Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tlogelang go Tlhobaela”

“Tlogelang go Tlhobaela”

“Tlogelang go Tlhobaela”

“Madi otlhe mo akhaontong ya rona mmogo le madi a re neng re a boloketse bana ba rona a ne a gogolwa. Ka dikgwedi di le dintsi re ne re se na lotseno.”

● Ke ne ke na le sekolo kwa motseselegaeng mongwe kwa India mme se ne se atlegile tota. Nako nngwe mo e ka nnang barutwana ba le 500 ba ne ba ikwadisitse mo sekolong seno. Morago ga foo, sekolo sengwe sa maemo a a kwa godimo sa kwa toropong se ne sa simolola go romela dibese kwa lefelong la rona mme seno se ne sa dira gore go nne motlhofo go ya kwa go sone. Barutwana ba le bantsi ba sekolo sa me ba ne ba ya kwa sekolong seo sa kwa toropong, mme seo se ne se tlhaloganyesega. Tota e bile, palo e ntsi ya barutwana kwa sekolong sa me ba ne ba fokotsega go tswa go ba ba ka nnang 500 go ya go ba ba ka nnang 60. Go dira dilo maswe le go feta, mo e ka nnang ka yone nako eo, modiredimogolo mongwe wa kwa sekolong o ne a ikgogela morago mo tumalanong ya madi e re neng re na le yone mme o ne a sa ntse a nkolota madi. Ke ne ka lebana le mathata a madi e re ka ke ne ke na le badiri ba le bantsi ba sekolo ba ke neng ke tshwanetse go ba duela.

Re ne ra nna fa fatshe re le lelapa mme ra buisana ka boemo jo re neng re le mo go jone. Rotlhe re ne ra bontsha moya wa go itima dilo fa re ne re leka ka natla go latela kgakololo ya ga Jesu ya go boloka ‘leitlho le le sa raraanang’ mo dikgannyeng tsa madi—ke gore re se ka ra reka dilo tse re neng re sa kgone go di duelela. (Mathaio 6:22, 25) Ka nakwana re ne ra tshwanelwa ke go emisa go dirisa koloi ya rona ka ntlha ya ditshenyegelo tsa lookwane le tsa go e baakanya. Re ne ra fokotsa madi a re neng re a dirisetsa go reka dijo ka gore re reke dijo maitseboa, fa ditlhwatlhwa tsa dijo tse di neng di setse di ne di fokoditswe. Gape re ne ra fokotsa dijo tse re neng re di ja.

Re Basupi ba ga Jehofa, mme ka ntlha ya seo re itse botlhokwa jwa go kopana mmogo le badumedi ka rona kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Bahebera 10:25) Ka jalo, le fa boemo jwa rona jwa madi bo ne bo le boima, re ne ra swetsa gore re se ka ra fetiwa ke dipokano le dikopano—tota le fa seo se ne se raya go tsamaya sekgala se seleele. Tirelo ya rona—e e akaretsang go ruta batho Baebele—e akaretsa go ya kwa mafelong a a kgakala. Re ne ra dirisa sethuthuthu go na le koloi fa re dira tiro eno. Gone mme, go ne go palama batho ba babedi fela mo sethuthuthung ka nako e le nngwe.

Mme seo ga se reye gore re ne re dirisa nako e nnye mo tirelong. Go farologana le moo, mosadi wa me le morwadiarona ba ne ba simolola go dirisa nako e e oketsegileng ba bua le ba bangwe ka Baebele. Ka dinako dingwe ba ne ba tsamaya dikilometara di le thataro go ya go di le robedi go ya go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele le batho ba ba kgatlhegang. Nna le morwaake le rona re ne ra dira maiteko a go dirisa nako e e oketsegileng re ruta ba bangwe ka Baebele.

Gone jaanong maemo a rona a tsa madi a tokafetse go se kae. Le fa go ntse jalo, mo masetlapelong a rona re ne ra ithuta re le lelapa gore re se ka ra dira gore dithoto di nne botlhokwa thata mo go rona. Gape re ne ra ithuta gore re se ka ra tlhobaela thata ka dilo tse re sa kgoneng go di laola. Re ne ra kgothadiwa thata ke Pesalema 55:22. Ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” Mafoko ao a ne a itshupa a le boammaaruri ka tsela e e feletseng ka dinako tse re neng re na le mathata a madi!—Re se abetswe.