Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlholego e Nnile le Tsone Pele

Tlholego e Nnile le Tsone Pele

Tlholego e Nnile le Tsone Pele

“Tsweetswee, botsa, . . . dibopiwa tse di nang le diphuka tsa magodimo, mme di tla go bolelela. . . . Seatla sa ga Jehofa ka bosone se dirile seno.”—Jobe 12:7-9.

SENGWE le sengwe ka dinonyane se bonala se diretswe gore di kgone go fofa. Ka sekai, dithitonyana tsa mafofa a diphuka di tshwanetse go rwala bokete jotlhe jwa nonyane fa e fofa. Go tla jang gore diphuka tseno di nne bofefo mme gape di bo di nonofile? Fa o ka sega lefofa ka bogare o tla bona gore ke ka ntlha yang. Le tshwana le se baenjeniri ba reng ke sepontšhe se se nonofileng. Le na le dilo tse e keteng ke sepontšhe ka fa gare mme kafa ntle le magwata. Baenjeniri ba ntse ba ithuta ka bokafagare jwa lefofa, ba dirisa ditshipi tse di motlhofo mme di nonofile mo difofaneng.

Marapo a dinonyane le one a dirilwe ka tsela e e gakgamatsang. Bontsi jwa one a lolea kafa gare, mme a mangwe a nonotshiwa ke se baenjeniri ba reng ke Warren girder. Se se kgatlhang ke gore, go dirisitswe mokgwa o o tshwanang fa go ne go tlhamiwa diphuka tsa sesutlhalefaufau.

Bakgweetsi ba difofane ba tsamaisa difofane tsa segompieno ka go nna ba fetola diphuka le mogatla go sekaenyana. Mme nonyane yone e dirisa mesifa e le 48 mo diphukeng le mo legetleng, e le gore e fetole motsamao wa dikarolo dingwe tsa diphuka le lefofa lengwe le lengwe, e dira jalo makgetlho a le mmalwa ka motsotswana. Ga go gakgamatse he, go bo batlhami ba difofane ba eletsa thata jaana go dirisa bokgoni jo nonyane e nang le jone jwa go fofa!

Go fofa bogolo jang go tloga fa fatshe, go tlhoka maatla a mantsi. Ka jalo, dinonyane di tlhoka “enjene” e e maatla e e tukang ka bonako. Pelo ya nonyane e itaya ka bonako go feta seamusi se se lekanang le yone, mme gantsi e kgolwane e bile e nonofile go feta. Gape, makgwafo a nonyane a farologane, a dirilwe ka tsela ya gore madi a elelele ntlheng e le nngwe e leng tsela e e botoka thata go na le ya diamusi.

“Enjene” ya nonyane e na le bokgoni jo bo kana kang? Bokgoni jwa sefofane bo lekanngwa ka gore se kgona go rwala lookwane lo lo lekaneng go le kana kang. Fa sefofane sa Boeing 747 se tsaya loeto lwa diura di le lesome, mo e ka nnang tharong ya boima jwa sone ke lookwane. Ka tsela e e tshwanang, nonyane e e fudugang ya losika looletsitsirupa e ka latlhegelwa ke mo e ka nnang halofo ya bokete jwa mmele wa yone fa e fofa diura di le lesome. Mme fa nonyane ya bar-tailed godwit e tswa kwa Alaska e ya kwa New Zealand, bokete jo bo fetang halofo jwa mmele wa yone ke mafura. Se se gakgamatsang ke gore e fofa diura di le 190 (malatsi a le robedi) e sa eme. Ga go na sefofane sepe se se rwalang batho se se ka dirang jalo.