Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlholego e Nnile le Tsone Pele

Tlholego e Nnile le Tsone Pele

Tlholego e Nnile le Tsone Pele

“Le eleng mogolori kwa magodimong—o itse sentle metlha ya one e e tlhomilweng.”—Jeremia 8:7.

DINGWAGA di ka nna 2  500 tse di fetileng Jeremia o ne a kwala a bua ka mogolori o o fudugang. Gompieno, batho ba sa ntse ba gakgamalela dibopiwa tse di fudugang, tse di jaaka ditlhapi tsa salmon tse di ka kgonang go thuma dikilometara di le diketekete mo lewatleng mme di bo di boela kwa molatswaneng o di tsaletsweng kwa go one mme dikhudu tsa lewatle tse le tsone di tsamayang sekgala se seleele. Nngwe ya tsone e e neng ya beela mae kwa Indonesia e ne ya bonwa e fuduga dikilometara di le 20 000 go ya kwa lobopong lwa Oregon kwa United States. Gantsi dikhudu tseno di boela teng kwa lefelong le di tswang kwa go lone kwa Indonesia go ya go boa di beela mae teng.

Ditshedi dingwe di kgona go boela kwa di tswang teng, seno ke bokgoni jo bo gakgamatsang thata jo bo fetang bokgoni jwa bafudugi jwa go kgona go bona tsela. Ka sekai, babatlisisi ba ile ba tsaya dinonyane tsa di-albatross di le 18 ka sefofane go tswa kwa setlhaketlhakeng se sennye kwa bogareng jwa Lewatle la Pacific ba di isa kwa mafelong a a farologaneng, bokgakala jwa dikilometara di le dintsintsi mme ba bo ba di tlogela—tse dingwe gaufi le losi lo lo kwa bophirima jwa noka mme tse dingwe kwa ntlheng ya botlhaba. Mo dibekeng di le mmalwa, bontsi jwa dinonyane tseno di ne di boetse gae.

Maphoi a ile a fudusediwa dikilometara tse di fetang 150 go ya kwa mafelong a di sa a itseng a idibaditswe kgotsa a tsentswe mo metomong e e dikologang, le fa go ntse jalo, fa a sena go dikologa ka makgetlo a le mmalwa, a ne a kgona go bona fa a leng gone mme a boela sentle kwa a tswang teng. E re ka maphoi a ka kgona go bona kwa a tswang gone le fa a tsentswe digalase tsa matlho tse di sa bonaletseng, babatlisisi ba dumela gore a kgona go bona kwa a tswang gone ka go ela tlhoko matshwao a ka one a amogelang tshedimosetso e e botlhokwa ya go bona tsela.

Dirurubele tsa di-monarch tse di tswang kwa mafelong a magolo kwa Amerika Bokone di fuduga dikilometara tse di fetang sekete go ya kwa lefelong le lennye la kwa Mexico. Le fa gone di ise di ko di ye Mexico, di kgona go bona tsela, gantsi di ya kwa ditlhareng tse bagologolwane ba tsone ba neng ba nna mo go tsone mo ngwageng o o fetileng. Babatlisisi ba sa ntse ba gakgamala gore di kgona go dira seno jang.

Le fa didirisiwa tsa rona tse di re kaelang tsela di ikaegile gotlhelele ka disathalaete, go bonala diphologolo di le dintsi di kgona go dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go bona tsela—ka go ela tlhoko matshwao le letsatsi tota le e leng go ela tlhoko maatla a makenete, menko e e tlhomologileng le medumo. Porofesa wa thutotshelo e bong James L. Gould o kwala jaana: “Diphologolo tse matshelo a tsone a ikaegileng ka tsela e e tlhomameng ya go bona tsela di bopilwe ka botlhale jo bogolo thata. . . . Gantsi di na le ditsela tse di farologaneng tse di ka di dirisang—di na le ditsela tse dintsi tse di ka di dirisang go ikaegile ka gore ke tshedimosetso efe e e tlhomameng thata.” Mokgwa wa maemo a a kwa godimo o diphologolo di kgonang go bona tsela ka one o sa ntse o gakgamatsa babatlisisi.