Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Basimane ba sa Nthate?

Ke ka Ntlha Yang fa Basimane ba sa Nthate?

Basha ba Botsa Jaana

Ke ka Ntlha Yang fa Basimane ba sa Nthate?

O a itse gore ke a ratega, ka gonne ke mmoleletse gore basimane ba bangwe ba a nthata. O ne a tshega fa ke ne ke mmolelela kafa dingwe tsa ditsala tsa me di sa tlhalefang ka teng. Mme o a itse gore ke botlhale—ke ile ka baakanya dilo di le mmalwa tse a neng a di bua. Ke ipotsa gore o tla nkopa leng go ikentsha le nna.

O montle mme o bonala a se botlhale! Ga ke ise ke nne le tshono ya go bua sepe. Mme fa ke bua, o baakanya se ke se buang! Ke ipotsa gore kgoro ya botso e kae.

A LE wena o tshwenyega ka gore basimane ga ba go kgatlhegele? Basetsana ba le bantsi ba tshwenyega ka seo, tota le ba o ka tswang o akanya gore ga ba na mathata! Ka sekai, akanya ka Joanne. O montle, o botlhale e bile ke kgeleke mo puong. Le fa go ntse jalo, a re: “Gantsi ke akanya gore basimane ga ba nthate. Ba le mmalwa ba ke neng ke ba rata ba ile ba nkgatlhegela ka nakwana mme moragonyana ba tlogela go bua le nna gotlhelele!”

Ke dilo dife tse basimane ba di ratang mo mosetsaneng? Ke dife tse ba sa di rateng? Kwantle ga gore o ikentshe seriti, o ka dira eng gore o ngoke kgatlhego ya lekawana le le tlotlegang?

Se o Ka se Dirang

Itse se se mo tlhaloganyong le mo pelong ya gago. O ka tswa o ile wa simolola go kgatlhegela basimane fela fa o sena go tsena mo dingwageng tsa diphetogo tsa bosha. O ka tswa o ile wa kgatlhegela basimane ba ba fetang a le mongwe. Seo se tlwaelegile. Mme fa o ka bo o ile wa itlhaganelela go ratana le mosimane wa ntlha fela yo o neng o mo kgatlhegela, o ka bo o itsentse mo kotsing ya gore o se ka wa gola mo maikutlong le mo semoyeng. Go tsaya nako go nna le dinonofo tse di ka go thusang go ‘fetola mogopolo wa gago’ mo dilong tse di botlhokwa le go fitlhelela mengwe ya mekgele ya gago.Baroma 12:2; 1 Bakorintha 7:36; Bakolosa 3:9, 10.

Gone ke boammaaruri gore basimane ba le bantsi ba kgatlhegela basetsana ba ba iseng ba itshepe kgotsa ba ba se nang maitemogelo. Le fa go ntse jalo, basimane ba ba ntseng jalo ba kgatlhegela fela mmele wa mosetsana, ga ba kgatlhegele se a leng sone tota. Boammaaruri ke gore, lekawana le le tekatekano le tla batla mosetsana yo o nang le dinonofo tse di ka ba thusang mo kamanong ya bone.—Mathaio 19:6.

Se basimane ba se bolelang: “Ke kgatlhiwa ke fa mosetsana a kgona go ikakanyetsa, fa go bonala a tlhatswegile pelo ka se a leng sone.”—James.

“Nka kgatlhiwa ke mosetsana yo o kgonang go itlhalosa ka tsela e e ikanyegang, e e supang tlotlo le yo o sa dumalaneng le sengwe le sengwe se ke se buang. Tota le fa a le montle, ga ke ikutlwe ke gololesegile fa mosetsana a bua fela se ke batlang go se utlwa. Seo se a ntshosa!”—Darren.

“Gone ke boammaaruri gore gantsi ke kgatlhwa pele ke basetsana ba bantle. Mme seo se nyelela ka bonako fa mosetsana yoo a se na mekgele e e tlhomameng e e tla mo solegelang molemo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa a itse gore o batla eng le gore o batla go dira eng ka botshelo jwa gagwe—segolobogolo fa e le gore o setse a fitlheletse mengwe ya mekgele ya gagwe—seo se ka dira gore ke mo kgatlhegele thata.”—Damien.

