Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dinoga mo Kobamelong—Mo Nakong e e Fetileng le Gone Jaanong

Dinoga mo Kobamelong—Mo Nakong e e Fetileng le Gone Jaanong

Dinoga mo Kobamelong—Mo Nakong e e Fetileng le Gone Jaanong

BAEGEPETO ba bogologolo ba ne ba obamela dinoga, fela jaaka Ba-Minoan, baagi ba bogologolo ba kwa Kereta. Baiseraele bangwe ba bogologolo ba ne ba ntshetsa noga ya kgotlho ditlhabelo. Ba bangwe go tswa mo go sone setšhaba seo, ba ne ba fisa maswalo fa pele ga ditshwantsho tsa “dilo tse di gagabang.”—Esekiele 8:10-12; 2 Dikgosi 18:4.

Batho ba bogologolo ba Mexico le bone ba ne ba tseneletse thata mo kobamelong ya medimo ya dinoga. Modingwana o mogolo wa Ba-Maya—Itzamná—ka dinako tse dingwe o ne o tshwantshediwa ke noga. Quetzalcoatl, “noga ya mafofa” e ne e le modimo wa Ba-Toltec wa thuto, ngwao le filosofi. Ba-Aztec le bone ba ne ba tsaya modingwana ono e le modimo wa thuto mme e bile ba ne ba o tlotla jaaka mmopi wa batho. Malebana le ditiro tse dintsi le bokgoni jwa modimo oo, makasine wa Arqueología Mexicana (Thutamarope ya kwa Mexico) o bolela jaana: “Noga ya mafofa e ne ya nna le bokao jo bontsi, gongwe go gaisa modingwana ope.”

Ka makgolo a mantsi a dingwaga, baagi ba Mesoamerica ba ne ba obamela noga ya mafofa. Gompieno, Ba-Cora le Ba-Huichol, ba e leng batho ba kwa Mexico, ba sa ntse ba dumela mo modimong oo. Ka malatsi a a rileng a meletlo, go nna le metantsho e mo go yone ba ba nnang le seabe ba ikgabisang ka mafofa mme ba bo ba itshikinya mmele jaaka noga. Ba-Quiche, ba nna le moetlo wa botsalo o mo go one ba tantshang ba dirisa dinoga tse di tshelang. Ba-Chorti, setlhopha sengwe sa Ba-Maya kwa Guatemala, ba obamela noga nngwe ya mafofa e ba e amanyang le baitshepi bangwe ba Bakatoliki.

Potso ke gore, Mmopi wa batho le diphologolo—go akaretsa le dinoga—o leba jang kobamelo ya medimo ya dinoga?

Boikutlo Jwa Modimo ka Kobamelo ya Dinoga

Jehofa Modimo o ne a naya setšhaba sa bogologolo sa Iseraele taelo eno: “O se ka wa itirela setshwantsho se se setilweng kgotsa popego e e tshwanang le epe fela e e kwa magodimong kwa godimo kgotsa e e mo lefatsheng fa tlase kgotsa e e mo metsing kafa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go tlhotlhelediwa go di direla.”—Ekesodo 20:4, 5.

Jehofa o iletsa batho ba gagwe go obamela ditshwantsho tsa diphologolo tse di jaaka dinoga. Ka jalo, a seno ga se bontshe sentle gore batho ba ba batlang gore a ba amogele ba tshwanetse go tila kobamelo ya dinoga? Ke eng fa Modimo a gana kobamelo ya medingwana, go akaretsa kobamelo ya dinoga? Lebaka le tlhamaletse: O naya batho, dinoga le dilo tse dingwe tsotlhe tse di tshelang botshelo. Tsotlhe ke ditiro tsa diatla tsa gagwe, ka jalo, ke ene a tshwanetseng go obamelwa, e seng dilo tse a di bopileng.

Ka sekai: A re re motlhami wa dipolane o agile matlo mme a bo a a naya batho gore ba nne mo go one le go a itumelela. Go tweng fa e le gore batho bao ba leboga le go baka matlo ao go na le gore ba leboge motlhami wa dipolane? A seo e ka se ka ya nna boeleele le e leng selo se se kgopisang mo motlhaming wa dipolane yo o pelotshweu yono? Ka tsela e e tshwanang, go obamela diphologolo go na le Mmopi wa tsone go kgopisa Modimo.

Kwantle ga pelaelo he, batho ba ba batlang gore Modimo a ba amogele ba tshwanetse go tsaya tsia tlhagiso eno ya ga moaposetoloi Johane: “Bana ba bannye, itiseng mo medingwaneng.”—1 Johane 5:21.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

GO OBAMELA GO TSHWERWE DINOGA

● Kwa borwabotlhaba jwa United States, dikereke di le mmalwa tse di ngokang batho di tshwara dinoga tse di botlhole tse di tshelang. Batho bangwe ba gokelela nngwe ya dibopiwa tse di botlhole tseno mo magetleng a bone, fa ba bangwe bone ba tsholetsa dinoga di le mmalwa ka nako e le nngwe. Go tsholetsa le go sutisa dinoga go ka di tshosa mme ga dira gore di lome. Go ralala dingwaga, baobamedi bangwe ba ba tshwarang dinoga ba ile ba swa ka ntlha ya go longwa ke dinoga.

Batho ba ba tshwarang dinoga ba thaya se ba se dirang mo go Mareko 16:17, 18. Ditemana tseo di akaretsa mafoko a a reng: “Ba tla tshwara dinoga ka diatla tsa bone.” King James Version le dithanolo tse dingwe tsa bogologolo di ranola ditemana tseo e kete e ne e le karolo ya mokwalo wa ntlhantlha. New Revised Standard Version, New American Standard Bible, le The New King James Version di bontsha gore ditemana tseo ga di tlhagelele mo mekwalong e mentsi ya seatla ya bogologolo thata ya Efangele ya ga Mareko.

Dithuto tsa Baebele ga di tshegetse kgopolo ya gore go tshwara dinoga ke karolo e e amogelesegang ya kobamelo ya boammaaruri. Baebele ya re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Ga go na pelaelo gore o tla dumela gore Mmopi wa rona yo o lorato a ka se ka a batla gore baobamedi ba gagwe ba boammaaruri ba dire meetlo e e kotsi gore ba tle ba mo itumedise. Morwawe e bong Jesu o ne a re laletsa jaana: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.” (Mathaio 11:28, 29) Ga go na pelaelo gore go tshwara dinoga mme go bo go direga gore motho a utlwe botlhoko, a lwale, tota le e leng go swa ka ntlha ya seo, ga se se Jehofa le Jesu ba batlang se diragalela balatedi ba bone!

[Motswedi wa Setshwantsho]

REUTERS/Tami Chappell

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Tlhogo ya noga ya mafofa mo loboteng lwa tempele ya Ba-Aztec

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Setshwantsho sa ga Quetzalcoatl, modimo wa noga ya mafofa wa Ba-Toltec

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Top: REUTERS/Tami Chappell; bottom: © Leonardo Díaz Romero/age fotostock