Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhagolela Boikutlo jo bo Lekalekaneng ka Tiro

Tlhagolela Boikutlo jo bo Lekalekaneng ka Tiro

Tlhagolela Boikutlo jo bo Lekalekaneng ka Tiro

MO NAKONG eno e mo go yone ikonomi e wetseng kwa tlase thata, selo se batho ba tshwenyegileng thata ka sone ke go nna le tiro e e tlhomameng e motho a tlhomamisegang gore e tla mo naya lotseno lo lo lekaneng go kgona go tlhokomela lelapa ka dilo tsotlhe tse le di tlhokang. Seno ga se motlhofo ka metlha, segolobogolo fa babereki ba le diketekete ba tlogedisiwa tiro. Fa e le gore o mongwe yo o felelwang ke tiro o sa lebelela, o na le kgwetlho ya gore o tseye matsapa a magolo go bona tiro e nngwe.—Bona mabokoso a a mo tsebe 8 le 9.

Le fa go ntse jalo, go na le mo gontsi thata mo botshelong go na le fela go bereka ka thata. Rralelapa mongwe wa kwa Australia e bong Glenn a re: “A re bueng boammaaruri fela. Ga go na ope yo e reng fa a tloga a swa a bo a re: ‘Ke eletsa e kete nkabo ke ile ka dirisa nako e e oketsegileng kwa tirong.’” Ga go na pelaelo gore go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang, jo bo nang le bokao go akaretsa go nna le nako ya go dira tiro ya boitshediso. Mme le eng gape? Le nako ya lelapa, ya go itapolosa le ya dilo tsa semoya. O ka dira jang dilo tse di botlhokwa tseno tsa botshelo ka tsela e e lekalekaneng?

Nako ya Tiro, Nako ya Gago

Baebele e re bolelela gore re dire ka natla gore re tlamele ba malapa a rona. (Baefeso 4:28) Le fa go ntse jalo, gape e re kgothaletsa go ‘ja, go nwa le go bona molemo ka ntlha ya tiro ya rona ya bonatla.’ (Moreri 3:13) Ee ruri, go bereka diura tse di telele o sa ikhutse sentle kgotsa o sa itapolose go ka dira gore o se ka wa itumelela dilo tse dintsi mo botshelong. Mme gape go ka dira gore o nne le mathata a a masisi a botsogo.

Go bereka ka tsela e e feteletseng ka nako e telele go a tle go bake bokima jo bo feteletseng, go nna lekgoba la bojalwa, bolwetse jwa pelo, dikotsi tsa kwa tirong, go tshwakgolwa ke diokobatsi, go tlhobaela, go nna le letsapa le le tseneletseng, go tshwenyega thata mo maikutlong le mathata a mangwe a a amanang le go ngomoga pelo. Go bereka ka tsela e e feteletseng gape go ka bolaya motho. Pego nngwe e fopholetsa gore kwa Japane mo e ka nnang batho ba le 10 000 ba swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya go bereka ka tsela e e feteletseng, mme batho ba palo e e lekanang le eo ba swa ka ntlha ya dikotsi tsa dikoloi kwa nageng eo ngwaga le ngwaga. Boemo jono—jo bo bidiwang karoshi, e e kayang “go bolawa ke go bereka ka tsela e e feteletseng”—ga bo ame batho ba kwa Japane fela.

Ela tlhoko gore Baebele e gakolola jaana ka botlhale: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:6) Ee, go botlhokwa go nna tekatekano. O se ka wa dira gore tiro ya gago e nne sotlhe se o se tshelelang. Sireletsa boitekanelo jwa gago jwa tlhaloganyo, jwa mmele le jwa maikutlo ka go ipha nako ya go ikhutsa le go itumelela maungo a tiro ya gago.

Andrew monna mongwe yo o nyetseng yo o nang le bana ba le bararo a re: “Re tshwanetse go bereka gore re kgone go tshela, e seng go tshelela go bereka.” Fa o dira gore go nne le tekatekano fa gare ga tiro ya gago le go ikhutsa le boitapoloso, seno se tla go thusa gape gore o tlhokomele ba lelapa la gago ka dilo tse ba di tlhokang. Mme seno ga se motlhofo, segolobogolo fa e le gore o na le dikoloto tse o tshwanetseng go di duela.

Dira Gore go Nne le Tekatekano fa Gare ga Tiro le Botshelo Jwa Lelapa

Gompieno malapa a le mantsi a na le dilo tse dintsi tse a di dirang mme ga ba na nako ya go nna mmogo. Mosadi mongwe wa kwa Engelane o ngongorega jaana: “Ke dirisa bontsi jwa maatla a me mo tirong mme ke naya bana ba me se se setseng.” Kwa United States, mosha a le mongwe mo go ba le batlhano ba ba neng ba botsolodiwa o ne a baya “go sa nne le nako le batsadi” kwa godimo mo lenaaneng la dilo tse a tshwenyegileng ka tsone. Patlisiso e nngwe ya kwa United States e bega gore, gantsi banyalani ba ba berekang ba le babedi ba buisana ka metsotso e le 12 fela ka letsatsi.

