Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batla Thuso

Batla Thuso

Batla Thuso

“Fa mongwe a ka fekeetsa yo mongwe a le nosi, ba le babedi ba ka kgona go emelana le ene.”—Moreri 4:12.

FA RE tshegediwa ke ba bangwe, re ka kgona go atlega botoka kgatlhanong le mmaba—go sa kgathalesege gore mmaba yoo ke mang kgotsa ke eng. Ka jalo, fa o batla go tlogela mokgwa wa go goga, o tla bo o le botlhale fa o ka ikaega ka ba lelapa la gago le ditsala gore ba go thuse—kgotsa ope fela yo a ka go tshegetsang go tswa pelong e bile a le pelotelele.

Akanyetsa go batla batho ba le bone ba ileng ba tlogela mokgwa ono, e re ka ba ka se ka ba go utlwela botlhoko fela mme gape ba ka go thusa. Torben, Mokeresete mongwe wa kwa Denmark a re: “Tshegetso ya batho ba bangwe e ne e le botlhokwa thata mo go nna.” Abraham yo o nnang kwa India, o kwala jaana: “Lorato lwa mmatota lo ba lelapa la me le Bakeresete ka nna ba lo mpontshitseng lo ile lwa nthusa go tlogela go goga.” Mme ka dinako tse dingwe tota le tshegetso ya ba lelapa le ditsala ga e a lekana.

Monna mongwe yo o bidiwang Bhagwandas a re: “Ke ne ka goga motsoko ka dingwaga di le 27 mme ka ntlha ya go ithuta se Baebele e se bolelang malebana le mekgwa e e leswe, ke ne ka swetsa go tlogela. Ke ne ka leka go fokotsa. Ke ne ka kgaotsa go tsalana le batho ba ke tlwaelaneng le bone. Mme ke ne ka ya go batla kgakololo ya dingaka. Go ne go sena sepe se se neng se nthusa. Kgabagare, bosigo bongwe ke ne ka bulela Jehofa Modimo mafatlha a me ka thapelo mme ka mo kopa gore a nthuse gore ke tlogele go goga. Mme morago ga foo, kgabagare ke ne ka atlega!”

Selo se sengwe se se botlhokwa se motho a tshwanetseng go se dira ke go ipaakanyetsa dikgoreletsi tse o ka nnang wa kopana le tsone. Dikgoreletsi tseno ke eng? Setlhogo se se latelang se a tlhalosa.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

A O TSHWANETSE GO DIRISA MELEMO?

Melemo e e ka thusang batho ba ba gogang go tlogela motsoko, e e jaaka patso ya nikotine, e dirisiwa ke batho ba le bantsi. Pele ga o swetsa go dirisa melemo eo, sekaseka dipotso tse di latelang:

Mosola wa yone ke eng? Go bolelwa gore dikalafi di le dintsi di oketsa ditshono tsa gore motho a tlogele go goga ka go fokotsa matshwao a a bontshang gore o tlogela sengwe se se tshwakgolang. Le fa go ntse jalo, go na le dikganetsano dingwe malebana le gore a thuso ya tsone e tla nnela ruri.

Dikotsi tsa yone ke eng? Melemo mengwe e na le ditlamorago tse di sa itumediseng tse di jaaka go feroga sebete, go tshwenyega thata mo maikutlong le dikakanyo tsa go batla go ipolaya. Gakologelwa gape gore dikalafi tse di emisetsang nikotine, ke mofuta o mongwe fela wa seokobatsi, se le sone se nang le dikotsi tsa sone tsa botsogo. Ka jalo he, motho yo o di dirisang o sa ntse a le mo seemong sa go tshwakgolwa.

A go na le dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang? Mo patlisisong nngwe, diperesente di le 88 tsa batho ba ba ileng ba atlega go tlogela go goga ba re ba ile ba nna le matshwao a a sa itumediseng fa ba ne ba tlogela go goga motsoko ka bonako fela ba sa dirise diokobatsi tse dingwe.