Ipaakanyetse Dikgoreletsi
Ipaakanyetse Dikgoreletsi
“Ke ne ka swetsa go tlogela go goga motsoko ka ntlha ya botsogo jwa leseanyana la rona le le sa tswang go tsholwa. Ka jalo, ke ne ka kgomaretsa letshwao la ‘O se Ka wa Goga’ mo ntlong ya rona. Ura fela morago ga foo, keletso ya nikotine e ne ya mphekeetsa jaaka tsunami, mme ke ne ka tshuba sekerete.”—Yoshimitsu, Japane.
JAAKA boitemogelo jwa ga Yoshimitsu bo bontsha, go tlogela go goga go na le dikgoreletsi tsa gone. Mo godimo ga moo, dipatlisiso di bontsha gore mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa batho ba ba ileng ba palelwa ke go tlogela motsoko ba ne ba boela gape mo mokgweng wa bone. Ka jalo, fa e le gore o leka go tlogela go goga, go ka direga gore o atlege fa o ka ipaakanyetsa dikgoreletsi tsa gone. Dingwe tsa tsone tse di tlwaelegileng ke dife?
Go eletsa nikotine: Gantsi bothata jono bo simolola malatsi a le mararo fa o sena go goga sekerete sa bofelo mme bo fokotsega morago ga dibeke tse di ka nnang pedi. Motho mongwe yo o kileng a goga a re, ka nako eo, “keletso eo e tla jaaka e kete makhubu a lewatle; ga e nne teng ka metlha.” Le fa go ntse jalo, tota le dingwaga di le dintsi moragonyana, go ka direga gore o sa lebelela o nne le keletso ya go goga. Fa go ka direga, o se ka wa itlhaganelela go ineela. Leta metsotso e le metlhano kgotsa go feta mme keletso eo e tshwanetse go feta.
Matshwao a mangwe a a bontshang gore o tlogela sengwe se se tshwakgolang: Kwa tshimologong, batho ba fitlhela go le boima thata go nna ba thantse kgotsa go tlhoma mogopolo mo sengweng mme seo se dira gore boima jwa mmele wa bone bo oketsege motlhofo. Ba ka nna gape ba utlwa ba na le ditlhabi, ba babiwa, ba fufulelwa, ba gotlhola le go nna le maikutlo a a fetofetogang a a bonalang ka go fela pelo ka bonako, go rata go galefa tota le e leng go tshwenyega thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa matshwao ao, a fokotsega mo dibekeng di le nnè go ya go di le thataro.
Mo dinakong tseno tse di boima, go na le dilo dingwe tse di ka go thusang tse o ka di dirang. Ka sekai:
● Iphe nako e e oketsegileng ya go robala.
● Nwa metsi a mantsi kgotsa jusi. Ja dijo tse di nang le dikotla.
● Ikatise mmele ka tsela e e lekalekaneng.
● Hemela kwa teng, mme ka leitlho la mogopolo ipone o hemela moya o o phepa mo makgwafong a gago.
Dirai: Tseno ke dilo kgotsa maikutlo a a ka dirang gore o nne le keletso ya go goga. Ka sekai, gongwe gantsi o ne o goga sekerete fa o ne o nwa seno se se rileng. Fa e le gore go ntse jalo, fa o tlogela go goga, o se ka wa tsaya nako e telele go se nwa. Gone mme, fa nako e ntse e tsamaya, o tla kgona go itumelela seno sa gago o iketlile.
Seo se raya gore, dilo tse o di amanyang le motsoko di ka nna nako e telele mo tlhaloganyong le fa gone go sa tlhole go na le nikotine mo mmeleng wa gago. Torben yo o umakilweng pelenyana o dumela jaana: “Dingwaga di le 19 fa ke sena go tlogela go goga, ke sa ntse ke raelesega go goga ka nako ya go nwa kofi.” Le fa go ntse jalo, ka kakaretso fela, go amanya go goga le ditiro tse di rileng go tla fokotsega fa nako e ntse e tsamaya mme go bo go sa tlhole go go ama thata.
Fa go tla mo kgannyeng ya bojalwa, seemo se farologane. Ebu, fa o ntse o leka go tlogela go goga, o ka nna wa tshwanelwa ke go tlogela bojalwa le go tila mafelo a go nang le bojalwa mo go one, ka gonne diperesente di le dintsi tsa batho ba ba boang gape ba goga ba dira jalo fa ba ntse ba a nwa. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
● Tota le selekanyo se sennye sa bojalwa se oketsa monate o motho a o utlwang mo nikotineng.
