Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Itumetse Le fa Ke Golafetse Thata

Ke Itumetse Le fa Ke Golafetse Thata

Ke Itumetse Le fa Ke Golafetse Thata

Jaaka go boletse José Godofredo Várguez

Ke tshotswe ke itekanetse mme ke godile ka tsela e e tlwaelegileng. Fa ke le dingwaga di le 17, ke ne ka simolola go dira tiro ya go momaganya ditshipi kwa madirelong. Dingwaga di le pedi moragonyana, ke ne ke momaganya ditshipi mo seraleng gaufi le megala ya motlakase wa maatla a magolo fa pula e simolola go na. Ka tshoganyetso fela ke ne ka itewa ke motlakase mme wa ntatlhela dimetara di le 14 kwa tlase, ka idibala. Ke ne ka tsena mo kidibalong e kgolo mme ka thanya dikgwedi di le tharo moragonyana. Ke ne ke kgona go sutisa fela tlhogo ya me. Ke ne ke golafetse maoto le matsogo mme ke ne ke kgobegile marapo thata!

KWA tshimologong, ke ne ke galefetse Modimo mme ke mmotsa gore ke ka ntlha yang fa a ntetleletse go tshela. Ke ne ka bo ka akanya ka go ipolaya. Ke ne ka batla botshabelo mo madumeding a a farologaneng mme go ne go se na ape a a neng a nkgomotsa kgotsa go nkgotsofatsa semoyeng. Tota e bile, ba ne ba sa rotloetse batho go tshela go ya ka dithuto le melao ya Baebele! Fa mmè a ne a tlhokafala ka 1981, ke ne ka simolola go nwa bojalwa le go betšha. Ke ne ka akanya gore, ka ntlha ya seemo sa me, Modimo o tla nkutlwela botlhoko mme o tla intshwarela ka ntlha ya botagwa. Gape ke ne ka simolola go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang ka go nna le mosadi yo ke sa mo nyalang.

Phetogo e Kgolo Malebana le Kafa ke Akanyang ka Teng

Fa ke le dingwaga di le 37, ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa e le lekgetlo la ntlha. Mmè, yo o neng a tlhotlheleditswe ke magatwe, gantsi o ne a tle a bolele gore ke bodumedi jo bo bosula go a feta otlhe. Le fa go ntse jalo, ke ne ka ba amogela mo ntlong ya me—segolobogolo e le go supa fa ba le phoso, ka gonne ke ne ke akanya gore ke itse go le gontsi ka Baebele. Le fa go ntse jalo, ke ne ka gakgamala fa ke lemoga gore ke ne ke itse go le gonnye thata! Mo godimo ga moo, baeti ba me ba ne ba nkgakgamatsa ka go dirisa Baebele go araba dipotso tsa me tsotlhe. Go ise go ye kae ke ne ka tlhatswega pelo gore ke bone boammaaruri.

Ka maswabi, mosadi yo ke neng ke nna le ene o ne a sa batle dilo tse ke di dumelang mme re ne ra kgaogana. Ke ne ka tswelela go tokafatsa botshelo jwa me le go fetola boikutlo jwa me le tsela e ke akanyang ka yone gore di tsamaisane le dithuto tsa Baebele. Mme gape, ka thuso ya Modimo ke ne ka kgona go fetola tsela e ke akanyang ka yone le e ke ikutlwang ka yone malebana le ditlamorago tse kotsi e di bakileng—ke ne ka fetoga thata jaana mo e leng gore mo dingwageng di le 20 tse di fetileng, ke ne ka kgotsofalela go nna mmoledi wa nako e e tletseng. Ka ntlha ya bogole jwa me, batho ba le bantsi ba ne ba ipotsa gore ke kgona jang. Gone mme, ga ke nosi. Ke nna le nnake e bong Ubaldo, yo o nang le bolwetse jwa Down syndrome. Ubaldo le ene o ne a amogela boammaaruri jwa Baebele mme o direla Jehofa mmogo le nna.

Re bereka mmogo sentle thata mme re a thusana. Fa re le mo bodireding, Ubaldo o kgorometsa setulo sa me sa maotwana mme a bo a kokota mo matlong mme fa ke bua le beng ba matlo, o nthusa go bula Baebele mme a bo a bontsha beng ba matlo dikgatiso tse di tshwanelang. Mme gape o nthusa ka dilo tse dingwe tse ke di tlhokang. Mme nna kafa letlhakoreng le lengwe, ke tlamela bobedi jwa rona ka madi ka go rekisa dintlafatsi. Mo godimo ga moo, maloko a phuthego ya rona ya Basupi ba ga Jehofa a re thusa ka go re apeela, go dira ditiro tse dingwe tsa legae le ka go re isa ngakeng—e leng dilo tsotlhe tse nna le Ubaldo re di anaanelang thata!

Ke na le tshiamelo ya go nna mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete mme bakaulengwe ba me ba semoya ka metlha ba iketleeditse go nthusa ka go dira dipatlisiso tsa ditlhogo tsa Baebele. Ke kgona go tshwaya dintlha tse di botlhokwa mo dikgatisong tsa rona tsa go ithuta ka go tshwara pensele ka molomo.

Fa batho ba mpotsa gore a ke itumetse, ka metlha ke araba go tswa pelong ke re ee! Ke eng se se tla dirang gore ke se ka ka itumela? Ke bone bokao jwa mmatota mo botshelong mme ke lebeletse pele go bona tsholofetso e Modimo a e solofetsang baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang—botsogo jo bo itekanetseng mo lefatsheng le le tlang la Paradaise.—Isaia 35:5, 6; Luke 23:43.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

José fa a ne a le dingwaga di le 18, ngwaga pele ga a tlhagelwa ke kotsi

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Nna le nnake e bong Ubaldo re bereka mmogo sentle thata mo bodireding kwa Mexico

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Mosupi ka nna a bula Baebele fa ke ntse ke neela puo mo Holong ya Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Maloko a phuthego ya rona a re thusa ka go re apeela le ka ditiro tse dingwe tsa legae