Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Molomo wa Mmatlhapi

Molomo wa Mmatlhapi

A o Ne o Tlhamilwe?

Molomo wa Mmatlhapi

● Terena ya kwa Japane e e lobelo thata e e tsamayang ka lobelo lwa dikilometara di le 300 ka ura, ke nngwe ya diterena tse di lobelo thata mo lefatsheng. Ka tsela nngwe, e lobelo jaana ka ntlha ya se se bonweng mo nonyaneng nngwe e nnye—mmatlhapi. Ka ntlha yang?

Ela Tlhoko: Fa mmatlhapi a batla dijo tse di monate, o kgona go thabuela mo metsing a sa phatšhakanye metsi thata. Seo se ile sa kgatlha Eiji Nakatsu, moenjenere yo o neng a eteletse pele ditekeletso tsa kafa terena eno e tsamayang ka teng. O ne a ipotsa gore go tla jang gore mmatlhapi a kgone go feta ka bonako mo phefong e e motlhofo go tswa foo a bo a tsena mo metsing mme a kgona go emelana le maatla a one. Karabo e a e boneng ke yone e e neng ya nna tharabololo ya bothata jo bo sa tlwaelegang jwa terena e e lobelo eno. Nakatsu o tlhalosa jaana: “Fa terena e tsamaya ka lobelo lo logolo mo thaneleng e tshesane, seno se dira gore go nne le kgatelelo ya moya, o kgabagare o fetogang makhubu a a jaaka makhubu a lewatle a a fetofetogang. Fa makhubu ano a fitlha kwa bofelong jwa thanele a tsamaya ka lobelo lo modumo o tsamayang ka lone mme a bo a baka modumo o mogolo le thoromo e kgolo, mo e leng gore baagi ba ba nnang dimetara di le 400 go tswa mo thaneleng eo, ba ne ba ngongorega.”

Go ne ga dirwa tshwetso ya gore karolo e e kwa pele ya terena eno e dirwe ka tsela e e tshwanang le molomo wa mmatlhapi. Matswela e nnile afe? Gone jaanong lobelo lwa terena eno lo oketsegile ka diperesente di le lesome go feta pele mme e dirisa motlakase o o kwa tlase ka diperesente di le 15. Mo godimo ga moo, kgatelelo ya moya e e bakwang ke terena eno e fokotsegile ka diperesente di le 30. Ka jalo, terena ga e sa tlhole e dira modumo o mogolo fa e feta mo thaneleng.

O akanya eng? A molomo wa mmatlhapi o nnile teng ka boone fela? Kgotsa a o ne o tlhamilwe?

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Kingfisher diving: Woodfall/Photoshot; bullet train: AP Photo/Kyodo