Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thelebishene

Thelebishene

Thelebishene

KA BONAKO morago ga gore batho ba ithute go dira gore lentswe le kgone go phasalala, batlhami ba ne ba ipotsa gore a ba ka kgona go dira ditshwantsho tsa thelebishene. E le go tlhaloganya kgwetlho e e leng teng, akanya kafa thelebishene e dirang ka gone gompieno.

Sa ntlha khamera ya thelebishene e lebisa setshwantsho kwa sedirisiweng sengwe se se tla bong se “bala” setshwantsho seno jaaka fa o bala ditlhaka. Le fa go ntse jalo, go na le gore e bale mela ya ditlhaka tse di mo tsebeng, e bala mela ya dikhutlonyana tse di mo setshwantshong. E fetolela se e se bonang go nna letshwao la eleketeroniki la bidio e e ka romelwang kwa lefelong le lengwe. Mme dikhutlonyana tseno di fetolelwa go nna ditshwantsho tsa thelebishene.

Monna mongwe wa Mo-Scott e bong John Logie Baird o ne a newa tlotlo ya gore ke ene motho wa ntlha yo o simolotseng thelebishene. Fa bolwetse bo ne bo dira gore a tlogele tiro ya gagwe ya boenjeniri jwa motlakase, o ne a dira sengwe se a neng a sa bolo go se kgatlhegela fa a sa le mosha—kafa a ka tlhamang motšhine o o tla kgonang go bontsha ditshwantsho tsa thelebishene ka teng.

Khamera ya thelebishene ya ga Baird e ne e dirisa disiki (e kwa tshimologong e neng e le lebokoso) e e phuntsweng diphatlha di le 30 tse di itshopeletsang. Fa disiki eno e dikologa, diphatlha di bona methalo e e latelanang ya setshwantsho e bo e dira gore lesedi le tsene mo seleng ya eleketeroniki e e tsayang ditshwantsho. Sele eno e ntsha letshwao la bidio e e rometsweng kwa seamogeding sa matshwao a eleketeroniki. Mo seamogeding seno, letshwao le ne la godisiwa gore le phatsimise lesedi kwa morago ga disiki e nngwe e e tshwanang le yone e e dikologang go ntsha setshwantsho. Kgwetlho e ne e le go dira gore didisiki tseno di bereke mmogo. Fa Baird a ntse a bereka mo porojekeng eno, o ne a itshedisa ka go phatsimisa ditlhako.

Baird o ne a romela ditshwantsho tsa gagwe tsa ntlha tsa thelebishene go tswa ntlheng e nngwe ya kamore ya gagwe e e kwa godimo go ya ntlheng e nngwe ka October 2, 1925. Motho wa ntlha go tlhagelela mo thelebisheneng e ne e le mosimane mongwe yo o neng a tshogile yo o neng a bereka mo ofising e e kwa boalong jo bo kwa tlase, yo o neng a patelediwa go dira tiro eno ka go duelwa madi a mannye. Ka 1928, Baird o ne a gasa ditshwantsho tsa ntlha tsa thelebishene go ralala Atlantic. Fa John Baird a goroga kwa New York, monna yono wa Mo-Scott o ne a tlhabiwa ke ditlhong fa a ne a dumedisiwa ke setlhopha sa batho ba ba tshamekang folutu. O ne a tumile. Mme gone, a e ne e le motho wa ntlha go dira ditshwantsho tsa thelebishene?