Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se re Se Ithutang mo Tlholegong

Se re Se Ithutang mo Tlholegong

Se re Se Ithutang mo Tlholegong

“A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale.” —Pesalema 104:24.

BATHO ba le bantsi ba dirisa lefoko “tlholego” go kaya motswedi wa dilo tse di tshelang. Ka sekai, mo kgatisong ya March 2003, lokwalopaka lwa Scientific American lo ne lwa bolela jaana: “Mo dilong tsotlhe tse di apesitseng mmele, tse tlholego e di tlhamileng, mafofa ke nngwe ya dilo tse di farologaneng thata e bile a gakgamatsa thata.” Le fa mokwadi a ka tswa a akanya gore tlholego ke maatla fela, o bolela gore tlholego e “tlhamile” mafofa. A maatla a ka tlhama dilo?

Go “tlhama” go kaya “go rulaganya (sengwe) o akantse ka maikaelelo a a rileng.” (The New Oxford Dictionary of English) Ke motho fela yo o ka kgonang go tlhama le go simolola sengwe. Fela jaaka batho ba ba tlhamang dilo ba na le maina, Mmopi le ene o na le leina. Jehofa ke Mmopi wa dilo tsa tlholego. Ke ene fela “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe,” yo o “[bopileng] dilo tsotlhe.”—Pesalema 83:18; Tshenolo 4:11.

Re ithuta eng mo popong? Dithuto tsa yone tse dikgolo di re bolelela ka Jehofa le ka dinonofo tsa gagwe tse dintle, go akaretsa le botlhale jwa gagwe. “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” (Baroma 1:20) Mo dilong tsa tlholego re ithuta gore botlhale jwa Modimo bo gaisa jwa rona thata. Fa e le gore Modimo o kgona go tlhama dilo botoka go na le batho ba ba dirileng dilo, a seo ga se bontshe gore a ka kgona go re gakolola botoka go na le bagakolodi ba batho?

Kgakololo ya Modimo ga e bonwe thatathata mo “bukeng ya tlholego,” mme e kwadilwe mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. O akanya eng? A Motlhami wa dirwe tsa rona tsa puisano a ka batla go buisana le rona? Go bonala go utlwala gore a ka batla go dira jalo. Baebele ya re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.”—2 Timotheo 3:16.

Fa o fitlhela go kgatlha go ithuta ka batho ba ba dirileng dilo, o tla fitlhela gore go ithuta ka Mmopi go kgatlha le go feta. Ka sekai, gongwe o ka rata go itse dikarabo tsa dipotso tse di jaaka: Ke eng fa re boga mme re bo re swa? A tota seno ke boikaelelo jwa Modimo ka batho? Fa e le gore ga go a nna jalo, ke eng fa Modimo a letleletse go boga?

Le fa baitsesaense ba ka tswa ba dumela seo kgotsa nnyaa, ba ithutile go tlhama dilo go tswa mo go Jehofa. Le wena o ka ithuta go le gontsi go tswa mo Mmoping wa rona. Ka sekai, o ka ithuta gore o ka nna jang le lenyalo le le tlhomameng, gore o ka godisa jang bana ka katlego, gore boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe le dilo tse dintsi tse dingwe tse di ka dirang gore botshelo jwa gago bo nne le bokao. Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e ka go thusa go solegelwa molemo ka botlalo ke Lefoko la Modimo.