Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ngomoga Pelo—Kafa Go Re Amang Ka Teng

Go Ngomoga Pelo—Kafa Go Re Amang Ka Teng

Go Ngomoga Pelo—Kafa Go Re Amang Ka Teng

Go direga eng fa o itlhaganelela go tshwara bese kgotsa terena? Ga go na pelaelo gore o kgona go utlwa kafa mmele wa gago o tsibogang ka teng ka go oketsa kgatelelo ya madi a gago le go dira gore pelo ya gago e iteye ka bonako. Tota le fa o sa tshware bese kgotsa terena, gantsi selekanyo se pelo ya gago e itayang ka sone le selekanyo se o hemang ka sone se ka nna sa boela mo selekanyong se se tlwaelegileng.

LE FA go ntse jalo, fa o lebane le seemo sa go ngomoga pelo ka nako e telele, e ka nna sengwe se se farologaneng gotlhelele. Go tlhobaela, go gagamala ga mesifa, go tlhatloga ga kgatelelo ya madi le go tlhakatlhakana ga thulaganyo ya go sila dijo go ka tsaya nako e telele gore go nne mo seemong se se tlwaelegileng. Batho ba ba oketsegileng ba fitlhela gore tlalelo ga e fele. Ka sekai, batho ba le bantsi ba ikutlwa ba gaeletswe mo tirong e e sa kgotsofatseng. Go ngomoga pelo go ama jang mmele wa gago le botsogo jwa gago?

Tsela ya Mmele ya go Tsibogela go Ngomoga Pelo

Dr. Arien van der Merwe, mankge mo kgannyeng eno, o tlhalosa kafa mmele wa gago o tsibogelang go ngomoga pelo ka teng. O simolola go tsaya kgato ka bonako mme “go ngomoga pelo go dira gore go nne le dikhemikale tse di mo methapong le dihoromone, tse di dirang gore serwe sengwe le sengwe se tsibogele maemo a tshoganyetso ka bonako.”

Ka bonako fela o siametse go tsaya kgato e o neng o sa lebelela gore o tla e tsaya. Ditemosi tsotlhe tsa gago—go akaretsa go bona, go utlwa le go ama—di nna le seabe. Boboko jwa gago bo tsiboga ka bonako mme dikgeleswa tsa gago tsa adrenal tse di fa thoko ga diphilo di ntsha dihoromone tse di nonofileng ka bonako, mme seo se dira gore mesifa le pelo ya gago, makgwafo le dirwe tse dingwe di ipaakanyetse sengwe le sengwe se se ka nnang sa tlhokega go emelana le seemo se se ngomolang pelo.

Ka jalo, fa go na le maemo a tshoganyetso, tsela e mmele wa gago o tsibogelang go ngomoga pelo ka yone e ka nna ya boloka botshelo jwa gago, jaaka fa mmele wa gago o dira gore o tlole o tswe mo tseleng fa koloi e tla. Le fa go ntse jalo, ke kgang e nngwe gotlhelele fa go ngomoga pelo go sa fele.

Fa go Ngomoga Pelo go Nna Mmaba

Go tweng fa mmele wa gago o nna o gagametse? Mesifa ya gago e nna e gagametse, selekanyo sa go itaya ga pelo ya gago se nna kwa godimo mme dilekanyo tse di kwa godimo tsa kholeseterole, mafura, sukiri, dihoromone le dikhemikale tse dingwe di nna di le mo mading. Fa o nna le dilekanyo tse di kwa godimo jalo tsa dikhemikale ka nako e telele—tse di tshwanetseng tsa nna teng fa go na le tiragalo e khutshwane, e e gagamatsang mmele, e e nnang teng ka sewelo—kgabagare go senya dirwe tse di botlhokwa tsa mmele. Ka ditlamorago tse di ntseng jang?

O ka nna wa simolola go nna le mokwatla o o botlhoko, wa opiwa ke tlhogo, wa gagamala mesifa ya thamo le mesifa e mengwe. Go ya ka dingaka, gantsi matshwao ao a amana le go ngomoga pelo go go sa foleng. Go ngomoga pelo go go sa feleng go ka nna ga dira gore o se ka wa kgona go dira dilo tse di rileng le gore o se ka wa kgona go bereka sentle, mmogo le go fedisa tlhoafalo ya gago mme e bile go ka senya dikamano tsa gago le batho ba bangwe. Go ka dira gape gore o nne le bothata jwa irritable bowel syndrome (go tshwenngwa ke mala), letshololo le go tswalega ga mometso. Ditlamorago tsa go ngomoga pelo go go sa foleng di ka nna tsa nna masisi le go feta. Setorouko, go ema pelo, go senyega ga diphilo, mathata a pelo le bolwetse jwa sukiri, di ka bakiwa ke go ngomoga pelo kgotsa ga di etegetsa.