● Go nwa le batho ba bangwe gantsi go amana thata le go goga.
● Bojalwa bo dira gore motho a se ka a akanya sentle e bile bo fokotsa boikgapo. Baebele e bolela sentle jaana: ‘Beine e tlosa boitlhomo jo bo molemo.’—Ditsala: Tlhopha. Ka sekai, tila go tsalana go sa tlhokege le batho ba ba gogang kgotsa ba ba ka go kopang gore o dire jalo. Mme gape kgaogana le batho ba ba lekang go nyatsa maiteko a gago a go tlogela go goga, gongwe ba go sotla ka gone.
Maikutlo: Patlisiso nngwe e bontsha gore pedi tharong ya batho ba ba ileng ba boa gape ba goga ba ne ba ikutlwa ba ngomogile pelo kgotsa ba galefile pele fela ga ba tla tloga ba goga gape. Fa e le gore boikutlo bongwe jo bo rileng bo dira gore o nne le keletso ya go goga, bo ikgatolose—gongwe ka go nwa metsi, go tlhafuna tšhunkama kgotsa ka go iphokisa phefo. Leka go tlatsa mogopolo wa gago ka dilo tse di siameng, gongwe ka go atamela Modimo ka thapelo kgotsa ka go bala ditemana di le mmalwa mo Baebeleng.—Pesalema 19:14.
Diipato Tse o Tshwanetseng go di Tila
● Ke tla goga gangwe fela.
Boammaaruri: Go goga gangwe fela go ka kgotsofatsa mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa disele tsa ditemosi mo bobokong jwa gago ka diura di le tharo. Gantsi ditlamorago tsa gone e nna gore o boela ruri mo motsokong.
● Go goga go nthusa gore ke lepalepane le go ngomoga pelo.
Boammaaruri: Dipatlisiso di bontsha gore totatota nikotine e oketsa selekanyo sa dihoromone tsa
go ngomoga pelo. Boikutlo bope fela jwa go akanya gore go goga go tla go thusa fa o ngomogile pelo gantsi bo ka nna jwa bakiwa ke go nyelela ga matshwao a gore o tlogetse sengwe se se go tshwakgolang go sekaenyana.● Go setse go le thari thata gore nka tlogela.
Boammaaruri: Go sa nne le tsholofelo go fedisa boikemisetso jwa gago. Baebele ya re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Diane 24:10) Ka jalo, tila go akanya ka tsela e e ka go kgobang marapo. Ope fela yo tota a batlang go tlogela go goga mme a batla go dirisa melaometheo e e mosola, e e jaaka e e umakilweng mo makasineng ono, a ka atlega.
● Matshwao a go tlogela go goga a nonofile thata mo go nna.
Boammaaruri: Gone ke boammaaruri gore matshwao a go tlogela go goga a nonofile, mme a tla fokotsega mo dibekeng di le mmalwa fela. Ka jalo, nna o tlhomile mogopolo mo go se se siameng! Fa keletso ya go batla go goga e boa morago ga dikgwedi kgotsa dingwaga, le yone e tla feta, gongwe mo metsotsong e le mmalwa fela—fa o sa tshube sekerete.
● Ke na le bolwetse jwa tlhaloganyo.
Boammaaruri: Fa e le gore o alafelwa bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo, jo bo jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa go fapoga tlhaloganyo, kopa ngaka ya gago gore e go thuse go tlogela go goga. A ka nna a itumelela go go thusa, gongwe a fetole kalafi ya gago gore tshwetso e o e dirileng e se ka ya nna le ditlamorago tse di sa itumediseng mo bolwetseng jwa gago kgotsa mo melemong e o e dirisang.
● Fa nka boa gape ke goga, ke tla ikutlwa e kete ke paletswe.
Boammaaruri: Fa o ka kgopiwa ke sekgoreletsi mme o bo o goga—jaaka ba le bantsi ba dira fa ba ntse ba leka go tlogela go goga—seemo sa gago ga se a tlhobosega. Tswelela o leke gape. Go wa ga go reye gore motho o paletswe. Go nna mo seemong seo ke gone go palelwa. Ka jalo, nna o leke. Kgabagare o tla atlega!
Akanya ka boitemogelo jwa ga Romualdo, yo o neng a goga ka dingwaga di le 26 mme a tlogetse go goga dingwaga tse di fetang 30 tse di fetileng. O kwala jaana: “Ke ne ka tlogela go bala makgetlo a ke neng ka boa ke goga gape ka one. Ka lekgetlo lengwe le lengwe, ke ne ke utlwa botlhoko tota, e kete ke motho yo o tshwanetseng go tlhobogiwa. Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke setse ke ikemiseditse ke nitame gore ke nne le kamano e e siameng le Jehofa Modimo mme ke nna gangwe le gape ke mo kopa ka thapelo gore a nthuse, kgabagare ke ne ka kgona go tlogelela ruri.”
