Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Go fopholediwa gore madi a a dirisitsweng mo sesoleng mo lefatsheng lotlhe ka 2008 a fitlha go [diranta di le dibilione di le 11 092]. Seno ke koketsego . . . ya diperesente di le 45 fa e sale ka 1999.”—STOCKHOLM INTERNATIONAL PEACE RESEARCH INSTITUTE, SWEDEN.

“Go ya ka Google, go tsenngwa diaterese tsa khomputara di le dibilione di le mmalwa mo [Internet] letsatsi lengwe le lengwe.”—NEW SCIENTIST, BRITAIN.

“[Go ne go] solofeditswe gore ka 2009 mo lefatsheng lotlhe tlala e tla tlhatlogela kwa godimo thata go gaisa mo hisitoring, mme batho ba le dimilione di le 1 020 ba bolawa ke tlala letsatsi le letsatsi.”—FOOD AND AGRICULTURE ORGANIZATION OF THE UNITED NATIONS, ITALY.

Kamela ya Ntlha e e Dirilweng ka Disele

Fa e sale ka 1996, fa babatlisisi ba ne ba dira nku ya ntlha ka disele, diamusi tse dingwe di le mmalwa—tse di akaretsang dikgomo, dipodi le dipitse—di ne tsa dirwa ka mokgwa o o tshwanang. Gone jaanong baitsesaense kwa setheong sa dipatlisiso tsa botsogo jwa diruiwa kwa Dubai ba dirile kamela ba dirisa disele e le ka lekgetlo la ntlha. Namane eno ya kamela e e namagadi e ne ya bidiwa Injaz, go go rayang “phitlhelelo” ka Searabia. Lokwalodikgang lwa kwa Abu Dhabi lwa The National lo bolela jaana: “Go dira diphologolo go dirisiwa disele . . . ga e sa tlhole e le kgang fela ya go dira ditekeletso. Mo nakong e e tlang, thulaganyo eno e tla sekaseka gore a go tla kgonega gore go dirisiwe mokgwa ono wa go dirisa disele, go ntsha dijini tsa maemo a a kwa godimo tsa dikamela tse di tla dirisiwang mo dikgaisanong tsa mabelo le tse di ntshang mashi.”

“Go Thulana” ga Disathalaete

Makasine wa Science News o bega jaana: “Ditsela tse dikgolo tsa mo lefaufaung tse di dikologang lefatshe di ntse di tswelela ka go tlala thata go ralala dingwaga, mme e nnile fela ka February [2009] fa go ne go nna le go thulana go gogolo ga disathalaete tse pedi e le ka lekgetlo la ntlha.” Mo e ka nnang dikilometara di le 800 kwa godimo ga Siberia, sathalaete ya ditlhaeletsano e e berekang ya kwa Amerika e ne ya thulana le sedirisiwa sengwe sa sesole se se sa tlholeng se dirisiwa sa kwa Russia. Kotsi eno e ne ya baka mokoa wa matlakala a dikarolwana tse dikgolo di le 700. Fa go na le matlakala a mantsi mo modikologong ono, go na le kgonego e kgolo ya gore go nne le kotsi e nngwe. Diteishene tse di batlisisang ka kgang eno, gone jaanong di etse tlhoko modikologo wa dikarolwana tsa matlakala di le 18 000 tse di kwa lefaufaung tsa bophara jo bo fetang disentimetara di le lesome. Le fa go ntse jalo, go thulana le selo sa bogolo jo bo fetang nawa, se se tsamayang ka lobelo lo logolo go dikologa lefatshe, go ka nna kotsi thata mo disathalaeteng kgotsa le e leng mo difofaneng.

Didirisiwa Tse di Thibelang Dikoloi go Tsamaya

Lokwalodikgang lwa The Wall Street Journal lo bega jaana: “Ke batho ba le mmalwa fela ba ba itlhokomolosang go duela dikoloto tsa difouno tsa bone tsa selula, ka gonne ba itse gore fa ba ka dira jalo di ka se ka tsa tlhola di bereka.” Gone jaanong go dirisiwa mokgwa o o tshwanang mo dikoloing. Lokwalodikgang lono lo bolela jaana: “Bagwebi ba dikoloi tse di dirisitsweng ba tsenya didirisiwa tsa di-remote tse di thibelang dikoloi go duma fa moreki a sa duele sentle.” Didirisiwa tseno—tse di gokelelwang mo thulaganyong ya go dumisa koloi—e nna karolo ya dilo tse di tshwanetseng go duelelwa, mo bareking ba ba sa kgoneng go duela kgotsa ba ba sa ikanyegeng mme di ka ntshiwa fa madi a duetswe otlhe. Lokwalodikgang lono lwa Journal lo bolela gore ga se gantsi didirisiwa tseno di tlhokang go thibela dikoloi go tsamaya. Go na le moo, dipone tsa tsone tse di benyabenyang le modumo o di o tlhagisang di “rotloetsa bareki go duela ka nako.”