Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Laola Jang Madi ka Botlhale?

Nka Laola Jang Madi ka Botlhale?

Baebele ya Reng

Nka Laola Jang Madi ka Botlhale?

“Fa madi a ke a amogelang a ntse a fokotsega, dikoloto tsa me di tswelela go oketsega. Gantsi ke nna ke thantse bosigo ke ipotsa gore ke tla tlamela lelapa la me jang.”—James.

“Go ntse jaaka e kete ke ne ke farafarilwe ke mathata mme ke se na kgoro ya botso.”—Sheri.

KA DINAKO tsa fa maemo a ikonomi a reketla, maikutlo a a ntseng jalo a tlwaelegile. Fa Juan Somavia motsamaisimogolo wa International Labour Office a ne a akgela ka go wa ga ikonomi ya lefatshe, o ne a bolela jaana: “Ga se bothata jwa ikonomi fela mme ke bothata jo bo amang mongwe le mongwe.”

Go latlhegelwa ke tiro o sa lebelela kgotsa go tlhoka madi a go reka dilo tsa motheo tse lelapa la gago le di tlhokang go ka dira gore motho a tlhobaele thata le go ikutlwa a itlhobogile. Ka nako nngwe mo botshelong jwa gagwe, mokwadi wa Baebele e bong Dafide o ne a ikutlwa jalo. O ne a rapela jaana: “Matshwenyego a pelo ya me a ntsifetse, nketshe mo dipitlaganong tsa me tsweetswee.” (Pesalema 25:17) Baebele ya reng ka metlha ya rona mme botlhale jwa yone jo bo tlhotlheleditsweng bo tokafatsa jang pabalesego ya rona le go re naya kagiso e e oketsegileng?

Botlhale mo Dinakong Tsa Mathata

Baebele e boleletse pele gore ‘metlha ya bofelo’ ya lefatshe la gompieno e tla bonala ka “ditlhabi tsa tlalelo” le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1; Mathaio 24:8) Mafoko ao a itshupile a le boammaaruri tota! Le fa go ntse jalo, ga se gore ga re na tsholofelo epe, ka gonne Modimo, ka Baebele e e Boitshepo, o dirile gore re kgone go bona botlhale jo re bo tlhokang gore re lepalepane le dinako tse di sa iketlang tsa ikonomi.

Ka sekai, Baebele e re thusa gore re nne le boikutlo jo bo siameng ka madi. Moreri 7:12 e balega jaana: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso; mme molemo wa kitso ke gore botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.” Ee, madi a ka kgona go re sireletsa go se kae, mme ke botlhale jwa bomodimo fela jo bo fitlhelwang mo Baebeleng, jo bo ka re nayang pabalesego ya mmatota ka dinako tsotlhe. Akanya ka dikai dingwe.

Go Lepalepana le Dinako Tse di Thata Tsa Ikonomi

Dira ka natla. “Setshwakga se ipontsha se eletsa, mme moya wa sone ga o na sepe. Le fa go ntse jalo, moya wa ba ba tlhoafetseng o tla nontshiwa.” (Diane 13:4) Re ithuta eng mo go seno? Leka go itirela leina le lentle la go nna modiri yo o ikanyegang yo o dirang ka natla. Badiri ba ba molemo ba anaanelwa thata ke bathapi mme go ka direga gore e nne bone ba ntlha go thapiwa e bile e le ba bofelo go kobiwa mo tirong.—Baefeso 4:28.

Akanya ka ditshenyegelo pele ga o reka. Jesu o ne a re: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo, go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?” (Luke 14:28) Le fa gone Jesu a ne a bontsha botlhokwa jwa go bala ditshenyegelo tsa go nna mongwe wa balatedi ba gagwe, ga go na pelaelo gore mafoko a gagwe a boammaaruri ka tsela ya mmatota. Ka jalo, itirele lenaane la kafa o tla dirisang madi ka teng, o bo o kwala dilo tse o di tlhokang tota, le gore di ja madi a kana kang.

O se ka wa senya madi ka mekgwa e e sa siamang. Mekgwa e e jaaka go betšha, go goga le go dirisa diokobatsi le bojalwa ka tsela e e sa siamang tsotlhe di bosula mo matlhong a Modimo.—Diane 23:20, 21; Isaia 65:11; 2 Bakorintha 7:1.

