Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sedirisiwa se se Supang Tsela se se Itirisang

Sedirisiwa se se Supang Tsela se se Itirisang

Sedirisiwa se se Supang Tsela se se Itirisang

GONGWE o itse gore go thata jang go bona kwa o yang gone mo toropong e o sa e tlwaelang. Ka jalo, mokaedi a ka kgona jang go bona kwa a yang gone mo lewatleng le legolo thata le go se nang matshwao ape mo go lone? Go nna le kompase fela go ka se thuse fa mokaedi a sa itse mo a leng teng le kwa a yang teng. E nnile fela fa go sena go dirwa sedirisiwa se se bidiwang sextant le tshupanako ya lewatle ka bo1730, fa batsamai ba ne ba kgona go bona lefelo le tota ba neng ba le kwa go lone le go bona kwa ba yang gone ba lebile mmapa—mme go kgona go bona mafelo ano go tsere matsapa a diura di le dintsi.

Gompieno bakgweetsi ba dikoloi mo dinageng di le dintsi ba kgona go bona tsela ya kwa ba yang teng ka go dirisa didirisiwa tse di sa tureng tse di golagantsweng le Global Positioning System (GPS). O tsenya fela aterese ya lefelo le o yang kwa go lone. Sedirisiwa seno se ka go bontsha sentle mo sekirining sa sone gore o fa kae. Go tswa foo se tla bo se go kaela kwa o batlang go ya gone. Se bereka jang?

Didirisiwa tse di supang tsela tsa sathalaete di ikaegile ka disathalaete tse di ka nnang 30 tse di supang matshwao a a bontshang gore sathalaete e fa kae le nako ka metsotswana e le dibilione di le mmalwa. Fa sedirisiwa sa gago se setse se amogetse matshwao a a tswang kwa disathalaeteng di le mmalwa, e tla lekanya ka nepo gore letshwao le tsaya nako e kana kang go tswa mo sathalaeteng go ya mo seamogeding sa gago. Ka tshedimosetso eno, se ka kgona go go bontsha fa o leng gone. Mathemetiki ano a raraane tota. Ka metsotswana e se kae, se tlhakanya selekanyo sa sekgala sa disathalaete di le tharo, tsotlhe di le bokgakala jwa dikilometara di le dikete, di tsamaela mo dintlheng tse di farologaneng e bile di tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le dintsi ka motsotswana.

Porofesa Bradford Parkinson le Ivan Getting ba ne ba dira GPS bogologolo kwa tshimologong ya bo1960. Le fa gone kwa tshimologong e ne e diretswe go dirisiwa mo sesoleng, moragonyana batho botlhe ba ne ba letlelelwa go e dirisa, mme ya simolola go dirisiwa ka botlalo ka 1996. Sedirisiwa sa GPS ke kgakgamatso mo thekenolojing ya khomputara, mme gone a ke sedirisiwa sa ntlha se se supang tsela, se se kgonang go itirisa?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

Globe: Based on NASA photo