Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mont Blanc—“Borulelo” Jwa Yuropa

Mont Blanc—“Borulelo” Jwa Yuropa

Mont Blanc—“Borulelo” Jwa Yuropa

GO TLOGA ka nako ya fa a ne a le ngwana, moithutatlholego wa kwa Switzerland e bong Horace-Bénédict de Saussure (1740-1799) o ne a kgatlhiwa ke thaba e kgolo e gone jaanong e itsegeng e le Mont Blanc, mokaloba wa dithaba tsa Alps. E re ka a ne a kgatlhiwa ke lebaka la go bo go ne go se na ope yo o kgonang go e palama, o ne a solofetsa go duela motho ope fela wa ntlha yo o ka fitlhang kwa setlhoeng sa yone—sa dimetara di le 4 807. Maiteko a ntlha a a dirilweng go fitlha kwa setlhoeng sa yone e ne e le ka 1741. Mme e nnile fela ka August 1786 fa baagi ba babedi ba kwa Chamonix, kwa Fora—e bong Jacques Balmat, mmatli wa dikiresetale le Michel-Gabriel Paccard, yo e leng ngaka—ba neng ba fitlha kwa setlhoeng sa Mont Blanc ka bosone. Ngwaga o o latelang, Saussure o ne a fitlha kwa ntlheng e e kwa godimodimo ya Yuropa fa a ne a le mo letsholong la saense mme ka 1788 a palamela kwa thabeng ya Col du Géant mme a nna malatsi a le 17 koo. Tseno e ne e le ditiro tsa ntlha tsa bopelokgale tse go begilweng ka tsone tsa go palama thaba e le motshameko o o laolwang.

Ka 1855 setlhopha sengwe se se neng se eteletswe pele ke bakaedi ba Bantadiana se ne sa palama letlhakore le lengwe la Mont Blanc, le go neng go le thata go le palama go feta la ntlha. Ke dingwaga di le robongwe fela moragonyana, mo setlhoa seno se neng sa kgona go palangwa go tswa ka kwa letlhakoreng la Italy. Batho bao ba ba pelokgale ba ne ba palama kwantle ga didirisiwa tsa bosheng, ba dirisa fela dithobane tse di nang le dintlhana tsa tshipi. Giotto Dainelli moithuta lefatshe mongwe o ne a bolela gore, ka nako eo, “go palama thaba go fitlha kwa setlhoeng, o simolola kwa tlase ga mokgatšha mme o latela tsela e o sa e itseng gotlhelele, go ne go go tlhoka maatla a magolo thata, mme batho ba ba palamang dithaba gompieno ga ba kgone go tlhaloganya gore go ne go ntse jang.” Gone jaanong, tota le mafelo a a kgakalakgakala a setlhoa seno a ile a fitlhelelwa ka makgetlo a le mmalwa.

Bogologolo, Mont Blanc e ne e tsewa e le naga e go iseng go dirwe dipatlisiso mo go yone le fa gone e le fa gare ga Yuropa. Pego ya ntlha e go itsiweng ka yone e ne ya kwalwa ka ngwaga wa 1088 C.E. Mmapa nngwe ya dipatlisiso tsa ditsha ya baitlami bangwe ba kereke ya Benedict ba kwa Chamonix e e bitsa rupes alba go go kayang “thaba e tshweu.” Le fa go ntse jalo, ka makgolokgolo a mantsi a dingwaga, batho ba lefelo leo ba ne ba e bitsa Thaba e e Hutsitsweng (Accursed Mountain) ka gonne go ne go dumelwa gore go na le madimona le diterakone tse di nnang mo go yone. Kafa go bonalang ka teng, leina Mont Blanc le ile la tlhaga lekgetlo la ntlha mo setshwantshong se se toroilweng ka 1744, e leng se se neng se bontsha gore kgabagare leina la yone le le tshosang le tla nyelela.

Go sa Tshwane ga Mogolagang wa Dithaba

Motho a ka kgona fela go bona mogolagang ono otlhe wa dithaba tsa Mont Blanc fa a le mo sefofaneng. Mogolagang ono o bogolo jwa disekwerekilometara di le 600 mme o na le thotana e e boleele jwa dikilometara tse di fetang 50 mme o kgaoganya Italy, Fora le Switzerland e bile o na le ditlhoa di le mmalwa tse di fetang dimetara di le 4 000. Mogolagang ono o bopilwe ka mafika a dikiresetale a a nang le dileyara le di-granite, tse di neng tsa bopega kwa tengteng ga lefatshe. Baithuti ba maje ba e tsaya e le setlhopha sa dithaba tse di sa ntseng di le disha, di na le dingwaga di le dimilione di le 350 “fela.” Dilo tse di mo lefaufaung le dikgapetla tsa aese tse di elelang di ile tsa fetola lefika la granite go nna dikarolwana, dithotana tse di makgawekgawe, ditlhoa tsa bontle jo bo sa tshwaneng le bope mme e le tse di kgatlhang bapalami ba dithaba ka tsela e e gakgamatsang.

