Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Sireletsa Lelapa la Gago Kgatlhanong le Foluu

Go Sireletsa Lelapa la Gago Kgatlhanong le Foluu

Go Sireletsa Lelapa la Gago Kgatlhanong le Foluu

Mo boporofeting jwa ga Jesu jo bo malebana le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, o ne a bolelela pele ka “malwetse a leroborobo mo mafelong a mantsi.” (Luke 21:11, The New Testament in Plain English) Foluu ke nngwe ya malwetse ao.

FOLUU e bakiwa ke baerase, e e leng sengwe se se bonwang ka maekorosekopo se se tsenang mo diseleng tse di tshelang mme se bo se pateletsa disele go dira dibaerase tse di oketsegileng. Baerase ya foluu, e e tlhaselang thulaganyo ya go hema, e fetisediwa mo mothong yo mongwe segolobogolo ka marothodinyana a a tswang fa motho yo o lwalang a ethimola, a gotlhola kgotsa le e leng fa a bua. Go nna le leroborobo fa bolwetse bo ama batho ba le bantsi mo kgaolong e kgolo.

Dibaerase ga di tlhasele batho fela mme di tlhasela le diphologolo le dinonyane. Baerase ya foluu e kgaogantswe ka mefuta ya A, B kgotsa C. Mofuta wa A ke foluu e e tlwaelegileng thata. Mefuta ya dibaerase e tlhalosiwa thata go ya ka diporoteine tse pedi tse di fitlhelwang mo godimo ga baerase: hemagglutinin (H) le neuraminidase (N).

Dilo tse di tshwenyang thata ka dibaerase tsa foluu ke gore di ka nna tsa oketsega ka bonako e bile di nna di fetofetoga go nna mefuta e e farologaneng le gore mefuta e e farologaneng e ka kopana go dira mofuta o mosha. Fa mofuta mongwe o tlhomologile ka mo go lekaneng, thulaganyo ya batho ya go lwantsha malwetse e ka nna ya se ka ya kgona go iphemela kgatlhanong le one.

Gantsi foluu e nna teng thata ka dikgwedi tse di tsididi. Patlisiso ya bosheng e bontsha gore fa go na le dithemperetšha tse di tsididi, lotha lo lo kafa ntle lwa baerase e nna jele e e sireletsang e e dirang gore baerase e nne nako e telele mo moyeng mme go tswa foo e bo e gakologa mo dithemperetšheng tse di kwa godimo tsa thulaganyo ya batho ya go hema, e bo e dira gore go nne le megare. Moya o o tsididi ga o dire gore motho a nne le baerase mme o ka dira gore e aname.

Ditsela Tsa go Itshireletsa

Ka go lemoga botlhokwa jwa go nna ba ipaakanyeditse, mebuso e le mentsi e ile ya dira gore go nne go ntse go na le dithulaganyo le dikgato tse di tla tsewang. Mme wena o ka dira eng? Mma re sekaseke dikgato tseno tse tharo tsa konokono tsa go itshireletsa:

Nonotsha mmele: Tlhomamisa gore ba lelapa la gago ba robala ka selekanyo se se lekaneng le gore ba ja dijo tse di tla ba thusang go nonotsha masole a mmele. Dijo tse lo di jang di tshwanetse go akaretsa maungo le merogo e e foreshe, dijo tsa ditlhaka tse di sa thugiwang, diporoteine tse di seng mafura, tse di thusang ka di-amino acid tse di tlhokegang go nonotsha thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse.

Dira gore go nne le tikologo e megare e ka se nneng mo go yone: Kafa go kgonegang ka teng, dira gore mafelo a o berekelang mo go one le ditafole di phepafadiwe ka botlalo letsatsi le letsatsi. Tlhatswa didirisiwa tsa go apaya le tse go jewang ka tsone nako le nako fa di sena go dirisiwa mme o tlhatswe dilo tse go robalwang ka tsone ka metlha. Bolaya megare mo dilong tse batho ba di tshwarang: matshwaro a mabati, dithelefouno le di-remote. Dira gore go tsene moya o o phepa mo ntlong fa go kgonega.

Nna le mekgwa e e siameng ya bophepa: Tlhapa diatla tsa gago ka botlalo ka sesepa le metsi kgotsa ka sesepa sa diatla se se nang le alcohol. (Fa go kgonega, tsamaya o tshwere botlolo e nnye ya setlolo se se phepafatsang diatla.) Leka gore o se ka wa dirisa ditoulo tse di dirisiwang ke mongwe le mongwe go phimola diatla kgotsa sefatlhego, tota le fa e le maloko a mangwe a lelapa.