Leka go tlotla ba bangwe. Fela jaaka wena o batla go ratiwa, basimane ba o ba itseng le bone ba batla go tlotliwa. Ga se fela ka kotsi go bo Baebele e bolelela monna gore a rate mosadi wa gagwe le gore mosadi a nne le “tlotlo e e boteng” mo monneng wa gagwe. (Baefeso 5:33) Go dumalana le temoso eno, patlisiso nngwe e e dirilweng mo makawaneng a le makgolokgolo e ne ya fitlhela gore diperesente tse di fetang 60 di ile tsa bolela gore di anaanela tlotlo thata go feta lorato. Diperesente tse di fetang 70 tsa banna ba ba godileng ba ba botsoloditsweng ba ne ba bolela se se tshwanang.

Go bontsha tlotlo ga go reye gore o ineele—gore o tshwanetse go tlogela tshwanelo ya gago ya go akanya ka tsela e e farologaneng le go tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng. (Genesise 21:10-12) Mme tsela e o tlhalosang kafa o ikutlwang ka teng ke yone e e tla supang gore a o tla ngoka lekawana kgotsa o tla dira gore le tsamaele kgakala. Fa o nneela go ganetsa se a se buang kgotsa go se baakanya, a ka nna a akanya gore ga o mo tlotle. Le fa go ntse jalo, fa o amogela tsela e a ikutlwang ka yone mme o bo o akgela ka se o akanyang gore se a kgatlha, go ka direga gore a amogele le go anaanela tsela e o ikutlwang ka yone. Gone mme, lekawana le le botlhale le tla ela tlhoko gape gore a o tlotla maloko a lelapa la gaeno le batho ba bangwe. *

Se basimane ba se bolelang: “Basimane ba rata go akanya gore se ba se akanyang se botlhokwa mo mothong yo mongwe, segolobogolo fa e le mosetsana yo ba mo ratang.”—Anthony.

“Ke akanya gore tlotlo ke selo se se botlhokwa thata fa botsalano bo simologa. Lorato lo ka nna lwa tla moragonyana.”—Adrian.

“Fa mosetsana a ka kgona go ntlotla, ke akanya gore ruri a ka kgona go nthata.”—Mark.

Apara ka tsela e e bori mme o nne o le phepa. Tsela e o aparang ka yone le e o ipaakanyang ka yone e tshwana le sebuelagodimo se se tlhalosang se o se akanyang le kafa o ikutlwang ka teng. Pele ga o simolola go bua le mosimane, tsela e o apereng ka yone e setse e tlhalositse go le gontsi ka wena. Fa diaparo tsa gago di rulagantswe sentle e bile di le bori, go tla romela molaetsa o o molemo thata. (1 Timotheo 2:9) Fa e le diaparo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo kgotsa di se bothakga, molaetsa wa gone o tla utlwala sentle—mme e le o o sa siamang!

Se basimane ba se bolelang: “Tsela e mosetsana a aparang ka yone e tlhalosa go le gontsi malebana le kafa a lebang botshelo ka teng. Fa a apara diaparo tse di bonaletsang kgotsa tse di seng bothakga, go mpolelela gore o batla go ngoka kgatlhego thata.”—Adrian.

“Ke kgatlhegela mosetsana yo o tlhokomelang moriri wa gagwe, yo o nkgang monate le yo o nang le lentswe le le monate. Kafa letlhakoreng le lengwe, le fa ke ne ke kgatlhegela mosetsana mongwe yo montle, go sa nneng phepa ga gagwe go ne ga nkgoba marapo.”—Ryan.

“Ke kgatlhwa thata ke mosetsana yo o sa akanyeng gore o tlhoka go itshasa ditlolo tse di ntlafatsang thata e bile a sa apare diaparo tse di mo tshwarang kgotsa tse di bonaletsang gore a ngoke kgatlhego.”—Ethan.

“Fa mosetsana a apara diaparo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, ga go na pelaelo gore mo tshimologong o tla ngoka kgatlhego. Mme ga se mofuta wa mosetsana yo nka batlang go simolola kamano le ene.”—Nicholas.

Se o Sa Tshwanelang go se Dira

O se ka wa tshameka ka maikutlo a ba bangwe. Basadi ba na le bokgoni jwa go tlhotlheletsa banna thata. Ba ka kgona go dirisa nonofo eo ya go ngoka ka tsela e e sa siamang le e e siameng. (Genesise 29:17, 18; Diane 7:6-23) Fa o lekeletsa nonofo e o nang le yone mo mosimaneng mongwe le mongwe yo o kopanang le ene, go ka direga gore o itsege o le motho yo o tshamekang ka maikutlo a ba bangwe.

