Motlotlo wa Lelapa
Motlotlo wa Lelapa
Ke Bomang ba ba Neng ba Dira Tiro Eno?
Ke baeteledipele bafe ba babedi ba Iseraele wa bogologolo ba e neng e le badisa? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano.
1. NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ekesodo 3:1.
․․․․․
2. NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Samuele 17:34-36.
․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke dinonofo dife tse modisa yo o molemo a neng a tshwanetse go di bontsha? Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a itshwantsha le modisa mme barutwa ba gagwe bone a ba tshwantsha le dinku? NTLHA E E KA THUSANG: Bala Johane 10:11-16.
O ITSE ENG KA KGOSI ASA?
3. Ke eng se Asa a neng a se dira fa a simolola go nna kgosi? NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 14:2-5.
․․․․․
4. Mophato wa sesole wa banna ba le milione o o neng o tlile go lwantsha Asa o ne o tswa kwa nageng efe?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 14:9, 10.
․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Asa o ne a itshwara jang fa a gakololwa ke Hanani?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 16:7-10.
A go ne go siame gore Asa a itshware ka tsela e a dirileng ka yone? O tshwanetse go itshwara jang fa o gakololwa, mme ka ntlha yang?
BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO
Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 20 Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a ga mang? 1 Johane 5:․․․
TSEBE 21 Lorato ga lo dire eng? Baroma 13:․․․
TSEBE 26 Re tshwanetse go ithiba mo go eng? 1 Bathesalonika 4:․․․
TSEBE 26 Yo o gokafalang o leofela eng? 1 Bakorintha 6:․․․
● Dikarabo di mo tsebeng ya 22
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 31
1. Moshe.
2. Dafide.
3. O ne a tlosa kobamelo ya maaka.
4. Ethiopia.