatshe

Gore re nne le dijo, matlo le lookwane mme re tswelele re tshela, re tshwanetse go dirisa dilo tsa tlholego. Tsela e re dirisang dilo tseo ka yone e supa gore a re di tsaya e le dimpho tse di tswang kwa Modimong kana nnyaa. Fa Baiseraele ba ne ba eletsa go ja nama kwa nageng, Jehofa o ne a ba naya makwetekwio a mantsi. Bopelotshetlha bo ne jwa dira gore ba se ka ba dirisa mpho eo sentle, mme ba galefisa Jehofa Modimo thata. (Dipalo 11:31-33) Modimo ga a ise a fetoge fa e sale ka nako eo. Ka jalo, Bakeresete ba ba kelotlhoko ba tila tshenyo e e sa tlhokegeng, e e ka supang bopelotshetlha.

Bangwe ba ka tsaya gore go dirisa motlakase kana didirisiwa tse dingwe ka tsela e feteletseng ke tshwanelo ya bone. Mme gone dilo tsa tlholego ga di a tshwanela go senyakakwa fela ka ntlha ya gore re kgona go nna le tsone kana ka gonne di le dintsi. Morago ga gore Jesu a fepe boidiidi jwa batho ka kgakgamatso, o ne a laela gore tlhapi le senkgwe tse di setseng di kokoanngwe. (Johane 6:12) O ne a le kelotlhoko gore a se ka a senya se Rraagwe a neng a ba abetse sone.

Go Nna Tekatekano mo Maitekong a Rona

Letsatsi lengwe le lengwe re dira ditshwetso tse di amang tikologo. A jaanong re tshwanetse go feteletsa dilo ka go ikgogona mo setšhabeng ka gonne re batla go tila go dira ditiro tse di ka senyang lefatshe? Ga go na gope mo Baebele e laelang gore go dirwe jalo. Akanya ka sekai sa ga Jesu. Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a tshela botshelo jo bo tlwaelegileng mme seo se ne sa mo thusa go dira tiro ya go rera e a neng a e abetswe ke Modimo. (Luke 4:43) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a gana go tsenela dipolotiki e le tsela ya go rarabolola mathata a batho ba motlha wa gagwe. O ne a bua jaana a sa etsaetsege: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.”—Johane 18:36.

Le fa go ntse jalo, go tla bo go siame gore re akanyetse gore ditshwetso tse re di dirang mo dilong tse di jaaka didirisiwa tsa mo gae tse re di rekang, dipalangwa le boitlosobodutu, di ama tikologo jang. Ka sekai, bangwe ba tlhopha go reka dilo tse di dirilweng kgotsa tse di berekang ka tsela e e sa senyeng tikologo. Bangwe ba lwela go fokotsa ditiro tse di bakang kgotlhelo kana ba tila go dirisa dilo tsa tlholego ka tsela e e feteletseng go sa tlhokege.

Ga go tlhokege gore motho a pateletse batho ba bangwe go dira ditshwetso tse di tshwanang le tsa gagwe ka tikologo. Maemo a batho le a mafelo ga a tshwane. Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabela ka ditshwetso tse a di dirang. Jaaka Baebele e bolela, “mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.”—Bagalatia 6:5.

Mmopi o neile batho boikarabelo jwa go tlhokomela lefatshe. Go bontsha gore re anaanela kabelo eno le go tlotla Modimo le dilo tse a di dirileng go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re akanyetse ka kelotlhoko tsela e re tshwarang lefatshe ka yone.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ A Modimo o tla tsaya kgato go rarabolola mathata a tikologo ya lefatshe?—Tshenolo 11:18.

▪ Modimo o neile batho boikarabelo bofe ka lefatshe?—Genesise 1:28; 2:15.

▪ Jesu Keresete o ne a tlhoma sekao sefe sa go tila tshenyo?—Johane 6:12.