Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Phoso go Batla Nakonyana Ya go Nna o Le Nosi?

A go Phoso go Batla Nakonyana Ya go Nna o Le Nosi?

Basha Ba Botsa Jaana

A go Phoso go Batla Nakonyana Ya go Nna o Le Nosi?

Baya letshwao la ✔ go bapa le tsela e o ka nnang wa tsiboga ka yone mo go nngwe le nngwe ya ditiragalo tse di latelang.

1. O mo phaposing ya gago o tswetse setswalo mme monnao o phasumela mo teng kwantle ga go kokota.

◯ ‘Ga go na bothata . . . le nna ke dira se se tshwanang mo go nnake.’

◯ ‘Ga a na maitseo! Go tweng fa e le gore ke ntse ke apara?’

2. O bua le tsala mo founong mme mmago o gaufi, ga go na pelaelo gore o reeditse sengwe le sengwe.

◯ ‘Ga go na bothata . . . ga go na sepe se ke se fitlhang.’

◯ ‘Ga go monate tota! Ke ikutlwa e kete ke nna ke disitswe!’

3. O sa tswa go goroga mo gae mme batsadi ba gago ka bobedi ba simolola go go botsakaka dipotso. “O ne o ile kae? O ne o dira eng? O ne o tsamaile le bomang?”

◯ ‘Ga go na bothata . . . gantsi ke ba bolelela sengwe le sengwe.’

◯ ‘Go betisa pelo jang ne! Batsadi ba me ga ba ntshepe le e seng!’

FA O ne o sa ntse o le mmotlana, go nna le nako o le nosi go ne go se botlhokwa jalo. Fa monnao a ne a phasumela mo kamoreng ya gago, o ne o itumelela go nna le ene. Fa batsadi ba gago ba ne ba go botsa potso, o ne o araba kwantle ga go etsaetsega. Mme ka nako eo, mongwe le mongwe o ne a itse gore go direga eng mo botshelong jwa gago. Mme gone jaanong go ka nna ga nna le dinako tse ka tsone o eletsang e kete go ka nna le dilo tse di sa itsiweng ka botshelo jwa gago. Corey wa dingwaga di le 14 a re: “Ke a itumela fa go na le dilo dingwe tse ke sa bueng ka tsone.” *

Ke eng fa gone jaanong o batla go nna le nako ya go nna o le nosi? Mo gongwe ke ka go bo o gola. Ka sekai, diphetogo tsa mmele tse o nnang le tsone, ka nako ya dingwaga tsa bolesome di ka dira gore o tshwenyege thata ka tebego ya gago—tota le fa gare ga ba lelapa la gaeno. Mme gape fa o ntse o gola, o simolola go ikutlwa o tlhoka go tlhatlhanya ka dilo o le nosi. Seno ke letshwao la gore o simolola go nna le “bokgoni jwa go akanya”—nonofo e Baebele e akgolang mosha fa a na le yone. (Diane 1:1, 4; Duteronome 32:29) Tota le Jesu o ne a ya kwa “lefelong le le se nang batho” gore a tlhatlhanye.—Mathaio 14:13.

Gone ke boammaaruri gore o sa ntse o le kafa tlase ga taolo ya batsadi ba gago mme ba na le tshwanelo ya go itse se se diragalang mo botshelong jwa gago. (Baefeso 6:1) Mme fa o kopanya botlhokwa jwa gore bone ba tlhoka go itse le botlhokwa jwa gore wena o tlhoka go gola, go ka nna ga nna le dikgotlhang dingwe. O ka lepalepana jang le kgwetlho eo? Mma re lebe dilo tse pedi tse mo go tsone go ka nnang ga tlhaga mathata.

Fa o Batla go Nna o le Nosi

Go na le mabaka a mantsi a a utlwalang a go bo o batla go nna o le nosi. Gongwe o batla fela gore o “ikhutse go sekae.” (Mareko 6:31) Kgotsa, jaaka Jesu a ne a gakolola barutwa ba gagwe, fa o batla go rapela, o ka nna wa “tsena mo phaposing ya gago mme, fa o sena go tswala setswalo sa gago, rapela Rrago.” (Mathaio 6:6; Mareko 1:35) Bothata ke gore, fa o tswala setswalo sa phaposi ya gago (fa e le gore o na le yone), batsadi ba gago ba ka nna ba se ka ba akanya gore o a rapela! Mme bomonnao ba ka tswa ba sa tlhaloganye fa o batla fela go nna o le nosi.

Se o ka se dirang. Go na le gore o dire gore phaposi ya gago e nne lefelo le go lwelwang mo go lone, dira se se latelang.

● Fa go tla mo go bomonnao, leka go tlhoma melao mengwe ya motheo e e utlwalang gore o kgone go nna le nako ya go nna o le nosi. Fa go tlhokega, bona gore a batsadi ba gago ba ka kgona go go thusa malebana le seno.

