Ditiragalo Tsa Lefatshe
Ditiragalo Tsa Lefatshe
“Ka January 2009, dinaga di le robedi di ne di na le dibetsa tsa nuklea tse di ka fetang palogotlhe ya 23 300.”—STOCKHOLM INTERNATIONAL PEACE RESEARCH INSTITUTE, SWEDEN.
Mo Afrika, diketekete di le masome tsa didiba le dipompo—tse di dintsi tse di agilweng bosheng ka thuso ya dinaga di sele—di tlhoka go baakangwa, “ka ntlha ya lebaka le le motlhofo e bile e le le le ka tilwang: go tlhoka tlhokomelo.”—INTERNATIONAL INSTITUTE FOR ENVIRONMENT AND DEVELOPMENT, BRITAIN
Baitsesaense ba Dira Ekeserei ya Mammoth e Nnye
Baitsesaense ba kwa Russia ba ne ba bona ditshwantsho tse di godisitsweng tse di bontshang dirwe tse di kwa teng tsa mammoth. Phologolo eno—e e neng e le dikgwedi tse tharo go ya go tse nnè fa e ne e swa—e ne ya bonwa e itekanetse mo aeseng ya Yamalo-Nenets, karolo e e kwa borwa Bophirima jwa Russia. Alexei Tikhonov, mothusa mookamedi kwa Sekolong se Segolo sa Saense ya Thutodiphologolo kwa Russia o bolela jaana: “Seno ke sekai se sentle thata sa setoto se se bolokesegileng e seng fela sa mammoth mme sa phologolo epe fela ya bogologolo.” Mofuta wa ekeserei ya khomputara o o bidiwang tomography, e e tshwanang le e e dirisiwang fa balwetse ba batho ba tsewa diekeserei, ga ya ka ya bontsha dikgobalo dipe. E re ka mometso wa mammoth le thulaganyo ya go sila dijo di ne di “thibilwe” ke se se neng se lebega e le motlhaba o o boleta, seno se ne sa dira gore baitsesaense ba swetse ka gore phologolo eno “e ka tswa e ne e nwetse mo metsing.”
Go Tlhala ka Bonako
Lokwalodikgang lwa El Universal lo bega gore bosheng jaana go nnile motlhofo thata go tlhala kwa Mexico City. Ka 2008, mabaka a le 21 a a ka letlang motho go tlhala—go sa ikanyege, thubakanyo le tse dingwe—di ne tsa ntshiwa mo dibukeng tsa molao. Se motho a ka se dirang gone jaanong ke go duela madi a a kana ka R3 000 mo bankeng ya ofisi ya molao mme a bo a romela ka Internet pampiri e e saenilweng, e e yang kwa kgotlatshekelo, a tlhalosa gore ga a tlhole a rata motho yo mongwe. Ga go na sepe se se tshwanetseng go tlhalosiwa fa pele ga moatlhodi. Go tsaya fela mo e ka nnang dikgwedi tse pedi go ya go tse nnè go tlhala, fa go bapisiwa le thulaganyo ya pele e e neng e tsaya dingwaga. Go tlhokomela ngwana, go duela madi a kgotlatshekelo e go laelang go a duela molekane wa gago, go kgaogana dithoto le dikgang tse dingwe di rarabololwa moragonyana.
Di-hummingbird—‘Di Lobelo go Gaisa Difofane Tsa Ntwa’
Mmatlisisi mongwe kwa Yunibesithing ya California kwa Berkeley kwa U.S.A. o bolela gore di-hummingbird tse di fofelang kwa tlase ka bonako, ka ntlha ya mmele wa tsone o moleele, di kgona go fofa ka lobelo lo lo kwa godimo go gaisa difofane tsa ntwa ka motsotswana. Christopher Clark o ne a tsaya ditshwantsho tse di bontshang mokgwa wa go ratana wa Anna’s hummingbird e tonanyana mme o ne a lemoga gore fa e ntse e fofa ka matsetseleko le ka botswerere e le go kgatlha e namagadi, “nonyane eno e e nang le bokgoni jwa go fofa e ne e kgona go fitlhelela sekgala sa mo e ka nnang 400 sa boleele jwa mmele wa yone ka motsotswana.” Clark a re, sekgala seo se “kwa godimo thata fa se bapisiwa le sa sefofane sa ntwa” se se tabogisitsweng thata. Fa e fofela kwa godimo morago ga go ya kwa tlase, nonyane eno e kgona go emelana le maatla a a fetang kgatelelo ya maatlakgogedi ka makgetlo a le lesome—go feta ka mo bakgweetsi ba difofane tsa ntwa ba ka e itshokelang ka teng kwantle ga gore ba idibale.