Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditshedi Tsa Mefutafuta Tsa Karolo e e Kwa Godimo ya Amazon

Ditshedi Tsa Mefutafuta Tsa Karolo e e Kwa Godimo ya Amazon

Ditshedi Tsa Mefutafuta Tsa Karolo e e Kwa Godimo ya Amazon

GO TLOGA kwa tlase ga dithaba tsa Andes kwa Peru go na le dikala le matlhare a a ikadileng kwa botlhaba go ralala kontinente ya Amerika Borwa dikilometara tse di ka nnang 3 700. Kgabagare, sekgwa se se tala seno se kopana le metsi a a pududu a Lewatle la Atlantic.

Karolo ya sekgwa seno e e kwa Peru—kgaolo ya Amazon—e akaretsa mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa naga eo. Le fa gone e le karolwana fela ya baagi ba kwa Peru ba ba nnang mo kgaolong eno, dimela le diphologolo di le dintsi di nna kafa tlase ga dikala le matlhare a a bogodimo jwa dimetara di le 35. Tota e bile, Amazon e tsewa e le nngwe ya matlotlo a magolo a ikholoji mo lefatsheng. Go na le dirurubele tse di fetang 3 000 tse di phaphaselang mo moyeng o o kwenneng. Mefuta mengwe e le 4 000 ya di-orchid e bontsha malomo a tsone a mantle. Go na le mefuta e le 90 ya dinoga e e iphitlhang mo makaleng a ditlhare le mo mmung wa sekgwa. Mme mefuta ya ditlhapi e e ka nnang 2 500—go akaretsa le di-eel tse di ntshang motlakase (mofuta wa tlhapi e e tshwanang le noga) le di-piranha—di saila mo dinokeng le mo melatswaneng.

Di fitlhelwa thata mo Nokeng e kgolo ya Amazon. Mo mafelong mangwe, pula ya boteng jwa dimetara di le pedi le halofo go ya go tse tharo e ka kolobetsa sekgwa ngwaga le ngwaga, mme seo se dira gore Amazon le melatswana ya yone e mengwe e le 1 100 e tshologele mo sekgweng. Mogote le bongola di a kopana go dira mouwane mo lefaufaung, o dimela di o ratang. Mme se se gakgamatsang ke gore, dimela tse di nonneng tseno di gola mo mmung wa letsopa, o go tsewang gore ke mongwe wa mebu e e sa siamelang dijalo mo lefatsheng, o dimela di ka se kang tsa jalelwa ruri mo go one.

Tshimologo ya Bogologolo ya Bonno Jwa Batho

Ke mang yo o tla tlhophang go nna mo lefelong le le ntseng jalo? Baithutamarope ba dumela gore batho ba le dimilione ba ne ba nna mo mokgatsheng wa Noka ya Amazon mo makgolong a a fetileng a dingwaga. Gone jaanong, batho ba ba ka nnang 300 000—ba ba kgaoganeng ka ditlhopha tsa ditso tse di fetang 40—ba nna kwa kgaolong ya Peru ya Amazon. Mme go dumelwa gape gore gone jaanong ditlhopha di le 14 mo ditsong tseo ga di kopane mo e ka nnang gotlhelele le batho ba ditšhaba tse dingwe. Morago ga go kopana go sekaenyana le batho ba ba “tlhabologileng”—batho bano ba ne ba boela gape mo sekgweng, ka tsholofelo ya gore ba tla tila go kopana gape le bone.

Batho bano ba ba nnang mo sekgweng ba gorogile leng fano mme e bile ba ne ba tswa kae? Bomankge ba fopholetsa gore makgolokgolo a dingwaga pele ga Motlha wa Rona, bafudugi ba ntlha ba ne ba tswa kwa bokone. Ba-Jivaro (ba ba neng ba tumile ka go ngotla ditlhogo tsa baba ba bone ba ba ba bolaileng) ba ne ba tswa kwa Caribbean; mme Ba-Arawak, ba ne ba tswa kwa Venezuela. Go akanngwa gore merafe e mengwe e ne e tswa kwa Brazil kwa botlhaba le kwa Paraguay kwa borwa.