Van der Merwe o kwala jaana: “E re ka mmele o ntsha khemikale ya cortisol e ntsi ka ntlha ya go ngomoga pelo ka nako e telele, gantsi mafura a koelana go dikologa mpa le mokwatla.” Malwetse a letlalo a a jaaka eczema le psoriasis, gantsi a amana le—kgotsa a dirwa maswe le go feta ke—go ngomoga pelo. Go ngomoga pelo thata go ile ga amanngwa le go tshwenyega thata mo maikutlong, go nna bogale thata le go nna le letsapa le le feteletseng. Go nna o ngomogile pelo go ka senyetsa ruri mogopolo wa motho le go kgona go tlhoma mogopolo ga gagwe. Thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e e ileng ya gatelelwa thata ke go ngomoga pelo ka nako e telele e ka dira gore motho a tlhaselwe ke malwetse motlhofo, go tloga ka mofikela o o tlwaelegileng go ya go kankere le malwetse a mangwe a a amanang le disele tsa madi.

Go ngomoga pelo go ama thata dikarolo tsotlhe tsa boitekanelo jwa rona—jwa tlhaloganyo, jwa mmele, jwa maikutlo le jwa semoya—ka jalo, re tlhoka go itse gore re ka go laola jang. Le fa go ntse jalo, ga re batle go fedisa gotlhelele tsela e mmele o tsibogelang go ngomoga pelo ka yone. Ka ntlha yang?

Re ka nna ra tshwantsha go ngomoga pelo le pitse e e matlhagatlhaga. Fa re e palame re ka itumela thata. Le fa go ntse jalo, fa e ka tswa mo taolong, e ka tsenya botshelo jwa rona mo kotsing. Ka tsela e e tshwanang, go ngomoga pelo ka selekanyo se re ka se laolang go ka dira gore re itumelele botshelo, go dira gore re nne le botswerere jo bo rileng, re kgone go bereka sentle, re tlhoafale le go nna le botsogo jo bo siameng.

Mme he, re ka laola jang go ngomoga pelo gore go nne mo selekanyong se se siameng gore re kgone go itumelela botshelo? Setlhogo se se latelang se sekaseka ditsela tse di mosola tsa go laola go ngomoga pelo le kafa re ka go tsibogelang ka teng.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

‘RE DIRILWE KA TSELA E E GAKGAMATSANG’ KE MMOPI YO O LORATO LE YO O BOTLHALE

Go farologana le kgopolo e e tlwaelegileng, tsela e mmele wa rona o tsibogelang go ngomoga pelo ka yone ga se ditlamorago tsa kafa batho ba bogologolo ba neng ba tsibogela matshosetsi a di-mammoth le dinkwe tsa meno a matelele ka teng. Go na le moo, thulaganyo ya mmele wa rona e e raraaneng e ile ya bopiwa ka botswerere ke Mmopi wa rona yo o nang le bokgoni jo bogolo. Ka sekai, thulaganyo ya madi ya go gwama e e raraaneng—bokgoni jwa yone jwa go ka lwantsha megare le go fodisa dintho—le tsela ya maemo a a kwa godimo e mmele o tsibogelang go ngomoga pelo ka yone ke bosupi jwa gore go na le Motlhami yo o botlhale le yo o lorato.

Dithulaganyo tseno tsotlhe tsa mmele di supa gore “[re] dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.” (Pesalema 139:13-16) Tsela e e lorato e Modimo a re tlamelang ka yone semoyeng le mo nameng, le tsela e e matsetseleko e a re bopileng ka yone gore re itumelele botshelo, e tlhomamisa gore mo lefatsheng le le tlang la Paradaise ga go na sepe se se tla bakang botlhoko, khutsafalo kgotsa loso.—Tshenolo 21:3-5.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

DITLAMORAGO TSE DI SA ITUMEDISENG MO MMELENG TSA GO NGOMOGA PELO KA NAKO E TELELE

Go opiwa ke tlhogo

Go phura meno

Setlhabi mo thamong

Bolwetse jwa pelo

Ditlhagala tsa mo maleng

Setlhabi mo mokwatleng

Go gagamala ga mesifa