Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mesele ya Odessa—Mafaratlhatlha a a Kafa Tlase ga Mmu

Mesele ya Odessa—Mafaratlhatlha a a Kafa Tlase ga Mmu

Mesele ya Odessa—Mafaratlhatlha a a Kafa Tlase ga Mmu

GO NE ga bonala lephanyego le le telele mo loboteng lo lo neng lo sa tswa go poleiseteriwa mo foleteng e e neng e sa tswa go ntšhafadiwa. Mong wa folete o ne a ngongorega jaana: “Ee, ke mesele ele e e kafa tlase ga mmu e e dirang gore moago wa rona o sekame jaana.”

Le fa bothata e ka tswa e le eng—e ka tswa e le diphaepe tsa metsi tse di thubegang kgotsa tsela e e gosomelang—dithanele tse di kafa tlase ga toropo e ntle ya Odessa ya kwa Ukraine e e mo Lewatleng le Lentsho ke tsone tse di bakang bothata. Go fopholediwa gore go na le diphashiti tse di kafa tlase ga mmu tse di boleele jwa dikilometara di le 2 500, e ka tswa e le mesele e mogolo go gaisa mo lefatsheng.

Re ne ra ipotsa gore ‘dithanele tseno di nnile teng jang?’ ‘Di na le seabe sefe mo matshelong a batho ba ba nnang mo godimo ga tsone?’ Go ya go di bona go ne ga araba dipotso tsa rona.

Loeto Kafa Tlase ga Mmu

Bese e re neng re tsamaya ka yone e ne ya tloga kwa seteisheneng sa terena sa kwa Odessa e rwele setlhopha se se itumetseng sa bajanala ba ba mo malatsing a boikhutso le baithuti. Ka nako ya loeto lwa rona go ya go bona mesele eno, mokaedi wa rona o ne a re tlhalosetsa ka hisitori nngwe ya yone.

Re ne ra utlwa gore go bonala fa go epiwa ga mesele eno go simologile ka dingwaga tsa bo1830, fa toropo eno e ne e tlhoka dilo tsa go aga tse di sa tureng le tse di ka bonwang motlhofo. Ka lesego, kafa tlase ga toropo go ne go na le dileyara tse di botlhofo tse di nnelang ruri tsa manyaphiri a a serolwana. Ka jalo, go thuba maje e ne ya nna kgwebo e e golang e e dirang madi mo toropong eno. Fa batho ba ba berekang mo meepong ba ne ba epa maje ano, mesele eno e ne ya simolola go bopega.

Ka bonako go ne ga nna le mafaratlhatlha a mesele e e neng e anama kafa tlase ga toropo. Go ne ga epiwa dithanele tse di boteng jwa dimetara di le 35 kafa tlase ga mmu. Ka dinako dingwe, tse dingwe di ne di kgabaganya tse dingwe ka bogodimo jo bo farologaneng. Dikhuti di ne di tlogelwa fa di ne di sa tlhole di na le manyaphiri mme go bo go epiwa tse disha. Fa nako e ntse e tsamaya, mafaratlhatlha ano a dithanele a ne a anamela kgakalanyana le toropo.

Go ise go ye kae, bese ya rona e ne ya goroga kwa Nerubaiske, motsana mongwe o o ka kwa ntlheng ya bokone jwa Odessa. Ka bonako re ne ra iphitlhela re eme fa thoko ga lobota lwa manyaphiri lo lo nang le heke e e boima ya tshipi e e neng e tswala thanele ya mafaratlhatlha a mosele. Mokaedi wa rona o ne a re tlhalosetsa jaana: “Gone jaanong re tla tsena mo teng ga lefelo le majelathoko a kwa Soviet a neng a nna mo go lone ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Lo tla kgona go bona gore ba ne ba tshela jang fano ka nako eo.” Go ya ka Andriy Krasnozhon, moitse wa mesele, setlhopha se le sengwe sa majelathoko se ne se nna fano kafa tlase ga mmu ka dikgwedi di le 13.

Mokaedi wa rona o ne a oketsa jaana: “Gakologelwang, ka nako nngwe, ba bangwe ba le bantsi ba ne ba nna mo dikarolong tse di farologaneng tsa mesele eno. Batho bao ba ne ba akaretsa bathukuthi, magodu a dikepe le batshabi ba dipolotiki. Botlhe ba ne ba nna kafa tlase ga maemo a a tshwanang.”

