Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Laola Nako ya Gago

Go Laola Nako ya Gago

Go Laola Nako ya Gago

“Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.”—Moreri 3:1.

GORE o kgone go dira nako ya dilo tse di botlhokwa, o tshwanetse go itse gore dilo tseo ke dife. Seno se tla nna motlhofo thata fa o tlhaloganya sentle gore ke dilo dife tse di botlhokwa mo go wena, mekgele ya gago le dilo tse di kgethegileng tse di ka go thusang go e fitlhelela.

Ka jalo he, sa ntlha, tlhalosa dilo tse di botlhokwa mo go wena. Gongwe o ka leka go kwala sengwe le sengwe se se botlhokwa se o akanyang ka sone, se se jaaka lelapa, botsala, go dira ka natla, thuto, go atlega, ditebego tse dintle, madi, boitumelo, lenyalo, bopelonomi, boitekanelo jwa mmele, boitekanelo jwa semoya. Go tswa foo ipotse gore, ‘Ke sefe sa dilo tseno se se leng botlhokwa thata mo go nna?’

Morago ga foo, akanya ka mekgele yotlhe e o ka ratang go e fitlhelela mo botshelong. Pharologanyo ke eng fa gare ga dilo tse di botlhokwa le mekgele? Ka ntlha ya setlhogo se re tlotlang ka sone, re ka re dilo tse di botlhokwa di a tswelela mme mekgele, ka nako nngwe e ka fitlhelelwa mme ga tsewa gore e weditswe.

O ka ipeela mekgele efe? A o ka rata go nna le nako e e oketsegileng le ba lelapa la gago? Go bona tiro e e tshwanelang? Go tokafatsa bokgoni jwa gago mo tirong e e rileng ya boitlosobodutu? Go bona tiro e nngwe ya boitlosobodutu? Go tlhagolela nonofo e e rileng? Go ya malatsing a boikhutso? Go bala buka nngwe? Go kwala buka?

Morago ga foo, dira tshwetso gore ke efe ya mekgele eno e e leng botlhokwa thata mo go wena. Tlhomamisa gore e tsamaisana le dilo tse di leng botlhokwa mo go wena. Ka sekai, fa o itlhomela mokgele wa go huma thata, go ka direga gore o ipakela mathata mo botshelong.

Jaanong, mo mekgeleng e o e tlhophileng, akanya ka dilo dingwe tse di ka go thusang go fitlhelela nngwe le nngwe ya mekgele eo. Ka sekai, fa e le gore mokgele wa gago ke gore o fokotse selekanyo se se rileng sa boima jwa mmele, go ikatisa ke sengwe se se ka go thusang go dira jalo.

Go Itlhatlhoba Go ka Go Thusa Jang?

Fa e le gore mekgele ya gago e tsamaisana le dilo tse di leng botlhokwa mo go wena mme o bo o dira dilo tse di ka go thusang go fitlhelela mekgele ya gago, botshelo jwa gago bo tla tsamaya sentle. O tla iphitlhela o dirisa nako e e oketsegileng mo dilong tse di botlhokwa mo go wena. Mme gone, seo ga se reye gore o tshwanetse go itlhokomolosa dilo tse batho ba bangwe ba di tlhokang le dikeletso tsa bone. (Bafilipi 2:4) Ga go reye gore o tla kgona go itse botoka le go gana ditshono tse di sa amaneng le se se leng botlhokwa tota mo go wena.

Kwantle ga pelaelo, go tla nna le dikgwetlho. Dilo dingwe di ka tswa di se botlhokwa jalo mme le fa go ntse jalo go tlhokega gore o di dire. Di ka tsaya letsatsi la gago lotlhe, di dira gore o nne le nako e nnye kgotsa gore o se ka wa nna le nako gotlhelele go dira dilo tse di botlhokwa thata mo go wena. Go ka tlhaga maemo a o sa a lebelelang. Mme diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago di ka tlhakatlhakanya thulaganyo ya gago. Fa o tsaya dikgato tse di siameng tsa go dirisa nako e e oketsegileng mo dilong tse di botlhokwa, o tla kgona go laola tsela e o dirisang nako ya gago ka yone le kafa o tshelang botshelo jwa gago ka teng.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

A DIDIRISIWA TSA ILEKETERONIKI DI BOLOKA NAKO?

Di bolokela ba bangwe nako mme di senyetsa ba bangwe nako. Ka sekai, khomputara ya seatla (personal digital assistant kgotsa PDA), e ka nna ya bo e na le khalentara, lenaane la dinomoro tsa founo le diaterese, lenaane la dilo tse di tshwanetseng go dirwa, thulaganyo nngwe ya khomputara, memorantamo, khamera, e-mail le Internet. O ka kgona go dirisa sedirisiwa se se ntseng jalo fa o nna o tsosolosa tshedimosetso ya sone mme o nna o tsamaya ka sone. Le fa go ntse jalo, go motlhofo gore o senye nako fa o nna o e fenyenkolola go sa tlhokege, o e baakanya kgotsa o fetola tsela e e berekang ka yone kgotsa o reka didiriswa tsa yone tse di sa tlhokegeng kgotsa o e letla gore e kgoreletse dikamano tse di botlhokwa kgotsa maikarabelo a a botlhokwa.

Ntlha e o ka e dirisang: Dira dipatlisiso pele ga o reka. Fa sedirisiwa sengwe sa ileketeroniki se nnela go senyega, go tla tlhokega nako e ntsi go se baakanya. Mme gape mosola wa sedirisiwa sepe fela o ikaegile ka tsela e mong wa sone a se dirisang ka yone. Ka jalo, fa o na le sone, se dirise go boloka nako, e seng go e senya.

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

A o ka kgona go itirela nako ya dilo tse di botlhokwa?