Mont Blanc e le Gaufi

Tota le batho ba e seng bomankge ba ba palamang dithaba ba ka kgona go bona karolo ya mogolagang ono wa dithaba ba le gaufi, ba dirisa kolotsana e e tsamaisiwang ke kheibole, e e neng ya simolola go bereka ka 1958. Ntlha e e kwa godimo thata e e kileng ya fitlhelelwa ka kolotsana eno ke Aiguille du Midi, e e dimetara di le 3 842, e e dirang gore motho a bone ponalo e ntle thata ya Mokgatšha wa Chamonix o o kwa tlase.

Gompieno, go ya ka thuto ya dipopego tsa mafelo, ga go tlhole go na le sepe se se fitlhegileng ka Mont Blanc. Go na le moo, batho ba kgona go bona tebego e ntle segolobogolo ka masa le ka lotlatlana, fa marang a letsatsi a naya matlapa a a tsididi a “borulelo” jwa Yuropa mebala e e farologaneng ya bohibidu a bo a phatsimisa mafika a granite.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

Thanele ya Mont Blanc—Boikutlo Jwa Mongwe bo Itshupa bo le Boammaaruri

“Ke bona mekgatšha e mebedi e mo go yone go buiwang puo e le nngwe mme batho ba gone ba tshwana. Go tla tla letsatsi le ka lone go tla agiwang tsela kafa tlase ga Mont Blanc mme mekgatšha e mebedi e tla kopana.” Go ne ga tshwanela gore go fete makgolo a mabedi a dingwaga pele ga boikutlo jwa ga Horace-Bénédict de Saussure bo nna boammaaruri. Ka 1814 go ne ga kopiwa tetla ya ntlha mo kgosing ya Piedmont le ya kwa Sardinia; le fa go ntse jalo, tiro yone e ne ya simololwa ka 1959 mme ya wediwa ka 1965. * Thanele eno, e e boleele jwa dikilometara di le 11,6 e simologa kwa Italy, bogodimo jwa dimetara di le 1 381 mme e felela kwa Fora, bokgakala jwa dimetara di le 1 274.

Ka March 24, 1999, lori nngwe e ne ya sha mo teng ga thanele eno, mme ya baka masetlapelo. Themperetšha e ne ya tlhatloga go fitlha go didikirii di le 1 000 tsa Celsius, e bo e gakolosa dikoloi di le dintsintsi. Batho ba le 39 ba ne ba swa ka ntlha ya go hupelwa mme go ne ga gobala ba ba ka nnang 30. Morago ga dipatlisiso tse di tsereng ngwaga, tiro ya go aga thanele sesha e ne ya simolola. Thanele e ne ya bulwa gape ka June 25, 2002, le fa batho ba ba sireletsang tikologo le baagi ba lefelo leo ba ne ba ganana le kgang eo ba tlhalosa gore dilori tse dintsi tse di fetang teng di baka kgotlelo. Mo dikgweding tse nnè tsa bosheng, go ne ga feta dikoloi di le 132 474 mo thaneleng eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona Tsogang! ya February 8, 1963, tsebe 16-19, ka Seesemane.

[Setshwantsho]

Sefikantswe sa ga H. B. de Saussure, kwa Chamonix, kwa Fora

[Motswedi wa Setshwantsho]

Library of Congress, Prints & Photographs Division, Photochrom Collection, LC-DIG-ppmsc-04985

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

GO DIKOLOGA “MOKALOBA”

Le fa gone mogolagang wa dithaba tsa Mont Blanc e le lefelo le bomankge ba ba palamang dithaba ba ratang go ya kwa go lone, tota le batho ba ba iseng ba ko ba palame kwa godimo ga dithaba tseno, ba ka itumelela bontle jwa tsone ka go di dikologa fela. Gantsi go bona ditshwantsho tse dintle thata tsa dithaba, ga se fa o di tsaya go tswa kwa setlhoeng mme ke fa o di tsaya o le kgakalanyana. Mont Blanc e dikologilwe ke mafelo a o ka lebang go tswa mo go one go bona dikarolo tse di jesang kgakge. Batho ba ba ratang dilo tsa tlholego le ba ba nang le maoto a a nonofileng ba ka tsamaya dikilometara di le 130 mo ditselaneng tseno. Loeto lo go tweng ke lwa Mont Blanc lo lo ileng lwa dirwa ka go kopanya ditselana tseno ke mosepele wa tsela e e dikologang mme o bo o go isa kwa Fora, Italy le Switzerland. E re ka mosepele ono o kgaogantswe ka dikarolo di le lesome tsa diura tse di fa gare ga di le tharo le di le supa ka letsatsi, o ka kgona go itumelela ditebego tse dintle thata. Batho ba ba se nang nako e e lekaneng ba ka nna ba ralala nngwe ya dithaba tse dintsi tse di dikologileng “mokaloba” yono.

[Setshwantsho]

Aiguille du Midi ke karolo e e kwa godimodimo e e kileng ya fitlhelelwa ka kolotsana ya kheibole

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy Michel Caplain; http://geo.hmg.inpg.fr/mto/jpegs/020726/L/12.jpg

[Mmapa mo go tsebe 22]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

FORA

SWITZERLAND

ITALY

Mont Blanc

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Saussure a palama Mont Blanc ka 1787 (setshwantsho sa motaki)

[Motswedi wa Setshwantsho]

© The Bridgeman Art Library International

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mont Blanc