Re ne ra tsena mo phashiting e e lefifi. Mokaedi wa rona o ne a re: “Dithanele tseno e ne e se fela mafelo a majelathoko a neng a iphitlha mo go one, mme ba ne ba nna monate mo go one.” “Mo phaposing ya boitlosobodutu, banna ba ne ba tshameka morabaraba, chess, di-domino, ba dirisa lesedi la dikerese. Diphaposi tse banna le basadi ba neng ba nna mo go tsone di ne di epiwa mo lefikeng go tswa mo thaneleng e kgolo. Mo go nngwe le nngwe ya diphaposi tseno go ne go epiwa shelofo mo teng ga lobota mme e ne e khurumediwa ka bojang. Eno e ne e nna shelofo e go robalwang mo go yone. Karolo ya kokelo e ne e na le malao a mmatota le phaposi ya karo. Basadi ba ne ba apeela mo ditofong tsa logong tse di dirilweng ka manyaphiri a a serolwana, mme go ne go dirwa gore mosi o tswe ka thanele e e kwa godimo.”

Siling ya thanele e ne e tshwana le sepontšhe sa tlholego, pharologanyo e le fela gore yone e thata. Go ne go na le matshwao a saga a a manyokenyoke mo maboteng mo go epilweng maje a magolo teng. Fa o tshwara mabota a ne a utlwala jaaka pampiri e e gotlhang e e magwata thata. Mokaedi wa rona o ne a tlhalosa jaana: “Fa majelathoko a ne a tswela kwa ntle, a ne a apara diaparo tse dingwe gore Bajeremane ba se ka ba kgona go ba itse ka monko wa bone. Bongola jwa mesele eno bo ne bo utlwala mo diaparong ka monko o o tlhomologileng.”

Mokaedi wa rona o ne a re: “Go ne go na le dilo tse dingwe tse di sa tlwaelegang tse di neng di direga kafa tlase ga mmu, jaaka go nna mo lefifing la mma-ntshwarele-ngwana.” O ne a tima lobone mme seo sa dira gore re nne mo lefifing. O ne a re: “Ba ne ba sa kgone go tshuba mabone a bone a lookwane ka metlha.” Mme fa re ntse re tsamaya re itshegeditse ka lobota, o ne a oketsa jaana, “Mafika a kometsa modumo, ka jalo, fa o ka timela, ga go na ope yo o tla go utlwang fa o goa.” Ka go re utlwela botlhoko, mokaedi wa rona o ne a tshuba mabone gape!

O ne a tswelela ka gore: “Badisa ba ne ba bereka nako ya diura di le pedi fela ka gonne morago ga go nna nako e telele mo lefifing, e bile go na le tidimalo e e feletseng, motho a ka simolola go utlwa medumo.” Khuti e e neng e le mo borulelong jwa thanele e ne ya dira gore re bone thanele e e kwa godimo e e neng e kgabaganya e re neng re le mo go yone. Ke ne ka ipotsa jaana: ‘E tswa kae? E ya kae?’ Ke ne ke ikutlwa ke itemogelela sengwe se sesha. Mokaedi wa rona o ne a re: “Go ribolotswe fela mesele ya dikilometara tse di ka nnang 1 700, ka jalo, go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa.”

Baribolodi ba bosheng jaana ba sa tswa go bona dithanele tse disha. Mo teng ga tsone ba bone makwalodikgang a a nang le makgolokgolo a dingwaga, mabone a lookwane a a neng a dirisiwa pele ga diphetogo le madi a motlha wa babusibagolo ba kwa Russia. Dilo tse di ntseng jalo tse di ribolotsweng—tse ka makgolokgolo a dingwaga di neng di sa amiwe ke ope—e ne e le tsa baagi ba bogologolo, ba ba neng ba nna mo meseleng e e kwa tengteng e e lefifi e meleele ya Odessa.—Re se abetswe.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

DIPOLANE TSA DIKAGO TSE E LENG MATLOTLO

Go sa ntse go na le meago e mentle e e dirilweng ka manyaphiri a a serolwana a a epilweng kafa tlase ga toropo ya Odessa. Mangwe a mabati a diphaposi tse di kwa tlase tsa yone a bulela ka tlhamalalo mo teng ga mesele eno. Meago e mesha e ntse e tswelela e agiwa ka manyaphiri ano.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Malao a kokelo a a neng a dirisiwa ke Ba-Soviet ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Go akanngwa gore mesele ya Odessa e na le diphashiti tsa dikilometara di le 2 500 kafa tlase ga mmu