Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Laola go Ngomoga Pelo

Go Laola go Ngomoga Pelo

Go Laola go Ngomoga Pelo

Baebele e bua ka “dinako tsa go ngomoga pelo thata le tsa mathata.” O ka nna wa dumela gore re tshela mo dinakong tsa go ngomoga pelo thata gone jaanong.—2 Timotheo 3:1, The Amplified Bible.

JAAKA o ka tswa o lemogile, go motlhofo go tima molelo o monnye go na le go tima malakabe a magolo a molelo. Ka tsela e e tshwanang, go motlhofo go laola selekanyo se sennye sa go ngomoga pelo go na le selekanyo se segolo sa go ngomoga pelo go go ntseng go gola ka nako e telele. Ngaka nngwe ya re “go botlhokwa thata gore re laole go ngomoga pelo letsatsi le letsatsi le fa re na le dilo tse dintsi tse re tshwaregileng ka tsone mo botshelong.” *

Go na le mabaka a mabedi a go bo re tshwanetse go laola go ngomoga pelo letsatsi le letsatsi. Sa ntlha, go re thusa go fokotsa dilo tse di ka dirang gore re ngomoge pelo mo botshelong tse re ka kgonang go di fokotsa. Sa bobedi, go re thusa go laola tsela e re tsibogelang go ngomoga pelo ka yone, mo re ka se go tileng.

A Baebele e ka re neela kaelo e e ka re thusang go lepalepana le go ngomoga pelo?

Boammaaruri Jwa Baebele bo Botlhokwa

Ka go amogela boammaaruri jo bo mo Baebeleng, re ka kgona go bona megopolo e e lapolosang le e e thusang ya Mmopi wa rona. Lefoko la Modimo ke motswedi o o botlhokwa wa kaelo. Ee ruri, ke letlotlo le legolo la boammaaruri jwa semoya jo bo gololang motho mo go ngomogeng pelo! Boammaaruri jono bo ka re thusa gore re tile go ‘garoga pelo kgotsa go tshoga,’ le gore re lepalepane ka katlego le go ngomoga pelo ga letsatsi le letsatsi.—Joshua 1:7-9.

Baebele e re thusa go fokotsa go ngomoga pelo ka tsela e e itumedisang ka go re tlhomamisetsa gore Rrarona wa kwa legodimong e bong Jehofa “o pelonomi tota mo go bontsheng [lorato] e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Patricia, yo o kileng a nna porofesa kwa yunibesithing ya kwa California o tlhalosa jaana: “Selo se se ileng sa nthusa thata ke go akanya ka thato ya Modimo le ka dilo tse dintle tse a di dirang.”

Akanya kafa mafoko a a lorato a ga Jesu Keresete le kafa bogologolo a neng a dirisana le batho ka teng, go ileng ga lapolosa bareetsi ba gagwe ba ba neng ba gateletswe le ba ba neng ba ngomogile pelo ka teng. O ne a ikuela jaana: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo naya boikhutso [e leng go lapolosa mo semoyeng].”—Mathaio 11:28-30, The New Testament—An Understandable Version; masakana ke a bone.

Go ya ka mafoko a gagwe, Jesu o ne a sa tshware batho makgwakgwa. Go na le moo, o ne a akanyetsa dilo tse barutwa ba gagwe ba neng ba di tlhoka mo maikutlong le mo mmeleng, a bo a dira dithulaganyo tsa gore ba ikhutse mo thulaganyong ya bone ya go rera e ba neng ba nna ba tshwaregile mo go yone. (Mareko 6:30-32) Re ka tlhomamisega gore Jesu, yo gone jaanong e leng Kgosi kwa legodimong, o amega ka rona ka tsela e e lorato fa re ntse re lebana le go ngomoga pelo go go re koafatsang. Ka go re utlwela botlhoko o re naya “thuso ka nako e e tshwanetseng.”—Bahebera 2:17, 18; 4:16.

Seabe sa Puisano e e Molemo

Go nna le puisano e e molemo ke nngwe ya ditsela tse di molemolemo tsa go laola go ngomoga pelo. Baebele e ruta jaana: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng, mme go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.” (Diane 15:22) Ka gone, batho ba le bantsi ba fitlhela gore go bua le molekane wa bone wa lenyalo, tsala kgotsa mongwe yo ba berekang le ene go thusa thata go fokotsa go ngomoga pelo.

Tsela e e botlhokwa thata, e e thusang le e re ka kgonang go e fitlhelela ya “puo ya sephiri” ke go rapela Modimo. Go dirisa thulaganyo eno ka metlha go ka go thusa gore o se ka wa “tlhobaela ka sepe.” Ba le bantsi ba fitlhetse gore ka ntlha ya go ikaega ka thapelo, ba ile ba thusega go bona “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” Tumalanong le tsholofelo ya Baebele ‘dipelo le maatla a megopolo’ ya batho ba ba ntseng jalo e ile ya sirelediwa.—Bafilipi 4:6, 7; Diane 14:30.