● Fa go tla mo batsading ba gago, leka go tlhaloganya kafa ba ikutlwang ka teng. Rebekah wa dingwaga di le 16 a re: “Ka dinako tse dingwe, batsadi ba me ba nna ba ntse ba ntlhola. Mme go bua boammaaruri, le nna ke ne ke tla nna ke tlhola ngwana wa me wa dingwaga tsa bolesome fa ke ne ke le motsadi—segolobogolo fa ke itse ka dithaelo tsotlhe tse basha ba lebanang le tsone gompieno!” Jaaka Rebekah, a o ka kgona go tlhaloganya lebaka la go bo batsadi ba gago ba tshwenyega?—Diane 19:11.

● Ipotse jaana ka bopeloephepa: ‘A ke file batsadi ba me lebaka la gore ba belaele gore ke dira sengwe se se sa siamang fa ke tswala setswalo sa me? A ke ntse ke nna le diphiri thata mo e leng gore ba akanya gore ba tshwanetse go dira maano a gore ba itse ka botshelo jwa me?’ Ka kakaretso fela, fa o sa fitlhele batsadi ba gago dilo, ba ka se go belaele thata. *

Kgato e o ka e tsayang. Fa tlase fano, kwala se o ka nnang wa se bolela go buisana ka kgang eno le batsadi ba gago.

․․․․․

Fa o Dira Ditsala

Mo dingwageng tsa bolesome, go tlwaelegile gore o dire ditsala le batho ba e seng ba maloko a lelapa la gaeno. Mme e bile go tlwaelegile gore batsadi ba gago ba ipotse gore ditsala tsa gago ke bomang le gore o dira eng fa o na le bone. Mo batsading ba gago, ke karolo fela ya tiro ya bone—ke sengwe se ba tlhokang go se dira tota. Le fa go ntse jalo, mo go wena, go tshwenyega ga batsadi ba gago go ka bonala e le go go belaela thata. Amy wa dingwaga di le 16 a re: “Ke batla fela go dirisa founo ya me ya selula le e-mail kwantle ga gore batsadi ba me ba nne ba ntse ba mpotsa gore ke bua le mang metsotso mengwe le mengwe e e lesome.”

Se o ka se dirang. Go na le go dira gore botsala jwa gago bo bake sekgoreletsi fa gare ga gago le batsadi ba gago, leka se se latelang.

● Bolelela batsadi ba gago gore ditsala tsa gago ke bomang mme o bo o tlhomamisa gore ba ba itse. Gone ke boammaaruri gore o ka se rate fa batsadi ba gago ba leka go batlisisa mo sephiring gore ditsala tsa gago ke bomang, mme o lebeletse gore ba dire eng fa e le gore ga ba itse ditsala tsa gago? Gakologelwa gore, batsadi ba gago ba itse gore ditsala tsa gago di tla go tlhotlheletsa thata. (1 Bakorintha 15:33) Fa batsadi ba gago ba itse ka batho ba o iketlang le bone, go ka direga gore ba gololesege le go feta ka ditsala tse o di tlhophang.

● Bua ka tlotlo le batsadi ba gago ka kgang eno. O se ka wa ba latofatsa ka gore ba itshunya nko mo dikgannyeng tsa gago. Go na le moo, gongwe o ka bua sengwe se se jaaka seno, “Ke ikutlwa e kete sengwe le sengwe se ke se buang le ditsala tsa me se a sekasekiwa le go atlholwa. Go thata go tlotla le ditsala tsa me le ka dilo tse di sa reng sepe.” Gongwe batsadi ba gago ba tla go letla gore o nne le kgololesego e e oketsegileng malebana le ditsala tsa gago.—Diane 16:23.

● Itshepe wena ka bowena: A kgang ke go nna le nako ya go nna o le nosi kgotsa a go na le se o se fitlhang? Brittany wa dingwaga di le 22, a re: “Fa e le gore o nna kwa gae mme go na le sengwe se batsadi ba gago ba tshwenyegileng ka sone, o tshwanetse go akanya ka gore, ‘Se ke se dirang ga se bosula, ka jalo ke eng fa ke tshwanetse go se fitlha?’ Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o tlhoka go se fitlha, go raya gore go na le sengwe se sele se se diregang.”

Kgato e o ka e tsayang. Fa tlase fano, kwala se o ka se bolelang go buisana ka kgang eno le batsadi ba gago.

․․․․․

Nako ya go Nna o le Nosi le Wena

Jaanong o tla nna le tshono ya go akanya ka ditharabololo dingwe tsa go nna o le nosi mo kgannyeng nngwe e e rileng e o tshwenyegileng ka yone.

Kgato 1: Lemoga bothata.

O akanya gore ke malebana le eng mo o ka ratang go nna le nako e e oketsegileng ya go nna o le nosi?

․․․․․

Kgato 2: Akanya kafa batsadi ba gago ba ikutlwang ka teng.

O akanya gore ke eng se se ka dirang gore ba tshwenyege?

․․․․․

Kgato 3: Leka go bona ditharabololo.

(a) Bobotlana akanya ka tsela e le nngwe e o ka tswang o baka bothata o sa lemoge mme o bo o e kwala fa tlase.

․․․․․

(b) O ka dira diphetogo dife malebana le karabo ya gago e e fa godimo?

