Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Dikarolo Tsotlhe Tsa Baebele di sa Ntse di le Botlhokwa?

A Dikarolo Tsotlhe Tsa Baebele di sa Ntse di le Botlhokwa?

Baebele ya Reng

A Dikarolo Tsotlhe Tsa Baebele di sa Ntse di le Botlhokwa?

“Baebele ga e na mosola gotlhelele mo bathong gompieno, fa e se fela gore o tshwanetse go itse dilo dingwe ka yone tse di seng botlhokwa, gore o kgone go araba dipotso tsa metshameko mengwe ya kgaisano.”

“Ditshupiso tsa Baebele tse di malebana le tatelano ya malapa, bokgarebane le go boifa Modimo e ne e le dikgopolo tse di botlhokwa tsa setso mo metlheng ya Baebele mme ga di tlhole di le botlhokwa mo Lekgolong la bo21 la Dingwaga.”

“Baebele e ne e siilwe ke nako le e leng pele ga e gatisiwa ka lekgetlo la ntlha.”

DIKAKGELO tseno di tserwe bosheng jaana mo lefelong lengwe mo Internet le mo go lone go neng go tlotliwa ka setlhogo se se reng “A Baebele e siilwe ke nako e bile ga e botlhokwa?” Wena o ikutlwa jang ka dikakgelo tseo? A o dumalana le tsone?

O ka tswa o sa dumalane le batho ba ba ganang Baebele gotlhelele ka tsela e e ntseng jalo, mme gone o sa ntse o ipotsa gore a sengwe le sengwe se se mo Baebeleng se botlhokwa. Tota e bile, Dibaebele tse di dirisiwang mo dikerekeng tse dintsi di kgaogantswe ka se gantsi go tweng ke Tesetamente e Kgologolo le Tesetamente e Ntšha, se se dirang gore motho a akanye gore karolo ya diperesente tse di fetang 75 tsa Baebele ke ya bogologolo e bile e siilwe ke nako.

Ga go na ope yo o sa ntseng a dira ditlhabelo tsa diphologolo tse go tlhalosiwang ka tsone mo Molaong wa ga Moshe. Ka jalo, go thusa eng go boloka ditlhaloso tseo tsotlhe tse di buang ka ditlhabelo mo bukeng ya Lefitiko? (Lefitiko 1:1–7:38) Mme go tweng ka dikgaolo tsa 1 Ditiragalo tse di batlang di bua tsotlhe ka lenaane la tatelano ya masika? (1 Ditiragalo 1:1–9:44) Fa e le gore ga go na ope yo o tshelang gompieno yo o ka kgonang go latedisa losika lwa gagwe ka tlhamalalo go tswa go mongwe yo o umakilweng mo dikgaolong tseo, lenaane leo le na le mosola ofe?

A re re o kgetla apole mo setlhareng sa diapole. Fa o setse o bone apole, a setlhare se e tswang mo go sone ga se tlhole se le botlhokwa? E seng fa e le gore o batla maungo a a oketsegileng! Ka ditsela dingwe Baebele e tshwana le setlhare seo sa diapole. Dikarolo dingwe tsa Baebele, tse di jaaka Dipesalema kgotsa Thero ya mo Thabeng, di ka bonala o kgona go di bona ka bonako e bile di kgatlha thata. Le fa gone re ka tswa re rata dikarolo tseo—jaaka go ka direga ka leungo le re le ratang—a re tshwanetse go itlhokomolosa sengwe le sengwe se se setseng? Baebele ka boyone ya reng ka kgang eno?

Mo e ka nnang ka ngwaga wa 65 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Timotheo lekwalo la gagwe la bobedi, a mo gakolola jaana: “O itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko ka tumelo e e ka ga Keresete Jesu.” Morago ga foo Paulo o ne a bolela jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.” (2 Timotheo 3:15, 16) Fa Paulo a ne a kwala gore “lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola,” a o ne a bua fela ka Tesetamente e Ntšha?

