Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Bothata Jwa Metsi—Go Dirwa Eng ka Jone? (January 2009) Ke tshwenngwa ke kafa setlhogo seno se konelang ka teng. Go na le gore lo kgothaletse babadi ba lona gore ba thuse ba bangwe ka go aga didiba, ka go tshegetsa dithulaganyo tsa go boloka metsi kgotsa le e leng go batlisisa mo go oketsegileng ka bothata joo, setlhogo seo sa re: “Modimo ke ene a nang le tharabololo ya mmatota ka bothata jwa metsi e seng batho,” mo godimo ga moo o tla ‘“dira dilo tsotlhe disha.’ (Tshenolo 21:5)” Le fa gone dikgang tseno di itumedisa, a go ka se nne botoka go thusa fa re ntse re letile? Go na le mathata a le mantsi mo lefatsheng leno. Le fa gone Modimo tota a rulagantse gore go nne le tharabololo, re ka se ka ra nna fela re sa ikutlwe molato fa re ntse re letile mme Diabolo a dira se a se batlang.

S . S., United States

“Tsogang!” e a araba: Boikaelelo jwa setlhogo se se umakilweng fa godimo e ne e se go bolela gore batho ga ba na boikarabelo bope jwa go dira maiteko a go tokafatsa dilo gone jaanong. Jaaka setlhogo se ne sa bolela, “Modimo o file batho boikarabelo jwa go tlhokomela polanete eno.” Ka jalo, re gatisitse ditlhogo di le dintsi mo makasineng ono wa rona tse di kgothatsang babadi ba rona go dira sengwe go boloka meamuso ya lefatshe le go sireletsa tikologo. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, gantsi maiteko a batho a go sireletsa meamuso ya lefatshe a kgorelediwa ke melao e mo go yone batho ba tshwenyegileng thata ka go gola ga ikonomi go na le go sireletsa tikologo le ke bogagapa le bopelotshetlha jo batho ba bo ruileng ka ntlha ya go sa itekanelang ga bone. Ka gone he, ke ka lebaka leo re reng “Modimo ke ene a nang le tharabololo ya mmatota ka bothata jwa metsi.”

Lefatshe—Le Diretswe Gore go Tshelwe mo go Lone (February 2009) Mo nakong e mo go yone metswedi ya dikgang e kwalang fela ka dilo tse di dirang gore re ikutlwe re sa babalesega ka ntlha ya go gotela ga moya o o mo loaping, go bala motseletsele ono wa ditlhogo go ile ga dira gore ke nne le kagiso ya mogopolo tota. Mme gape ke ne ka kgothatsega thata le gore isagwe ya lefatshe ga e maswe jalo mme go na le moo, le tla nna paradaise e batho ba tla nnang mo go yone ka kagiso ka tsela ya mmatota le ka tsela ya semoya. Ke lo leboga go menagane.

M. H., Japane

Dyslexia Ga ya Ka ya Kgoreletsa Mekgele ya Me (February 2009) Le nna ke na le bothata jwa dyslexia, mme ka maswabi ga ke a ka ka tlhaloganya bogolo jwa bothata jwa me go fitlha fa nna le mosadi wa me re sena go abelwa tiro ya go nna barongwa mme ke leka go ithuta puo e sele. Ke fitlhetse setlhogo seno se kgothatsa thata, segolobogolo lebokoso le le mo tsebe 22, le le ileng la nthusa go tlhaloganya mofuta wa bothata jwa me. Ke ne ka kgothatsega go bala kafa Michael Henborg a ileng a kgona go ithuta dipuo di le mmalwa ka teng. Ke lo leboga thata.

M. M., Tanzania

Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Dira Jang Gore go Bala Baebele go Itumedise? (April 2009) Ke na le mathata a matlho mme ke dirisa Mokwalo wa Difofu kwa sekolong. Ruri ke anaanela dikgatiso tsa lona, tse di nthusitseng go fenya mathata a le mantsi a ke nang le one. Gantsi ke reetsa dikhasete le di-CD tsa lona pele ga ke ya go robala. Seo se dira gore ke thulamele ke akanya ka dilo tse di siameng. Ke ne ka reetsa setlhogo seno bobotlana ka makgetlo a le matlhano mme ka bona dikakantsho dingwe tse ka tsone nka tokafatsang tsela ya me ya go ithuta ke le nosi.

S. H., Fora