Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Tharabololo ya “Bothata Jwa Longitude”

Go Batla Tharabololo ya “Bothata Jwa Longitude”

Go Batla Tharabololo ya “Bothata Jwa Longitude”

Ka October 22, 1707, setlhopha sa dikepe tsa masole a lewatle sa kwa Boritane se ne sa ya kwa English Channel. Mme ba ne ba se ka ba kgona go itse sentle mo ba neng ba le teng. Matswela e ne ya nna afe? Dikepe di le nnè di ne tsa thubega kwa Ditlhaketlhakeng tsa Scilly, setlhopha sa ditlhaketlhake tse di kwa Lewatleng la Atlantic borwabophirima jwa Cornwall, kwa Engelane. Mme go ne ga swa banna ba ba ka nnang 2 000.

MO MALATSING ao batsamaya ka dikepe ba ne ba ka kgona go lekanya latitude motlhofo fela—sekgala se ba leng kwa go sone go tswa kwa bokone kgotsa borwa jwa ekhweitha. Mme ba ne ba se na tsela e e tlhomameng ya go lekanya longitude—gore ba tsamaile sekgala se se kana kang go ela kwa botlhaba kgotsa bophirima. Mo masimologong a lekgolo la bo18 la dingwaga, dikepe di le makgolokgolo di ne di tsamaya mo Atlantic ngwaga le ngwaga, mme go thubega ga dikepe e ne e le selo se se tlwaelegileng. Mme e ne e le masetlapelo a 1707 a a neng a dira gore Baesemane bangwe ba batle go rarabolola se se neng sa itsege e le bothata jwa longitude.

Ka 1714 Palamente ya kwa Boritane e ne ya solofetsa ope fela yo o ka kgonang go tlhomamisa sentle mola wa longitude mo lewatleng tuelo ya diponto di le 20 000. Gompieno, tuelo eo e tla lekana le diranta di le dibilione di le mmalwa.

Kgwetlho e e Itumedisang

Go tlhomamisa longitude e ne e le selo se se thata go gaisa, ka gonne go ne go tlhoka gore o itse nako e e tlhomameng. Go tshwantsha seno: A re re o nna kwa Lontone. Ka sethoboloko o amogela mogala go tswa kwa mothong yo o mo moleng wa latitude o le wena o leng mo go one, mme tshupanako ya gagwe e supa gore nako ke 6:00 a.m. mo letsatsing lone leo. Seno se dira gore nako ya gagwe e nne kwa morago ka diura di le thataro. O itse mo dinaga di le dintsi di le teng, ka jalo o fetsa ka gore motho yoo o nna kwa Amerika Bokone, kwa letsatsi le simololang go tlhaba teng. Jaanong, a re re o itse nako ya lefelo la gagwe sentle, tota le metsotswana ya yone, e seng go ya ka nako ya naga mme go ya ka gore lefelo le a nnang mo go lone le mo boemong bofe go tswa kwa letsatsing. O ka kgona go tlhomamisa sentle mola wa gagwe wa longitude.

Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, gongwe le gongwe mo lefatsheng, motsamaisi wa sekepe o ne a kgona go lemoga nako ya sethoboloko ya lefelo le a leng mo go lone ka go lebelela fela letsatsi. Fa a itse nako ya kwa a tswang teng sentle, a ka kgona go tlhomamisa longitude ya gagwe mo a ka se kang a feta dikilometara di le 50. Seno tota, e ne e le sone se se neng se tlhokega gore o kgone go gapa tuelo e go builweng ka yone fa godimo, morago ga loeto lwa mo lewatleng lwa dibeke di le thataro.

Le fa go ntse jalo, kgwetlho e ne e le go itse nako e e tlhomameng ya kwa o tswang teng. Motsamaisi wa sekepe o ne a tlhoka go tsaya tshupanako ya pendulum, (e e akgeegang) mme e ne e ka se kgone go bereka mo sekepeng se se kgarakgatshiwang ke makhubu a magolo a lewatle, mme gape ditshupanako tse di nang le diporeng le maotwana di ne di siilwe ke nako e bile di sa tlhomama. Gape ditshupanako di ne di amiwa ke dithemperetšha tse di fetofetogang. Mme go tweng ka tshupanako e kgolo e e re dikologileng—masedi a loapi, go akaretsa le ngwedi?

Tiro e Kgolo ya go Tlhomamisa Nako ka “Thutodinaledi”

Baithutadinaledi ba ne ba akantsha mokgwa wa go lekanya sekgala o o bidiwang lunar distance method. Mokgwa ono o ne o akaretsa go dira ditšhate tse di ka thusang batsamaisi ba dikepe go lemoga longitude go ya ka gore ngwedi e bokgakala jo bo kana kang le dinaledi dingwe tse di rileng.

