Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang Yo o E Dirileng Pele?

Ke Mang Yo o E Dirileng Pele?

Ke Mang Yo o E Dirileng Pele?

KA 1973, Dr. Martin Cooper e ne e le motho wa ntlha go bontsha kafa founo ya selula e berekang ka teng. E ne e na le beteri, radio le khomputara e nnyennye. Batho ba kwa New York ba ne ba gakgamala go bona Cooper a founa mo mmileng. Mme seno se ne sa kgonega fela ka gonne ka 1800 Alessandro Volta o ne a tlhama beteri e e berekang sentle. Mo godimo ga moo, thelefouno e ne ya diriwa ka 1876, radio ka 1895 mme khomputara ka 1946. Kgabagare, go tlhamiwa ga khomputara e nnyennye ka 1971 go ne ga dira gore go dirwa ga difouno tsa selula go kgonege. Le fa go ntse jalo, re ka ipotsa gore, A go buisana ka didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo tota ke selo se sesha?

Sedirisiwa sengwe sa puisano se gantsi se itlhokomolosiwang ke lentswe la motho. Dinyurone tse di fetang halofo ya dibilione mo karolong e e fa gare ya boboko jwa gago ke tsone di laolang dirwe tsa go bua, mme mesifa e e ka nnang 100 e laola go dira ka tsela e e raraaneng ga loleme, dipounama, lotlhaa, kgokgotso le sehuba sa gago.

Tsebe ya gago le yone ke karolo ya thulaganyo eo ya puisano. E fetola modumo go nna dikarolonyana tse boboko jwa gago bo ka di tlhaloganyang. Boboko jwa gago bo sekaseka modumo gore o tle o kgone go lemoga batho ka mantswe a bone. Gape boboko jwa gago bo lekanya gore ke metsotswana ya dimilione e le mekae e tsebe ya gago e di utlwang pele ga e nngwe, e bo e lekanya sentle gore modumo o tswa kae. Tseno ke dilo di le pedi fela tse di dirang gore o kgone go reetsa motho a le mongwe ka nako, tota le fa go ka tswa go na le ba bangwe ba le mmalwa ba ba buang.

Ka jalo, tsela ya go buisana go dirisiwa difouno tse di se nang megala (tse ka tsone o kgonang go lemoga gore ke mang yo o go founetseng) ga se selo se sesha. E simologile mo dilong tsa tlholego.

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 3]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 3]

1800

Beteri e e berekang sentle

1876

Thelefouno

1971

Khomputara e nnyennye

1973

Dr. Martin Cooper o dira founo e o kgonang go tsamaya ka yone

Dr. Cooper and mobile phone: © Mark Berry

[Ditshwantsho mo go tsebe 2]

Right side of page 2, front to back, reenacted photos: Guglielmo Marconi with his radio equipment; Thomas Edison and the lightbulb; Granville T. Woods, a communications inventor; the Wright Brothers and the 1903 Wright Flyer