Ela tlhoko se Paulo a neng a se tlhalosa fa a re Timotheo o ne a itse “mekwalo e e boitshepo” go tswa “boseeng.” Fa e le gore, jaaka bangwe ba dumela, gore Timotheo o ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo30 fa lekwalo leno le ne le kwalwa, he, go raya gore e ne e le lesea mo e ka nnang ka nako ya loso lwa ga Jesu. Nako eo e ne e le pele ga karolo epe ya Tesetamente e Ntšha kgotsa Dikwalo tsa Segerika di kwalwa. Mmaagwe Timotheo e ne e le Mojuda, ka gone mekwalo e e boitshepo e a ka tswang a ile a mo ruta yone fa a ne a le ngwana, e tshwanetse ya bo e ne e le Tesetamente e Kgologolo kgotsa Dikwalo tsa Sehebera. (Ditiro 16:1) Ga go na pelaelo gore fa Paulo a ne a bua ka “Lokwalo lotlhe” o ne a akaretsa Tesetamente e Kgologolo yotlhe, e e nang le melao ya ditlhabelo le tatelano ya masika.

Morago ga dingwaga tse di fetang 1 900, re sa ntse re solegelwa molemo ke dikarolo tseo tsa Baebele ka ditsela di le mmalwa. Sa ntlha, nkabo re se na Baebele fa Modimo a ka bo a sa tlhomamisa gore e a kwalwa le gore batho ba a neng a ba tlhophile ba a e boloka. (Baroma 3:1, 2) Kwa Iseraeleng ya bogologolo, Molao wa ga Moshe e ne e se segopodiso se se boitshepo fela se se neng se tshwanetse go bolokelwa dikokomana tse di tlang mme totatota e ne e le molaomotheo wa setšhaba seo. Dilo tse di tlhalosiwang mo Molaong tse di ka tswang di bonala di se botlhokwa mo go rona gompieno, di ne di le botlhokwa gore Iseraele ya bogologolo e falole le go tshela sentle. Mo godimo ga moo, dipego tsa tatelano ya masika tse di mo Baebeleng di ne di le botlhokwa gore Mesia, yo go neng go boleletswe pele gore o tla nna losika lo lo amanang ka tlhamalalo le Kgosi Dafide a tle a itsiwe.—2 Samuele 7:12, 13; Luke 1:32; 3:23-31.

Le fa gone Bakeresete ba se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, ba tlhoka go bontsha tumelo mo go Mesia yo go boleletsweng pele ka ene e bong Jesu Keresete. Ditatelano tsa bogologolo tsa masika tse di bolokilweng mo Baebeleng di supa gore tota Jesu ke “morwa Dafide” yo o neng a solofeditswe. Mme ditlhaloso tse di malebana le ditlhabelo di nonotsha kanaanelo ya rona ka setlhabelo se se botlhokwa le go feta se Jesu a se ntshitseng mme di dira gore re nne le tumelo mo molemong wa sone.—Bahebera 9:11, 12.

Fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya kwa Roma, o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Temana eno e re gakolola gore Baebele e ne ya kwalwa gore re solegelwe molemo mme e seng rona fela. Ka dingwaga tse di fetang 3 500, mafoko a yone a a tlhotlheleditsweng a ile a kaela, a ruta a bo a kgalemela batho ba Modimo—kwa nageng ya Sinai, kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, kwa botshwarong jwa Babelona le ka nako ya Mmusomogolo wa Roma mme gone jaanong mo lefatsheng lotlhe. Ga go na buka epe e nngwe e e ka bolelang gore e dira jalo. Jaaka go ntse ka medi ya setlhare sa diapole, go ka tswa go le thata go bona botlhokwa jwa dikarolo dingwe tsa Baebele kwa tshimologong. Go ka nna ga tlhokega gore re epe go se kae gore re bone botlhokwa jwa yone mme re tla solegelwa molemo thata ke matsapa a re a dirang!

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● Timotheo o itsile “mekwalo e e boitshepo” lobaka lo lo kana kang?—2 Timotheo 3:15.

● Ke dikarolo dife tsa Baebele tse di tlhotlheleditsweng e bile di le mosola?—2 Timotheo 3:16.

● Re ka solegelwa molemo jang ke “dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele”?—Baroma 15:4.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Ditlhaloso tse di mo Baebeleng di nonotsha kanaanelo ya rona mo setlhabelong se Jesu a se ntshitseng