Ka lobaka lo lo fetang lekgolo la dingwaga, baithutadinaledi, baitsemathemetiki le batsamaisi ba dikepe ba ne ba kgaratlha le bothata jono, mme mathata a ne a kgoreletsa kgatelopele. Ka ntlha ya dikgoreletsi tse di boitshegang, polelwana e e reng “go lemoga longitude” e ne ya simolola go kaya bothata bope fela jo bo neng bo lebega bo ka se rarabololwe.

Mmetli o Amogela Kgwetlho

Mmetli mongwe yo o bidiwang John Harrison yo o tswang mo motseng wa Lincolnshire kwa Barrow Upon Humber, o ne a swetsa ka gore a ka leka go rarabolola bothata jwa longitude. Ka 1713, pele ga a nna dingwaga di le 20, Harrison o ne a dira tshupanako e e akgeegang e e dirilweng yotlhe ka logong. Moragonyana, o ne a tlhama didirisiwa tse di neng di tla thusa go fokotsa go gotlhana le gore di lekalekanye themperetšha e e fetofetogang. Ka nako eo ditshupanako tse go neng go tsewa gore ke tsa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, di ne di fosa nako ka motsotso o le mongwe ka letsatsi mme ditshupanako tsa ga Harrison tsone di ne di fosa nako ka motsotswana ka kgwedi. *

Go tswa foo Harrison o ne a lebisa tlhokomelo mo dikgwetlhong tsa go tlhomamisa nako sentle mo lewatleng. Morago ga go tlhatlhanya ka bothata jono ka dingwaga di le nnè, o ne a ya kwa Lontone go isa kgang ya gagwe kwa Botong ya Longitude, e e neng e rwele boikarabelo jwa go aba tuelo. Fa a le koo, Harrison o ne a itsisiwe modiratshupanako yo o di gogang kwa pele e bong George Graham, yo ka bopelotshweu a neng a mo adima madi kwantle ga morokotso gore a dire tshupanako. Ka 1735, Harrison o ne a supa selekanyanako sa mo lewatleng sa ntlha mo lefatsheng lotlhe fa pele ga Royal Society e e itumetseng, e leng setlhopha sa baitsesaense ba ba itsegeng thata kwa Boritane. Tshupanako eo e ne e le bokete jwa dikilogerama di le 34 mme e ne e na le kgotlho e e phatsimang.

Harrison o ne a romelwa le tshupanako ya gagwe kwa ditekeletsong tsa mo lewatleng kwa Lisbon—e seng kwa West Indies, jaaka go ne go batlega gore a tle a gape sekgele—mme sedirisiwa seno se ne sa itshupa se tshwanela e bile se kgatlha tota. O ne a ka lopa tekeletso e e bonako ya go kgabaganya Atlantic go bontsha gore tshupanako ya gagwe e ne e tshwanelwa ke go gapa sekgele. Tota e bile, kwa kokoanong ya ntlha ya Boto ya Longitude, motho a le mongwe yo a neng a bona diphoso ka tshupanako eo e ne e le Harrison ka boene! E re ka e ne e le motho yo o sa kgotsofaleleng sepe, o ne a akanya gore a ka tokafatsa tsela e e dirilweng ka yone. Ka jalo o ne a kopa madinyana fela le nako e e oketsegileng gore a dire tshupanako e e botoka.

Dingwaga di le thataro moragonyana selekanyanako sa ga Harrison sa bobedi, sa bokete jwa dikilogerama di le 39 e bile se na le dikarolo di le mmalwa tse se tokafaditsweng mo go tsone se ne sa bona kemonokeng e e feletseng ya Royal Society. Mme Harrison, yo ka nako eo a neng a le dingwaga di le 48, o ne a ntse a sa kgotsofala. O ne a boela kwa madirelong a gagwe mme a fetsa dingwaga tse 19 tse di latelang a dira selekanyanako sa boraro, sa modiro o o farologaneng gotlhelele.