O se ka wa ama matlho, nko kgotsa molomo wa gago ka diatla tse di sa tlhapiwang. Fa go kgonega, dirisa dithishu tse o ka di latlhang go tswala molomo le nko fa o gotlhola kgotsa fa o ethimola mme o bo o di latlha ka bonako. Tila go dirisa didirisiwa tse di dirisiwang ke batho ba bangwe tse di ka anamisang megare ka bonako, tse di jaaka dithelefouno. Bana ba tlhoka go thapisiwa ka botlalo mo mekgweng eno. Mekgwa eno e molemo ka dinako tsotlhe mme segolobogolo ka paka ya foluu.

Akanyetsa ba Bangwe

Go a kgonega gore o tshwaetse ba bangwe letsatsi pele ga o nna le matshwao a foluu kgotsa malatsi a le matlhano morago ga gore e go tshware. Matshwao a teng a tshwana le a mofikela o o tlwaelegileng mme a nonofile thata. A akaretsa letshoroma (gantsi le le kwa godimo), go opiwa ke tlhogo, go lapa ka tsela e e feteletseng, sehuba se se omileng le go opa ga mesifa. Go tshologa mamina le matshwao a mala—a a jaaka go feroga sebete, go tlhatsa le letshololo—a tlwaelegile thata mo baneng go na le mo bathong ba ba godileng. Fa e le gore o na le matshwao ano, fa go kgonega, nna kwa gae gore o tile go tshwaetsa ba bangwe.

Ikhutse thata ka mo o ka kgonang ka teng mme o nwe dino tse dintsi. Diokobatsi tse di thibelang dibaerase di ka thusa mme di dira jalo fela fa di nowa ka bonako fa matshwao a sena go bonala. Aspirin (acetylsalicylic acid) ga e a tshwanela go fiwa bana ba ba nang le foluu. Batla kalafi ya potlako fa o nna le matshwao a e keteng ke a nyumonia, a a jaaka go palelwa ke go hema, setlhabi mo sehubeng kgotsa go opiwa ke tlhogo e e botlhoko e e sa foleng.

Go tshwarwa ke foluu e ka nna sengwe se se tshwenyang thata. Go nna o e ipaakanyeditse go ka go thusa go lepalepana le yone botoka. Mme se se botlhokwa le go feta, o ka lebelela pele mo nakong e ka yone, jaaka Baebele e solofetsa, go tla bong go se na “monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

MOFUTA O O BOGALE WA FOLUU

Foluu e e ileng ya bonwa la ntlha kwa Mexico ka 2009 ke mofuta wa H1N1, o o tshwanang le Spanish flu sa 1918 e e ileng ya bolaya batho ba le dimilione di le lesome. Le fa go ntse jalo, gape e na le dielemente tsa dibaerase tse di amang dikolobe le dinonyane.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

6 DITSELA TSA GO ITSHIRELETSA LE GO SIRELETSA BA BANGWE

1. Tswala molomo fa o gotlhola

2. Tlhapa diatla

3. Dira gore go tsene moya o o phepa mo ntlong ya gago

4. Dira gore go nne go le phepa

5. Fa o lwala, leka go nna kwa gae

6. Tila go ama batho ba bangwe

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]

FA GO NA LE MAEMO A TSHOGANYETSO A KALAFI

Sa ntlha, latela ditaelo tsa dingaka. O se ka wa tshoga kgotsa wa feteletsa dilo. Dirisa mekgwa e e molemo e go tlotlilweng ka yone fano. Fa go kgonega, tila batho ba bantsi. Fa o lwala, go ka thusa go tsenya sethiba nko le molomo se se tshwanelang. Tlhapa diatla gangwe le gape. Dira gore o nne le dijo tse di sa boleng tse di ka nnang mo e ka nnang dibeke di le pedi le melemo le dilo tse di phepafatsang, fa go ka direga gore o se ka wa kgona go ya kwa mabenkeleng.

Fa o le kwa tirong, kwa mafelong a kobamelo, kgotsa kwa lefelong le fa e le lefe mo go nang le batho ba bantsi, latela dikakantsho tse di tlhalositsweng. Mme gape leka go dira gore go nne le moya o o phepa o o tsenang mo o leng teng.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Tebego e e godisitsweng ya baerase ya foluu ya mofuta wa H1N1

[Motswedi wa Setshwantsho]

CDC/Cynthia Goldsmith