Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Atamela Modimo Jang?

O ka Atamela Modimo Jang?

O ka Atamela Modimo Jang?

Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) A o dumela gore batho ba ka kgona go nna le kamano e e lorato le Mmopi? Le fa go ntse jalo, pele ga o araba potso eo, o tshwanetse go bona dikarabo tse di boammaaruri tsa dipotso tse di leng botlhokwa le go feta. Ka sekai:

A Modimo o teng?

Fa e le gore go ntse jalo, a o ile a buisana le batho? Ka tsela efe?

A Baebele ke bosupi jwa puisano e e ntseng jalo? Re ka tlhomamisega jang?

Gongwe tseno ke dipotso tse di botlhokwa thata tse re ka nnang ra di botsa mme di tla sekasekiwa mo puong ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “O ka Atamela Modimo Jang?” E tla neelwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa e e nang le setlhogo se se reng “Nna o Atamalane le Jehofa!” Dikopano tsa Kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa, tse di tla tshwarwang go ralala lefatshe di tla simolola ka August mo Afrika Borwa.

O lalediwa ka lorato go nna teng kwa kopanong ya kgaolo e e mo lefelong le o nnang kwa go lone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona kgotsa kwalela bagatisi ba makasine ono.