Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nonotsha Boikemisetso Jwa Gago

Nonotsha Boikemisetso Jwa Gago

Nonotsha Boikemisetso Jwa Gago

“Go nna le maikemisetso a magolo a go tlogela go goga ke nngwe ya dinonofo tse di botlhokwa thata tse batho ba ba ileng ba atlega go tlogela ba nang le tsone.”—“Stop Smoking Now!”

FA RE tlhamalala fela, fa e le gore o batla go tlogela go goga, bobotlana o tshwanetse wa nna le boikemisetso jo bo nonofileng jwa go dira jalo. O ka nonotsha jang boikemisetso jwa gago? Sa ntlha, akanya kafa o tla solegelwang molemo ka teng fa o ka tlogela go goga motsoko.

O tla somarela madi. Go tlwaela go goga pakete ya disekerete ka letsatsi go ka ja diranta di le diketekete ka ngwaga. “Le ka motlha ke ne ke sa lemoge gore ke sentse madi a le kana kang mo motsokong.”—Gyanu, Nepal.

O tshwanetse go itumelela botshelo. “Botshelo jwa me bo ne jwa simologa fa ke ne ke tlogela go goga, mme bo nna bo ntse bo tokafala le go feta.” (Regina, Afrika Borwa) Fa batho ba tlogela go goga, ditemosi tsa bone tse di jaaka go latswa le go utlwa monko wa dilo di tokafala thata mme le tebego ya bone ya mmele e a tokafala.

Botsogo jwa gago bo ka nna jwa tokafala. “Go tlogela go goga go na le melemo ya botsogo e e bonalang ka bonako mo banneng le mo basading ba dingwaga tsotlhe.”—The U.S. Centers for Disease Control and Prevention.

O tla tokafatsa tsela e o itshepang ka yone. “Ke ne ka tlogela go goga ka gonne ke ne ke sa batle gore motsoko o ntaole. Ke ne ke batla gore e nne nna ke laolang mmele wa me.”—Henning, Denmark.

Ba lelapa la gago le ditsala ba tla solegelwa molemo. “Go goga go gobatsa botsogo jwa batho ba ba go dikologileng. . . . Dipatlisiso di ile tsa bontsha gore motsoko o o gogwang ke motho yo mongwe o baka dintsho di le diketekete ngwaga le ngwaga mme batho ba swa ka ntlha ya kankere ya makgwafo le malwetse a pelo.”—American Cancer Society.

O tla itumedisa Mmopi wa gago. “Baratwa, a re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama.” (2 Bakorintha 7:1) ‘Isang mebele ya lona setlhabelo . . . se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong.’—Baroma 12:1.

“Fa ke sena go tlhaloganya gore Modimo ga a itumelele dilo tse di leswafatsang mmele, ke ne ka swetsa go tlogela go goga.”—Sylvia, Spain.

Le fa go ntse jalo, gantsi go nna le boikemisetso fela ga go a lekana. Re ka nna ra tlhoka gape le thuso ya batho ba bangwe, go akaretsa ba malapa a rona le ditsala. Ba ka dira eng?