Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ngomoga Pelo—Matshosetsi a a Masisi a Botsogo

Go Ngomoga Pelo—Matshosetsi a a Masisi a Botsogo

Go Ngomoga Pelo—Matshosetsi a a Masisi a Botsogo

“Ga ke na thulaganyo e e tlhomameng ya nako e ke e berekang—ke bereka bosigo le motshegare. Gantsi ke nna le seabe mo karong e e rileng mo kokelong nngwe mme go tswa foo ke na le metsotso e se kae fela gore ke fete mo pharakanong ya dikoloi tse dintsi gore ke fitlhe kwa kokelong e nngwe go ya go dira karo.”—Dr. Peter Stuart, Afrika Borwa.

O KA tswa o tlhaloganya gore Dr. Stuart o ikutlwa jang, le fa maemo a lona a a dirang gore lo ngomoge pelo a farologane gotlhelele. Le fa e ka tswa e le eng se se dirang gore o ngomoge pelo—e ka tswa e le go kgweetsa mo pharakanong ya dikoloi tse dintsi, dikamano tse di sa itumediseng kwa gae kgotsa kwa tirong kgotsa sengwe se sele—go ngomoga pelo ga se selo se sesha mo bathong.

Makgolo a dingwaga a a fetang 30 a a fetileng, lesole lengwe le le tlwaetseng ntwa le ile la dumela jaana le sa fitlhe sepe: “Go roroma go tsena mo go nna, mme go tetesela go a mpipa.” (Pesalema 55:5) Monna yono o ne a itse gore go ntse jang go ngomoga pelo. Fa a ne a le mosimanyana wa modisa, o ne a lebana le tau, bera le motlhabani yo o tshosang yo o neng a batla go mmolaya.—1 Samuele 17:4-10, 23, 24, 34-36, 41-51.

Gone ke boammaaruri gore go ngomoga pelo ka bogone ga go maswe go le kalo. Go ka re thusa go ipaakanyetsa go lebana le dikgwetlho. Mo maemong a a kotsi, go ngomoga pelo go ile ga dira gore batho ba kgone go dira ditiro tsa bopelokgale tse ba neng ba sa akanye gore ba ka kgona go di dira. Fa o ne o na le kabelo e e botlhokwa, go ngomoga pelo go ka tswa go ile ga bakiwa ke adrenaline e e neng ya go thusa go dira tiro ya gago ka nako. *

Le fa go ntse jalo, go nna le mathata fa go ngomoga pelo go sa fele mme mebele ya rona e sa kgone go ritibala. Mmatlisisi mongwe o bolela jaana: “Go ngomoga pelo ke nngwe ya dilo tse dikgolo tse di tshosetsang botsogo le boitekanelo jwa rona.” Fa o ikutlwa gore ga o tlhole o kgona go itshokela go ngomoga pelo, kgotsa fa o batla go tila go fitlha mo seemong se se ntseng jalo, o ka nna wa ipotsa gore, “A go na le se nka se dirang gore ke gololesege mo go ngomogeng pelo?”

Se se itumedisang ke gore, se teng! Tharabololo e e ileng ya thusa batho ba le bantsi go lepalepana le gone e ka bonwa ke mongwe le mongwe. E tswa mo motsweding o o ka tswang o sa o lebelela—Lefoko la Modimo, e leng Baebele. Le fa gone Baebele e se buka ya kalafi, e neela botlhale jo bo mosola jo bo ka re thusang. E tlhalosa lebaka la go bo go na le go ngomoga pelo go gontsi jaana mme e bo e tlhalosa dilo tse di bakang kgotsa tse di oketsang go ngomoga pelo. Mme gape e na le dikakantsho tse di mosola tse di ka re thusang go fokotsa le go laola go ngomoga pelo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Adrenaline ke horomone e e ntshiwang ke dikgeleswa tsa adrenal e e go thusang go lepalepana le maemo a tshoganyetso.