E re ka batho ba le bantsi ba lapisitswe ke kgatelelo e e oketsegang ya tiro, ba sekaseka gape dilo tse di tlang pele mo matshelong a bone mme ba bo ba dira diphetogo. Timothy, rralelapa mongwe yo o nang le bana ba le babedi ba bannye o bolela jaana: “Ke ne ke bereka diura tse di oketsegileng mme mosadi wa me ene a bereka ka mafelobeke. Re ne re bonana go le gonnye fela. Kgabagare re ne ra sekaseka botshelo jwa rona mme ra fetola seemo sa rona sa tiro. Gone jaanong re itumetse thata.” Brian, manejara mongwe wa lebenkele a re: “E re ka re ne re solofetse ngwana wa bobedi, ke ne ka ya go batla tiro e e neng e tla tshwanela lelapa la rona. Ke ne ka tsaya tiro e e neng e tla fokotsa madi a ke neng ke a amogela e leng R92 000 ka ngwaga, gore ke bereke diura tse di botoka, mme e ne e se matsapa a bophiri!” Melina o ne a tlogela tiro ya boitshediso fa morwadie wa ntlha a ne a tsholwa. O gakologelwa jaana: “Go ne go le thata go tlwaela gape go nna le lotseno lwa motho a le mongwe fela. Mme nna le monna wa me re ne re akanya gore go tla nna botoka gore ke nne mo gae le Emily go na le gore re mo ise kwa go tlhokomelwang bana gone.”

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakologelwa gore, malapa a le mantsi a kgaratlha tota go duelela ditshenyegelo tsa kgwedi fela. Balekane bangwe ba bereka ditiro tse pedi gore ba kgone fela go duelela ditshenyegelo tsa motheo mme mo makgetlong a mangwe balekane ka bobedi ba a bereka, ba tlogela bana le bonkokoabone kgotsa ba ba isa kwa setheong se se tlhokomelang bana.

O ka nna wa bona ditsela tse di oketsegileng tsa go dira gore go nne le tekatekano fa gare ga tiro le maikarabelo a lelapa. Ntlha ya botlhokwa ke gore: O se ka wa itlhokomolosa dilo tse di itumedisang tsa botshelo jwa lelapa ka go tlhoma mogopolo thata mo tirong.

Tlhomamisega gore go dira gore go nne le tekatekano fa gare ga tiro ya gago, boitapoloso le dilo tse lelapa la gago le di tlhokang go tla go tlisetsa masego a magolo. Mo setlhogong sa rona sa bofelo, re tla sekaseka ntlha e e botlhokwa le go feta e e ka thusang go nna le botshelo jo bo motlhofo jo bo tekatekano.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

O se ka wa dira gore tiro ya gago e nne sotlhe se o se tshelelang

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.”—Moreri 4:6

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

O se ka wa itlhokomolosa dilo tse di itumedisang tsa botshelo jwa lelapa ka go tlhoma mogopolo thata mo tirong

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

MADI KGOTSA BOITAPOLOSO?

Bakanoki bangwe ba lekgolo la bo20 la dingwaga ba ne ba dumela gore botswelelopele mo go tsa thekenoloji bo tla golola batho mo tirong e e lapisang mme go tlise “motlha wa boitapoloso jo bogolo.”

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1930, Porofesa Julian Huxley o ne a bolelela pele gore mo isagweng ga go na ope yo o tla tlholang a bereka malatsi a a fetang a le mabedi mo bekeng. Rakgwebo mongwe e bong Walter Gifford o ne a bolela gore thekenoloji e tla “dira gore mongwe le mongwe a nne le tshono ya go dira se a se batlang . . . , nako ya go tokafatsa tsela ya botshelo [le] go oketsa manobonobo le dilo tse di kgotsofatsang mogopolo le pelo.”

Mme go tweng ka dithoto tse batho ba eletsang go nna le tsone? Moithutaloago e bong Henry Fairchild o ne a ipelafatsa ka gore difeketeri “mo letsatsing le le tlwaelegileng la tiro . . . la diura tse di sa feteng di le nnè, di tla ntsha dilwana tse dintsi go feta tse re ka di tlhokang.”

Dipolelelopele tseo di ne di le boammaaruri go le kana kang? Mo lekgolong la bo20 le la bo21 la dingwaga, ikonomi e ile ya gola ka bonako thata le ka tsela e e kgolo thata. Go ya ka tsela e go neng go akanngwa ka yone, seno se ne se tshwanetse sa bo se ile sa fokotsa tiro thata. Le fa go ntse jalo, go diragetse eng? John de Graaf o kwala jaana: “[Batho] ba ile ba swetsa go dirisa nako e e oketsegileng eno go kokoanya madi a a oketsegileng—kgotsa dithoto tse di oketsegileng—mme ba sa itumelele nako epe e ba iketlang fela. Ka bokhutshwane fela, rona re le setšhaba re ile ra tlhopha go nna le madi go na le nako.”