Tila “go rata madi.” (Bahebera 13:5) Ga go na pelaelo gore batho ba ba ratang madi ga ba a itumela e bile ba kgobegile marapo, totatota, ‘ba itlhabakaka ka ditlhabi tse dintsi.’ (1 Timotheo 6:9, 10) Mo godimo ga moo, ba nna makgoba a a sa kgotsofaleleng sepe, ka gonne, go sa kgathalesege gore ba na le go le kana kang, le ka motlha ga go ke go lekana.—Moreri 5:10.

Ithute go kgotsofala. “Ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:7, 8) Batho ba ba kgotsofalelang go le gonnye ba ka kgona go tila go tlhobaela thata fa ikonomi e wa. Ka jalo, ithute go tshela ka go kgotsofalela se o nang le sone.—Bona lebokoso le le kafa mojeng.

Ga go na ope wa rona yo o itseng gore letsatsi la ka moso le re tshwaretse eng. Moreri 9:11 ya re: “[Rotlhe re] diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” Ka jalo, batho ba ba botlhale ‘ga ba solofele mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofela mo Modimong,’ yo o solofeditseng batho ba ba ikanyegang jaana: ‘Ruri ga ke na ke lo tlogela ka gope le fa e le go lo latlha ka gope.’—1 Timotheo 6:17; Bahebera 13:5.

A O KILE WA IPOTSA GORE. . .

● Baebele e tlhalosa jang metlha ya rona?—2 Timotheo 3:1-5.

● Re ka bona kae kaelo e e ikanyegang gompieno?—Pesalema 19:7.

● Nka dira jang gore ba lelapa la me ba nne le isagwe e e babalesegileng?—Moreri 7:12.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 19]

DITSELA TSA GO SOMARELA

Go reka: Dira lenaane. Tila go reka dilo tse o neng o sa ikaelela go di reka. Lebelela ditlhwatlhwa tse di botoka. Dirisa dipampitshana tse di supang gore o ka reka dilwana ka tlhwatlhwa e e fokoditsweng. Reka dilwana tse di tlhokegang tse di rekisiwang ka tlhwatlhwa e e kwa tlase le tse di sa rekweng thata. Fa go kgonega, reka dilo ka bontsi.

Ditshenyegelo tsa lelapa: Duela dikoloto ka nako gore o tile go duedisiwa madi a a oketsegileng. Dira dijo le dino kwa gae mme o je dijo ka tekatekano le go nwa bojalwa ka tekatekano. Tima mabone le didirisiwa tsa motlakase fa di sa dirisiwe. Fa go kgonega, dirisa dilo tse di bolokang motlakase. Thibela serame mo ntlong ya gago. Akanyetsa go nna mo ntlong e nnye.

Sepalangwa: Fa e le gore o tlhoka sepalangwa sa gago, reka se se siameng se se bolokang peterolo. Ga go tlhokege gore se bo se le sesha. Ya kwa mafelong a o tlhokang go ya kwa go one ka nako e le nngwe mme fa go kgonega, tsamaya le ba bangwe mo koloing. Fa go sa kgonege, dirisa sepalangwa sa batho botlhe, tsamaya ka maoto kgotsa palama baesekele. Ya malatsing a boikhutso fa ditlhwatlhwa di le kwa tlase kgotsa o ye kwa mafelong a a gaufi le mo o nnang teng.

Difouno le boitlosobodutu: A o tlhoka founo ya mo gae le founo ya selula? Fa e le gore bana ba gago ba na le difouno tsa selula, a ba ka kgona go di dirisa ka tsela ya go somarela kgotsa le e leng gore ba se ka ba nna le tsone? Fa o kwadisetsa laesense ya thelebishene, a o ka kgona go fokotsa ditshenyegelo ka go fokotsa palo ya ditšhanele? * Adima dibuka le dibidio kwa laeboraring go na le go di reka.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 26 Go bona dikakantsho tse di oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Dirisa Madi a Gago ka Botlhale,” mo kgatisong ya March 2009 ya Tsogang! le se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Laola Jang Tsela e ke Dirisang Madi ka Yone?” mo kgatisong ya June 2006 ya Tsogang!