Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mmamathwane yo Monnye go Gaisa mo Lefatsheng

Mmamathwane yo Monnye go Gaisa mo Lefatsheng

Mmamathwane yo Monnye go Gaisa mo Lefatsheng

● Ka 1973, moitsethutotshelo e bong Kitti Thonglongya le setlhopha sa gagwe ba ne ba kokoanya bommamathwane ba ba neng ba sa itsiwe, ba ba fetang 50 kwa magageng a a gaufi le lephororo la Sai Yok kwa Thailand. O ne a romela mefuta mengwe ya yone kwa go Dr. J. E. Hill wa Musiamo ya kwa Boritane ya Hisitori ya Dilo Tsa Tlholego kwa Lontone. Ka maswabi, Kitti o ne a swa pele ga a utlwa gore mmamathwane o a neng a o bone e ne e le mofuta o mosha, mme Hill o ne a o bitsa a re ke Craseonycteris thonglongyai e le go tlotla Kitti. Leina la one le le tlwaelegileng ke Kitti’s hog-nosed bat (e leng mmamathwane wa Kitti wa nko ya kolobe).

Mofuta ono wa mmamathwane o o boleele jo bo ka nnang disentimetara di le tharo mme o na le diphuka tse di boleele jo bo ka nnang disentimetara di le 13, ke mmamathwane yo monnye go gaisa yo o itsegeng mme ke nngwe ya diamusi tse dinnye go gaisa. Tota e bile, o monnye thata jaana mo e leng gore ka dinako tse dingwe o bidiwa mmamathwane wa bumblebee. Dilo tse dingwe tse di o tlhaolang ke nko ya one e e tshwanang le ya kolobe (jaaka go kaiwa ke leina la one), ga o na mogatla gotlhelele mme o na le ditsebe tse dikgolo tse e keteng di rurugile.

Bonno Jwa One jo Bonnye

Bommamathwane bano ba ka bonwa fela kwa Sai Yok National Park kwa Thailand le mo dikarolong tse di gaufi tsa Myanmar. Jaaka mefuta e mengwe e mentsi, bommamathwane ba Kitti’s hog-nosed ba dirisa mokgwa wa go ntsha modumo o o ba thusang go bona sengwe (echolocation) fa ba tsoma ditshenekegi. E re ka seamusi seno se na le diphuka tse ditelele tse di se fetang, se siametse sentle gore se kgone go phaphasela, mme seno se dira gore se kgone go phamola tshenekegi mo setlhareng. Fa e ikhuditse, phologolo eno e rata mafelo a a bothito a a kwa godimo a magaga a kalaka a a nang le dikhuti tse dintsi—mafelo a e ka sireletsegang thata mo go one le a a e thusang gore mogote wa mmele wa yone o se ka wa fokotsega, ka gonne mogote wa mmele o botlhokwa thata mo diphologotswaneng tse dinnye tseno. A bo Modimo a file dibopiwanyana tseno bokgoni jo bo gakgamatsang jang ne!—Tshenolo 4:11.

E re ka mmamathwane wa Kitti’s hog-nosed o bonwa ka sewelo thata, e bile o nna mo lefelong le lennye, o mo kotsing ya go nyelela fa e le gore maemo a one ga a tokafale. Go dirilwe maiteko a gore o sireletsege botoka, le fa go ntse jalo, go rengwa ga dikgwa, go kgaolwa ga ditlhare gore di rekisiwe, go agiwa ga ditsela le bojanala, e sa ntse e le dilo tse di dirang gore o se ka wa sireletsega. Diamusi tse dinnye tseno di mo kotsing ya go nyelela ka go bo batho ba tshwenyana le lefelo le di nnang mo go lone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

YO MOGOLO GO GAISA LE YO MONNYE GO GAISA

Go na le mefuta e e ka nnang 1 000 ya bommamathwane, mme ke tsone fela diamusi tse di kgonang go fofa. Bommamathwane ba bagolo go gaisa (1), ba ka nna le diphuka tse di boleele jo bo fetang metara le halofo mme ba le boima jwa kilogerama e le nngwe. Mme yo monnye go gaisa e leng mmamathwane wa Kitti’s hog-nosed, (2) o na le diphuka tsa boleele jwa disentimetara tse di ka nnang 13 mme o boima jwa digerama di le pedi fela.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

Photos: © Merlin D. Tuttle, Bat Conservation International, www.batcon.org