Se basimane ba se bolelang: “Go nna fela gaufi le mosetsana yo montle le go kgomana ka magetla e ka nna sengwe se se itumedisang mo mosimaneng mme e bile go ka tsosa maikutlo a gagwe. Ka gone, ke akanya gore mosetsana yo o nnang a go kgoma gangwe le gape fa a bua le wena o tshameka ka maikutlo a gago.”—Nicholas.

“Fa mosetsana a nnela go bona ditsela tsa go kgoma letsogo la mosimane mongwe le mongwe yo a kopanang le ene kgotsa a leba monna mongwe le mongwe ka tsela e e hepisang, ke akanya gore fa a dira jalo o tshameka ka maikutlo a batho, mme ga a nkgatlhe.”—José.

“Nka re mosetsana o tshameka ka maikutlo a ba bangwe fa a kgoma mosimane mongwe le mongwe yo a kopanang le ene mme ka bonako fela a tlhoma mogopolo wa gagwe mo mosimaneng yo o mo nayang tlhokomelo e ntsi.”—Ethan.

O se ka wa mo kgomarela thata. Fa batho ba nyalana, ba nna se Baebele e reng ke “nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Fa kamano e fitlhile mo seemong seo, monna le mosadi ka bobedi ba tlogela kgololesego e ntsi e ba ka tswang ba ne ba na le yone fa ba ne ba sa nyalana; tota e bile, ba itlama mongwe mo go yo mongwe. (1 Bakorintha 7:32-34) Le fa go ntse jalo, fa e le gore o simolola go ithuta lekawana, ga o na tshwanelo ya gore o lebelele gore a ikarabelele mo go wena le ene ga a tshwanela go lebelela seo. Fa e le gore o itlhaganelela go batla tlhokomelo ya gagwe yotlhe, o ka nna wa senya botsalano jwa lona. *

Se basimane ba se bolelang: “Ke akanya gore mosetsana o nkgomarela thata fa e le gore o tshwanetse go itse sengwe le sengwe se ke se dirang mme e bile go bonala a sa kgone go itumelela botshelo le go tsalana le batho ba bangwe kgotsa a se na sepe se se mo kgatlhang kwantle ga me.”—Darren.

“Fa e le gore mosetsana yo ke sa tswang go kopana le ene o nnela go nkwalela melaetsa ka founo mme a batla go itse gore ke na le bomang, segolobogolo fa a umaka maina a basetsana bangwe ba ba mo setlhopheng, ke tla bo ke akanya gore seo se mpontsha gore go na le sengwe se se sa siamang.”—Ryan.

“Mosetsana yo o sa batleng gore o nne le ditsala tsa gago tsa banna mme a tenega fa o sa mo laletse ka metlha gore a tsamaye le wena, o go kgomarela ka tsela e e sa itumediseng.”—Adrian.

Anaanela se o Leng Sone

Gongwe o itse basetsana bangwe ba ba ka dirang sengwe le sengwe gore ba ngoke kgatlhego le go ratiwa ke mosimane. Bangwe ba ka nna ba tlogela ditekanyetso tsa bone e le fela gore ba nne le lekau—kgotsa le e leng monna. Le fa go ntse jalo, molaomotheo o o reng ‘se motho a se jalang o tla roba sone seo’ o dira mo kgannyeng eno. (Bagalatia 6:7-9) Fa o sa itseye o le botlhokwa le melao e o lekang go tshela ka yone, o ka nna wa ngoka kgatlhego ya basimane ba ba sa go anaaneleng le melao e o tshelang ka yone.

Tota e bile, ga se basimane botlhe ba ba tla go ratang—mme seo e ka nna sengwe se se molemo! Mme fa o tlhokomela bontle jwa gago jwa kafa ntle le jo bo kafa teng, o tla nna le “botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo”—mme o tla kgatlha lekawana le le go tshwanelang.—1 Petere 3:4.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 28 Gone mme, fa baratani ba beeletsana, ba na le tshwanelo ya gore yo mongwe a ikarabelele mo go yo mongwe.

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

● O ka bontsha jang gore o tlotla se lekawana le se akanyang le maikutlo a gagwe?

● O ka bontsha jang gore o a ikanaanela?

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Lorato le tlotlo di tshwana le maotwana a mabedi a baesekele—ka bobedi di botlhokwa