Mo setlhogong sa bofelo sa motseletsele ono wa ditlhogo, re tla sekaseka dikakantsho tse dingwe tse di oketsegileng di le mmalwa fela tse di ka go thusang gore o nne motho yo o itumetseng yo o sa tlholeng a goga.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
O KOTSI KA MEFUTA YOTLHE YA ONE
Motsoko o dirisiwa ka ditsela tse dintsi. Dilo tse dingwe tse di dirilweng ka motsoko di rekisiwa le mo mabenkeleng a a rekisang dijo tse di siametseng botsogo le mo mabenkeleng a a rekisang ditlhatsana tsa kalafi. Le fa go ntse jalo, Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o bolela gore “mefuta yotlhe ya motsoko e kotsi.” Motho a ka nna a swa ka ntlha ya malwetse a le mmalwa a a amanang le go goga motsoko, a a jaaka kankere le malwetse a pelo. Bommè ba ba gogang le bone ba ka gobatsa masea a bone a a iseng a tsholwe. Gantsi dilo tse di nang le motsoko di dirisiwa ka ditsela tse di ntseng jang?
Di-bidi: Disekerete tseno tse dinnye, tse gantsi di menwang ka letsogo di dirisiwa thata kwa dinageng tsa kwa Asia. Di-bidi di ntsha bokgakga, nikotine le khabonomonokosaete ka makgetlo a le mmalwa a a oketsegileng go feta disekerete tse di tlwaelegileng.
Di-cigar: Ke motsoko o o tshophilweng ka letlhare la motsoko kgotsa ka pampiri e e dirilweng ka motsoko. Motsoko wa di-cigar o o nang le kalaka e ntsinyana, fa o bapisiwa le motsoko o o nang le asiti wa disekerete tse di tlwaelegileng, o dira gore nikotine e tsene ka legano le fa cigar e sa tshubiwa.
Di-kretek kgotsa disekerete tsa clove: Gantsi disekerete tseno di na le diperesente di le 60 tsa motsoko le diperesente di le 40 tsa di-clove. Di ntsha bokgakga, nikotine le khabonomonokosaete tse di oketsegileng go feta disekerete tse di tlwaelegileng.
Dipeipi: Go goga peipi ga se tsela e nngwe e e sireletsegileng ya go goga go na le disekerete, mekgwa eno ka bobedi e baka dikankere tse dintsi tse di tshwanang, mmogo le malwetse a mangwe.
Motsoko o o se nang mosi: Se se akaretsa go tlhafuna motsoko, seneifi le gutkha e e nang le moutlwalo e e dirisiwang kwa Borwabotlhaba jwa Asia. Nikotine e tsenngwa mo mading ka molomo. Go dirisa motsoko o o se nang mosi go kotsi fela jaaka mefuta e mengwe.
Dipeipe tsa metsi (di-bong, di-hookah, di-narghile, di-shisha): Fa motho a dirisa didirisiwa tseno, mosi wa motsoko o feta mo metsing pele ga a o hema. Le fa go ntse jalo, seno ga se fokotse selekanyo sa botlhole, go akaretsa le dilo tse di bakang kankere, tse di tsenang mo makgwafong a gago.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]
GO THUSA MONGWE GO TLOGELA GO GOGA
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 8]
● Nna le boikutlo jo bo siameng. Go akgola motho le go mo atswa go botoka go na le go ngongorega le go rerela motho. Mafoko a a reng “Ke akanya gore o ka kgona fa o ka leka gape” a na le tlhotlheletso e kgolo go na le gore “O a bo o paletswe gape!”
● Nna motho yo o itshwarelang. Dira gotlhe mo o ka go kgonang go itlhokomolosa motho yo o lekang go tlogela go goga fa a go galefela kgotsa fa a betilwe ke pelo. Dirisa mafoko a bopelonomi a a jaaka, “Ke a itse gore go thata, mme ke motlotlo ka wena go bo o go dira.” Le ka motlha o se ka wa re, “Ke ne ke go rata thata fa o ne o goga!”
● Nna tsala ya boammaaruri. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Ee, leka go nna pelotelele le go nna lorato “ka dinako tsotlhe” mo mothong yo o lekang go tlogela go goga—go sa kgathalesege gore ke nako mang kgotsa gore motho o ikutlwa jang.