Fa bontsi jwa merafe eno e sena go tlwaela lefelo, go bonala e ne e dikologa mafelo a a rileng, e tsoma le go phutha dilo. Mme gape e ne e lema dijalo di le mmalwa tse di neng di siametse mmu wa asiti, tse di jaaka cassava, dipepere tse di babang, dipanana le mmidi. Bakwadi ba ditiragalo ba kwa Spain ba ne ba lemoga gore merafe mengwe e ne e na le thulaganyo e ntle jaana, mo e leng gore e ne ya simolola go dira mafelo a go ka bolokelwang dijo mo go one le go simolola mekgwa ya go rua diphologolo tsa naga.

Go Thulana ga Ditso

Mo lekgolong la bo16 le la bo17 la dingwaga, bathopi ba Ba-Spain ba ne ba gapa Amazon. Ka bonako morago ga bone go ne ga goroga barongwa ba Ba-Jesuit le Ba-Franciscan ba ba neng ba batla go sokololela baagi ba koo mo tumelong ya Katoliki ya Roma. Barongwa bao ba ne ba dira dimmapa tse dintle tse di neng tsa dira gore batho ba kwa Yuropa ba kgatlhegele Amazon. Mme gape barongwa bao ba ne ba tlisa malwetse le go baka tshenyo.

Ka sekai, ka 1638 go ne ga tlhomiwa mafelo a barongwa mo go se gone jaanong e leng Porofense ya Maynas. Barongwa ba ne ba phutha baagi ba sa tlhaole, ba kopanya ditlhopha tse di lwang ba di pateletsa go tshela mmogo. Ka maikaelelo afe a a “siameng”? E re ka baagi ba ne ba tsewa e le batho ba ba sa itseng sepe e bile e le batho ba maemo a a kwa tlase, ba ne ba patelediwa gore ba berekele barongwa le bathopi. E re ka baagi ba koo ba ne ba ikopanya le Bayuropa, diketekete tsa bone di ne tsa swa ka ntlha ya mmokwane, sekgwaripana, mometso o mosweu le lepero. Mme diketekete tse dingwe di ne tsa swa ka ntlha ya tlala.

Baindia ba le bantsi ba ne ba tshaba kwa mafelong ano a barongwa a a neng a tlhomilwe ke mekgatlho e e farologaneng ya bodumedi mme barongwa ba le bantsi ba ne ba bolawa mo dikhuduegong. Tota e bile, mo lekgetlong lengwe mo masimologong a lekgolo la bo19 la dingwaga, go ne go setse moruti a le mongwe fela kwa kgaolong ya Amazon.

Kafa ba Tshelang ka Teng Gompieno

Gompieno, batho ba ba tlholegileng koo ba sa ntse ba tshela go ya ka setso sa bone. Ka sekai, ba dira matlo a metsana ya bone ka tsela ya segologolo—a ageletswe ka dipale tse di remilweng kwa sekgweng mme a bo a rulelwa ka matlhare a mokolane kgotsa ka dimela tse dingwe. E re ka matlo ano a le mo godimo ga dikota, merwalela ya ngwaga le ngwaga ga e ba bakele mathata mme ke ka sewelo diphologolo tse di kotsi di ba tsenelelang.

Ditlhopha tsa merafe di apara le go ikgabisa ka ditsela tse di farologaneng. Banna le basadi ba ba nnang kwa teng ga sekgwa ba apara matsela a lotheka kgotsa diketè tse dikhutshwane tse di logilweng mme bana ba bone ba nna ba sa apara. Bangwe ba merafe eno ba ba kopanang thata le batho ba ba sa nneng mo sekgweng ba ile ba amogela mokgwa wa moaparo wa kwa Bophirima. Baagi bangwe ba phunya dinko tsa bone kgotsa ditsebe tsa bone mme ba bo ba di kgabisa ka mesako, dikotanyana, marapo kgotsa mafofa. Ba bangwe, ba ba jaaka Ba-Mayoruna, ba iphunya marama. Mme Ba-Tucuna le Ba-Jivaro bangwe ba ne ba bo ba rethefatsa meno a bone. Ba le bantsi mo gare ga merafe eno e e farologaneng ba tlosa meriri mo mebeleng ya bone mme ba bo ba tshwaya matlalo a bone ka di-tattoo.