․․․․․

(c) O ka rata gore batsadi ba gago ba rarabolole jang bothata jo o nang le jone?

․․․․․

Kgato 4: Bua ka jone.

Ka nako e e tshwanelang, buisana le batsadi ba gago malebana le se o se kwadileng fa godimo.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 21 Fa e le gore batsadi ba gago ba sa ntse ba bonala ba sa go tshepe, ba bolelele o ritibetse le ka tlotlo gore o ikutlwa jang. Reetsa ka kelotlhoko gore ba tshwenyegile ka eng mme o bo o tlhomamisa gore ga o dire sepe se se ka oketsang bothata.—Jakobe 1:19.

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

● Ke eng fa batsadi ba gago ba na le tshwanelo ya go batla go itse ka botshelo jwa gago?

● Maiteko a gago a go batla go nna le bokgoni jwa go buisana le batsadi ba gago a ka go thusa jang gore o kgone go buisana le bagolo ba bangwe moragonyana mo botshelong?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Fa basha ba bua ba gololesegile le batsadi ba bone ka dilo, batsadi ba bone ba tla bo ba se na lebaka la go bala di-“e-mail” le melaetsa ya founo ya bana ba bone go bona gore go diragala eng mo matshelong a bone.”

“Nka se kgopisege fa batsadi ba me ba bala di-“e-mail” tsa me. Fa e le gore mothapi o na le tshwanelo ya go bala di-“e-mail” tsa bathapiwa ba gagwe, ke eng fa batsadi ba sa tshwanela go bala di-“e-mail” tsa bana ba bone?”

“Batsadi ga ba batle gore o diragalelwe ke sepe mme ka dinako tse dingwe go bonala e kete ba itshunya nko mo dikgannyeng tsa gago tsa botho. Go bonala go sa siama. Mme boammaaruri ke gore, fa nka bo ke le motsadi, gongwe le nna nka bo ke dira se se tshwanang.”

[Ditshwantsho]

Eden

Kevin

Alana

[Lebokoso mo go tsebe 21]

MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING

● Morwao o mo phaposing ya gagwe mme o tswetse setswalo. A o tshwanetse go tsena fela o sa kokote?

● Morwadio o tlogetse founo ya gagwe ya selula kwa gae fa a ne a itlhaganelela go ya sekolong. A o tshwanetse go lebelela melaetsa e e mo founong ya gagwe?

Ga go motlhofo go araba dipotso tseno. Kafa letlhakoreng le lengwe, o na le tshwanelo ya go itse gore go diragala eng mo botshelong jwa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome e bile o na le boikarabelo jwa go dira gore a nne a sireletsegile. Mme o ka se ka wa kgona go tswelela o le “motsadi yo o okametseng,” mme o nna o ntse o okametse ngwana wa gago ka go belaela sengwe le sengwe se a se dirang. Mme gone, o ka nna tekatekano jang?

Sa ntlha, lemoga gore go bo ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a batla nako ya go nna a le nosi ga go reye gore ka metlha go na le sengwe se se sa siamang se a se dirang. Gantsi, ke tsela fela e e tlwaelegileng ya go gola. Nako ya go nna a le nosi ke tsela ya go lekeletsa dilo fa a ntse a itirela botsala mme a ikakanyetsa mathata a gagwe a dirisa ‘maatla a gagwe a go akanya.’ (Baroma 12:1, 2) Nako ya go nna ba le nosi gape e thusa bana ba dingwaga tsa bolesome go nna le bokgoni jwa go akanya—nonofo e e botlhokwa gore ba tle ba kgone go nna bagolo ba ba nang le boikarabelo. (1 Bakorintha 13:11) Mme gape go ba naya tshono ya gore ba tlhatlhanye pele ga ba araba dipotso tse di thata.—Diane 15:28.

Sa bobedi, lemoga gore go leka go laola sengwe le sengwe mo botshelong jwa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome go ka dira gore a kgopisege le go tsuologa. (Baefeso 6:4; Bakolosa 3:21) A seno se raya gore o tshwanetse go tlogelela dilo? Nnyaa, ka gonne o sa ntse o le motsadi. Le fa go ntse jalo, mokgele wa gago ke gore ngwana wa gago a nne le segakolodi se se thapisitsweng. (Duteronome 6:6, 7; Diane 22:6) Kwa bofelong, kaelo e mosola thata go na le gore o nne o setse ngwana morago.

Sa boraro, buisana ka kgang eno le ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome. Reetsa se a tshwenyegileng ka sone. A go na le dinako tse ka tsone o ka ineelang? (Bafilipi 4:5) Dira gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a itse gore o tla mo naya nako e e rileng ya gore a nne a le nosi fa fela a sa go tsietse. Mo tlhalosetse ditlamorago tsa go sa utlwe mme o diragatse se o solofetsang go se dira fa go tlhokega. Tlhomamisega gore o ka kgona go naya ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome nako e e rileng ya gore a nne a le nosi kwantle ga gore o tlogele seabe sa gago sa go nna motsadi yo o amegang.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Go ikanngwa go ntse jaaka madi a o a duelwang—o tshwanetse go go berekela