Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsala e e Seng ya Mmatota

Tsala e e Seng ya Mmatota

Tsala e e Seng ya Mmatota

O na le “tsala” e o ileng wa kopana le yone fa o ne o le mosha. Tsala eno e ne e dira gore o ikutlwe o godile mo tlhaloganyong mme go bonala e go thusa gore o tshwanelege mo gare ga balekane ba gago. Fa o ne o tlaletswe, ka metlha o ne o retologela kwa go ene gore “o wele makgwafo.” Ee ruri, o ile wa ikaega ka ene mo maemong a le mantsi.

Mme fa nako e ntse e tsamaya, o lemoga kafa a sa siamang ka teng. O batla go nna le wena ka dinako tsotlhe, tota le fa seno se dira gore o se ka wa amogelesega mo mafelong mangwe. Mme le fa a ka tswa a ile a dira gore o ikutlwe o godile mo tlhaloganyong, kafa letlhakoreng le lengwe o dirile gore o nne le bothata jwa botsogo. Mo godimo ga moo, o utswitse bontlhanngwe jwa madi a o a amogelang.

Bosheng jaana, o lekile go fedisa botsala jwa lona, mme ga a ka a go letla go dira jalo. Ka tsela nngwe, o itirile mong wa gago. O a ikwatlhaya go bo o ile wa tlwaelana le ene.

BATHO ba le bantsi ba ba gogang ba nnile le botsala jo bo ntseng jalo le sekerete. Morago ga dingwaga di le 50 tsa go goga, mosadi mongwe yo o bidiwang Earline o gakologelwa jaana: “Sekerete se ne se nthusa thata go feta kafa motho yo mongwe a neng a ka nthusa ka teng. E ne e se fela tsala ya bogologolo—ka dinako tse dingwe e ne e le sone fela tsala ya me.” Le fa go ntse jalo, jaaka fa Earline a ne a lemoga, totatota, sekerete ga se tsala ya mmatota mme ke tsala e e setlhogo. Ee ruri, go ka tswa go buiwa ka ene mo mafokong a a fa godimo a a simololang mme go na le pharologano e le nngwe fela. Fa a ne a ithuta gore go goga ga go a siama mo matlhong a Modimo ka gonne go kgotlela mebele e re e filweng ke Modimo, o ne a tlogela mokgwa wa gagwe.—2 Bakorintha 7:1.

Monna mongwe yo o bidiwang Frank le ene o ne a swetsa go tlogela go goga motsoko gore a tle a itumedise Modimo. Mme letsatsi kgotsa go feta morago ga gore a goge sekerete sa gagwe sa bofelo, o ne a iphitlhela a gagaba mo ntlong ya gagwe a batlana le masaledinyana a disekerete tse di ka tswang di wetse kafa gare ga diboto tsa boalo jwa ntlo. Frank a re: “Seo se ne sa dira gore ke dire tshwetso. Go iphitlhela ke gagaba ke ntse ke ngapangapa fa gare ga matlakala ke batla masaledi a disekerete go ne go mpherosa sebete. Ga ke ise ke ko ke goge sekerete se sengwe gape.”

Ke eng fa go le thata jaana go tlogela motsoko? Babatlisisi ba ile ba lemoga mabaka a le mmalwa: (1) Dilo tse motsoko o dirilweng ka tsone di ka tshwakgola motho ka tsela e e tshwanang le fa a tshwakgolwa ke diokobatsi tse di seng kafa molaong. (2) Fa motho a hema nikotine e ka fitlha kwa bobokong ka metsotswana e le supa fela. (3) Gantsi go goga motsoko ke karolo e e botlhokwa ya botshelo jwa motho, ka gonne ka metlha motho o go amanya le go ja, go nwa, go tlotla, go fokotsa go ngomoga pelo, jalo le jalo.

Le fa go ntse jalo, jaaka Earline le Frank ba ile ba bontsha, go a kgonega gore motho a tlogele mokgwa ono wa go tshwakgolwa o o gobatsang. Fa e le gore o a goga mme o batla go tlogela, go bala ditlhogo tse di latelang e ka nna ya nna tshimologo ya tsela e ntšha ya botshelo jwa gago.