Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelele Mmala wa Letlalo la Gago

Itumelele Mmala wa Letlalo la Gago

Itumelele Mmala wa Letlalo la Gago

● Batho bangwe kwa Afrika, Asia Borwa, Caribbean, le kwa Botlhaba Bogare ba amanya go nna le mmala wa letlalo o mosweunyana le go atlega le feshene ya maemo a a kwa godimo. Ka ntlha ya seo, banna le basadi ba le bantsi mo mafelong ano ba dirisa dilo tse di sweufatsang mmala wa letlalo la bone—mme ka dinako tse dingwe ba dira jalo ba tsenya botsogo jwa bone mo kotsing.

Dikherimi dingwe tse di sweufatsang letlalo di na le hydroquinone, khemikale nngwe e e sweufatsang e e fokotsang go ntshiwa ga melanin, mme seno se fokotsa tshireletso ya tlholego ya letlalo kgatlhanong le marang a ultraviolet (UV). Hydroquinone e tsenelela mo letlalong mme e ka nna ya baka tshenyo e e sa kgoneng go baakanngwa mo dithishung. Mme ditlamorago tsa gone ke go tsofala pele ga nako. Khemikale eno e ka nna ya baka kankere. Dikherimi tse dingwe di na le mercury, e le yone e leng botlhole.

Mo godimo ga moo, go dirisa dilo tse di ntseng jalo o sa kgaotse go ka nna ga baka bogwata jo bo senyang sefatlhego, dipatso tse di maswe le letlalo le le bokoa thata mo e leng gore le ka se kgone go rokiwa fa le ka segega. Fa dikhemikale tse di mo dintlafatsing dingwe di ka tsena mo mading, di ka senya sebete, diphilo kgotsa boboko—le e leng go dira gore dirwe dingwe di se ka tsa bereka.

Se se gakgamatsang ke gore, fa batho bangwe ba ba nang le mmala wa letlalo o montshonyana ba batla go sweufatsa matlalo a bone, ba bantsi ba ba nang le mmala wa letlalo o mosweu bone ba dira matsapa a magolo go nna le mmala wa letlalo o montshonyana. Boammaaruri ke gore, go nna mo letsatsing ka selekanyo se se lekalekaneng go ka nna molemo mo botsogong. Ka sekai, go ka dira gore o nne le bitamine D. Mme go nna thata mo letsatsing, segolobogolo fa letsatsi le gotetse thata, go ka nna kotsi. Tota e bile, letlalo le le fisitsweng ke letsatsi gore le nne lentshonyana, le bontsha gore letlalo le setse le senyegile mme le leka go itshireletsa mo marannyeng a a kotsi a UV. Mme tshireletso eo ga ya lekana. Ka sekai, go ntshofatsa letlalo le lesweu mo letsatsing, go dira gore o nne le selekanyo sa tshireletso ya letsatsi e e ka kwa tlase ga nnè. Le fa go dirisa ditlolo tsa go thibela letsatsi ka metlha go ka nna ga thusa, ga go sireletse letlalo ka botlalo mme e bile ga go le thibele mo dikankereng tse di rileng, go akaretsa le melanoma.

Ke ka moo, Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o akantshang “molaetsa o o kgothatsang wa gore mongwe le mongwe a itumelele mmala wa gagwe wa letlalo wa tlholego” e leng “kgato e e botlhokwa ya go rotloetsa batho go nna le boikutlo jo bo siameng malebana le go itshireletsa mo letsatsing.” Le fa go ntse jalo, batho ba ba leng botlhale tota ba tlhoma mogopolo mo go se Baebele e reng ke “motho wa sephiri wa pelo,” yo go farologana le letlalo le le tsofalang, a ka tokafalang fa nako e ntse e tsamaya!—1 Petere 3:3, 4; Diane 16:31.