Buka nngwe e e buang ka go ngomoga pelo ya re “batho ba ba nang le ditsala tse di ba tshegetsang ba kgona go lepalepana botoka le go ngomoga pelo e bile ba na le boitekanelo jo bo botoka jwa tlhaloganyo go na le batho ba ba lekang go itirela sengwe le sengwe ka bobone.” Ga go na ditsala dipe tse di botoka tse di ka go tshegetsang jaaka batho ba ba obamelang Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Ka go latela kgakololo ya Baebele, ba kopana mmogo ka metlha go kgothatsana. (Bahebera 10:24, 25) Motho mongwe yo o yang kwa dipokanong tse di ntseng jalo a re: “Ka dinako tse dingwe ke bereka diura di le dintsi e bile ke ngomogile pelo thata. Mme fa ke ya dipokanong, ke fitlhela gore ka nako ya thapelo ya bofelo, ga ke tlhole ke ngomogile pelo e bile ke ikutlwa ke lapologetswe.”

Selo se sengwe se se sa tshwanelang go itlhokomolosiwa ke go kgona go dira metlae fa o lepalepana le go ngomoga pelo. Moreri 3:4 ya re “go na le nako ya go lela le nako ya go tshega.” Go tshega go a lapolosa e bile go siametse mmele ka gonne, jaaka ngaka nngwe e tlhalosa, “mmele o ntsha di-endorphine mme o fokotsa khemikale ya adrenaline fa re tshega.” Mosadi mongwe yo o nyetsweng o ne a bolela jaana: “Monna wa me o mpolelela sengwe se se tshegisang fa go na le seemo se se ngomolang pelo thata, mme seo se thusa tota.”

Dinonofo Tse di Fokotsang go Ngomoga Pelo

Baebele e kgothaletsa gore re nne le dinonofo tse di fokotsang go ngomoga pelo. Di akaretsa “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo [le] boikgapo,” tse di bidiwang “maungo a moya [wa Modimo].” Mo godimo ga moo, Baebele e re rotloetsa go tila ‘kgakalo ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo e e kgobang.’ Go tswa foo e oketsa jaana: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile.”—Bagalatia 5:22, 23; Baefeso 4:31, 32.

Ngaka nngwe e tlhalosa botlhokwa jwa go dirisa dithuto tse di ntseng jalo tsa Baebele, segolobogolo mo lefatsheng le re tshelang mo go lone gompieno. A re: “Go dirisana ka tlotlo le batho, ke sengwe se se thusang go tlosa go ngomoga pelo thata.” Mme gape Baebele e re thusa go lwela go nna tekatekano, se se rayang gore re akanye ka tsela e e tekatekano ka bokgoni jo re nang le jone.—Mika 6:8.

Modimo o lebeletse gore ka boikokobetso re dumele gore re na le ditlhaelo tsa mmele, tlhaloganyo le tsa maikutlo le gore ga re kgone go dira sengwe le sengwe se re ka ratang go se dira. Le fa seno se ka tswa se le thata jang, re ka nna ra tshwanelwa ke go ithuta gore ke leng le gore re ka gana jang, go dira dilo tse go lebeletsweng gore re di dire tse di fetang se re ka se kgonang.

Seno ga se reye gore fa o dirisa kgakololo yotlhe ya Baebele e e tlhalositsweng fa godimo o tla gololesega mo mefuteng yotlhe ya go ngomoga pelo. Boammaaruri ke gore, Satane Diabolo o tlhomile mogopolo thata mo bathong ba ba obamelang Modimo gore a supe gore ba tla tlogela kobamelo ya boammaaruri fa ba le mo tlalelong e kgolo. (Tshenolo 12:17) Le fa go ntse jalo, jaaka fa re setse re bone, go na le ditsela tse dintsi tse Modimo a re nayang didirisiwa tse di mo nakong go re thusa go fokotsa le go lepalepana le go ngomoga pelo. *

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Fa o nna le go ngomoga pelo go go tsayang nako e telele kgotsa go etegela thata mo e leng gore go baka mathata a botsogo, go ka nna molemo go ya go bona ngaka gore e go neye kalafi.

^ ser. 20 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa o ka lepalepanang le go ngomoga pelo ka teng, tsweetswee bona motseletsele wa ditlhogo tse di nang le setlhogo se se reng “Go Gololwa mo go Ngomogeng Pelo!” mo kgatisong ya February 8, 2005, ya Tsogang! le setlhogo se se reng “Go Itshoka ka Boitumelo mo Lefatsheng Le le Sa Iketlang,” mo kgatisong ya Tsogang! ya February 8, 2001.

[Lebokoso mo go tsebe 9]

DITSELA DINGWE TSA GO FOKOTSA GO NGOMOGA PELO

● O se wa ka lebelela gore o nne motho yo o sa direng diphoso kgotsa wa lebelela seo le mo bathong ba bangwe—Moreri 7:16.

● Dira gore o nne le dilo tsa botlhokwa tse di tlang pele mo botshelong.—Bafilipi 1:10, 11.

● Ikatise mmele ka metlha.—1 Timotheo 4:8.

● Itumelele popo ya ga Jehofa.—Pesalema 92:4, 5.

● Itirele nako ya tidimalo ka metlha.—Mathaio 14:23.

● Itapolose le go robala ka mo go lekaneng.—Moreri 4:6.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go dira nako ya puisano go botlhokwa gore o fokotse go ngomoga pelo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go lwela go nna le dinonofo tsa bomodimo go thusa go fokotsa go ngomoga pelo