Go Fofisa Enjene
Go Fofisa Enjene
KA MAKGOLOKGOLO a dingwaga, batho ba ne ba eletsa go fofa. Mme gone, motho ga a na mesifa e e nonofileng mo a ka kgonang go fofa. Ka 1781, James Watt o ne a tlhama enjene e e dirang ka moyametsi e e kgonang go tsamaisa motšhini, mme ka 1876, Nikolaus Otto o ne a tsweletsa pele kgopolo eo ka go tlhama enjene e e dirisang setukisi. Jaanong motho o ne a na le enjene e e neng e ka fofisa sefofane. Mme gone ke mang yo o neng a ka se dira?
E sa le bomorwa Wright e leng Wilbur le Orville ba ne ba batla go dira sengwe se se ka fofang, fa ba ne ba ithuta go fofisa dikhaete e sa ntse e le basimane. Moragonyana ba ne ba ithuta boenjeniri ka go dira dibaesekele. Ba ne ba lemoga gore kgwetlho e kgolo ya go dira sefofane ke go dira gore se kgone go laolwa. Sefofane se se sa kgoneng go laolwa mo moyeng se tshwana fela le baesekele e e sa kgoneng go kgweediwa. Wilbur o ne a ela tlhoko maeba fa a ntse a fofa mme a lemoga gore a a sekama fa a fofela ntlheng e e rileng, jaaka bapalami ba dibaesekele ba dira. O ne a swetsa gore dinonyane di a sekama mme di bo di itshetlela mo moyeng ka go fetofetola dintlhana tsa diphuka tsa tsone. O ne a tla ka leano la go dira lephuka le le tla kgonang go fetofetoga.
Ka 1900, Wilbur le Orville ba ne ba tlhama sefofane se se nang le diphuka tse di kgonang go fetofetoga. Ba ne ba se fofisa la ntlha e le khaete mme moragonyana e le sefofane se se se nang enjene. Ba ne ba lemoga gore go tlhokega di-gear tse tharo go fetofetola sefofane fa se ya kwa godimo le kwa tlase lephuka le lengwe le sekamela kwa tlase thata, le fa se ya kwa matlhakoreng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba kgobega marapo thata fa diphuka tsa sefofane seno di ne di sa nonofa thata gore se kgone go ya kwa godimo, ka jalo, ba ne ba aga thanele ya phefo ba bo ba dira diphuka tse dintsi tse di nang le dipopego tse di farologaneng go fitlha ba bo ba bona popego, bogolo le enkele e e tshwanetseng. Ka 1902, ka sefofane se sesha ba ne ba kgona go dira gore se itsetsepele mo phefong. A jaanong ba ne ba ka kgona go se tsenya enjene?
Sa ntlha, ba ne ba tshwanelwa ke go itlhamela enjene ya bone. Ka kitso e ba nnileng le yone ka go dira thanele ya phefo, ba kgonne go rarabolola bothata jo bo neng bo raraane jwa go tlhama lefetlho. Kgabagare ka December 17, 1903, ba ne ba simolola go dumisa enjene, lefetlho la simolola go dikologa mme sefofane sa fofela mo phefong e e tsididitsididi. Orville o ne a re: “Re fitlheletse maikaelelo a re neng re na le one fa re ne re le basimane. Re ne re ithutile go fofa.” Barwa bano ba ne ba tuma lefatshe ka bophara. Mme gone, ba kgonne jang go fofisa sefofane? Ee, tlholego e nnile le seabe.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
“Sefofane” sa Boorra Wright kwa North Carolina, kwa U.S.A., ka 1903, (setshwantsho se se boeleditsweng)