Fa Harrison a ntse a dira tshupanako e kgolo eno ya boraro, o ne a lemoga sengwe a sa lebelela. Modiratshupanako yo mongwe o ne a dirile tshupanako e e ka tsenang mo pateng e le ya modiro wa ga Harrison. Go ne go ntse go akanngwa gore ditshupanako tse dikgolo di ka tshwara nako sentle go gaisa tse dinnye. Mme Harrison o ne a gakgamaditswe ke go bona ka fa tshupanako eno e ntšha e tshwarang nako ka teng. Fa kgabagare go rulaganngwa tekeletso ya go kgabaganya Atlantic ka 1761, o ne a baya tshepo ya gagwe yotlhe, e seng mo modirong wa gagwe wa boraro mme mo go wa bonè, e leng selekanyanako sa bokete jwa kilogerama e le nngwe e e lekanang le tshupanako e e kgonang go tsena mo pateng. Go bolelwa fa Harrison a ne a bolela jaana: “Ke leboga Modimo Mothatayotlhe go tswa pelong ka go bo ke ile ka tshela lobaka lo loleele, go ya bokgakaleng jo bo rileng e le gore ke e fetse.”

Katlholo E e Sa Siamang

Le fa go ntse jalo, mo nakong eno, baithutadinaledi ba ne ba le gaufi le go atlega ka mokgwa wa bone wa go lemoga longitude. Mo godimo ga moo, motho yo jaanong a neng a di goga kwa pele mo baatlhoding ba ba neng ba filwe boikarabelo jwa go aba madi a sekgele e ne e le moithutadinaledi e bong Nevil Maskelyne. Tshupanako ya ga Harrison e ne ya lekelediwa ka go dirisiwa mo loetong lwa malatsi a le 81 lwa go ralala Atlantic. Sedirisiwa seno se ne sa dira jang? Se ne sa latlha metsotswana e le metlhano fela! Le fa go ntse jalo, baatlhodi ba ne ba diega go neela Harrison sekgele, ba tatalala gore melao mengwe e ne ya tlolwa le gore tshupanako eno e ne e tshwara nako fela ka lesego. Ka ntlha ya seno, o ne a amogela fela sephatlo sa tuelo. Mme ka 1766, Maskelyne o ne a gatisa ditšhate tse di bontshang diphopholetso tsa gore ngwedi o fa kae tse di thusang batsamaisi ba dikepe go tlhomamisa longitude mo sebakeng sa halofo ya ura fela. Harrison o ne a boifa gore Maskelyne o ne a ka nna a itseela sekgele ka boene.

Ka jalo, ka 1772, mmatlisisi wa Mo-Boritane Kapotene James Cook o ne a nna le seabe. Mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa mo lewatleng le le sa lebalesegeng, Cook o ne a dirisa sekaelo sa tshupanako ya ga Harrison, moragonyana o ne a bolela gore e ne e gaisitse sengwe le sengwe se se neng se lebeletswe. Mme Harrison, yo ka nako eo a neng a le dingwaga di le 79, o ne a kgobilwe marapo ke Boto ya Longitude mo e leng gore o ne a dira boikuelo kwa kgosing ya Engelane. Ka ntlha ya seno, Harrison o ne a amogela madi a a setseng a tuelo ya gagwe ka 1773, le fa gone a ise a ko a supiwe semmuso gore ke mofenyi. John Harrison o ne a tlhokafala dingwaga di le tharo moragonyana, ka ngwaga wa bo83 wa botsalo jwa gagwe.

Mo dingwageng di se kae, dilekanyanako tsa mo lewatleng tse di tshwarang nako di ne di ka nna tsa rekwa ka diponto di le 65 fela. Ee, se se sa kgonegeng se fetogile boammaaruri, mme seno e le thata ka ntlha ya botlhale le boineelo jwa mmetli mongwe wa kwa motseng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Harrison, a thusiwa ke monnawe, o ne a lekanya nako ya tshupanako ya gagwe sentle ka masigo a le mantsi ka go tshwaya nako e e tlhomameng ya fa dinaledi dingwe di ne di nyelela kafa morago ga sentshamosi sa moagelani wa gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go tlhomamisa “longitude” o dirisa nako

6:00 A.M. 12 SETHOBOLOKO

AMERIKA BOKONE BORITANE

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Modiratshupanako John  Harrison

[Motswedi wa Setshwantsho]

SSPL/Getty Images

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Modiro wa ntlha wa ga Harrison, selekanyanako sa bokete jwa dikilogerama di le 34

[Motswedi wa Setshwantsho]

National Maritime Museum, Greenwich, London, Ministry of Defence Art Collection

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Modiro wa bonè wa ga Harrison, selekanyanako sa bokete jwa kilogerama e le nngwe (ga se lekane le sa mmatota)

[Motswedi wa Setshwantsho]

SSPL/Getty Images

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Ship in distress: © Tate, London/​Art Resource, NY; compass: © 1996 Visual Language