Batho ba kwa Amazon ba itse dimela tse dintsintsi tse di farologaneng mme ba dirisa sekgwa jaaka motswedi wa go bona melemo. Mo go sone ba ntsha melemo e e kgonang go alafa motho fa a lomilwe ke noga, letshololo le malwetse a letlalo, fa re umaka e sekae fela. Bogologolo pele ga ditšhaba tsa kwa Bophirima di lemoga rabara, batho ba kwa Amazon ba ne ba setse ba ntsha matute a rabara mo ditlhareng tsa rabara, ba a dirisetsa go kaba diroto tse ba berekang ka tsone gore metsi a se ka a tsena le go dira dibolo tsa rabara tse go ka tshamekiwang ka tsone. Gape sekgwa se ne se ba thusa ka didirisiwa tse di tlhokegang go dira dipalangwa le go dira didirisiwa tsa tlhaeletsano tsa mafelo a a kgakala. Ka sekai, banna ba ne ba diga ditlhare go dira mekoro e ba neng ba e dirisa go tsamaya mo nokeng mme gape ba ne ba gaba dikota tse dikgolo go dira meropa e ba neng ba e opa go romela melaetsa e e neng e ka kgona go utlwiwa bokgakala jwa sekgala se segolo!

Tlhotlheletso ya Ba-shaman le Tumelobotlhodi

Mo baaging ba kwa Amazon, sekgwa seno se tletse ka meya e e kailang bosigo, meya e e bakang malwetse le medimo e e iphitlhileng mo dinokeng e letetse batho ba ba seng kelotlhoko. Akanya ka Ba-Aguaruna, sengwe sa ditlhopha tse dikgolo tsa kwa Peru. Ba obamela medimo e le metlhano e e farologaneng e leng: “Rara wa Tlhabano,” “Rara wa Metsi,” “Mma Lefatshe,” “Rara wa Letsatsi,” le “Rara wa ba-shaman.” Ba le bantsi ba dumela gore batho ba fetoga dimela le diphologolo. E re ka ba boifa go kgopisa meya, baagi ba tila go bolaya diphologolo dingwe mme ba tsoma tse dingwe fela fa go tlhokega.

Batho ba ba okamelang dingwao tsa bodumedi le setšhaba ke ba-shaman kgotsa banna ba ba alafang, ba ba neng ba dirisa dimela tse di dirang gore motho a bone dipono. Batho bangwe ba motse ba ikaegile ka banna bano gore ba fodise malwetse, ba bolelele pele gore matswela a go tsoma le go lema e tla nna eng le go bolelela pele ditiragalo dingwe tsa isagwe.

A e Tla Nyelela?

Tikologo ya batho ba Amazon e ngotlega ka bonako. Go na le ditsela tse disha tse dikgolo tse di kgabaganyang mo sekgweng. Dipolase le go lemiwa ga coca go fokotsa sekgwa. Batho ba ba remang ditlhare e se kafa molaong ba tlosa ditlhare mo dikarolong tse dikgolo tsa sekgwa, mme ba senya karolo e e lekanang le mabala a kgwele ya dinao a le 1 200 letsatsi le letsatsi! Metsi le one a a senyega ka ntlha ya dikgwebo tse di kafa molaong tsa meepo mme go dirwa ga seokobatsi sa cocaine go go seng kafa molaong le gone go kgotlela melatswana e e tshelang metsi mo Nokeng ya Amazon.

Ebu, batho ba ba nnang ba le nosi ba Amazon ba utlwa ditlamorago tsa go tshela mo nakong e Baebele e boleletseng pele gore e tla nna “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1-5) A go raya gore Amazon e tla nyelela gotlhelele? Baebele e tlhomamisa gore seno se ka se diragale. Kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo, lefatshe lotlhe le tla fetolwa paradaise, le nna jaaka Mmopi wa rona a ne a ikaeletse.—Isaia 35:1, 2; 2 Petere 3:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Noka ya Amazon

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ba-Aguaruna ba obamela medimo e metlhano e e farologaneng

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Basadi ba setso ba kwa Lamas

[Setshwantsho mo go tsebe 18, 19]

Moagi wa Amazon o dirisa phaepe e e hulang metswi

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Renzo Uccelli/​PromPerú

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Legae le le tlwaelegileng mo motseng

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Go rengwa ditlhare e se kafa molaong mo lefelong le le lekanang le mabala a kgwele ya dinao a le 1 200 letsatsi le letsatsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

© José Enrique Molina/​age fotostock

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

© Alfredo Maiquez/​age fotostock

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Top: © Terra Incógnita/​PromPerú; bottom: © Walter Silvera/​PromPerú