Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kokolofute yo o Lefatlha wa Kwa Bokone—Mofudugi yo o Thibetsweng

Kokolofute yo o Lefatlha wa Kwa Bokone—Mofudugi yo o Thibetsweng

Kokolofute yo o Lefatlha wa Kwa Bokone—Mofudugi yo o Thibetsweng

MALOKO a le matlhano a lelapa a ipaakanyetsa go tsaya loeto lo loleele mme ditsala tsa one di tlile go a tsamaisa sentle. Maloko a lelapa leno a leba la bofelo lefelo le e nnileng legae la one ka nako e telele mme a bo a tsamaya. Fa ditsala tsa one di ntse di a lebile, maloko a matlhano ano a a tsamaya mme a bo a nyelela a ya kgakala.

Re mo Lefelong la go Godisa Bokokolofute ba ba Lefatlha mo Birecik, mo Turkey, toropo nngwe gaufi le Noka ya Euferatese. Lelapa le le sa tswang go tsaya loeto ke setlhopha sa bokokolofute ba ba lefatlha ba kwa bokone, mofuta wa dinonyane tse di mo kotsing ya go nyelela. Nonyane nngwe le nngwe e na le sedirisiwanyana sa sathalaete se se gokeletsweng mo legwejaneng la yone. Ditsala tse di ba tsamaisang sentle—badiredi ba mo lefelong leno le baeti—di lebile ka tlhobaelo fa dinonyane tseno di folela kwa lefelong le di sa le itseng, di tshwenyegile ka gore lelapa leo le ka nna la se ka la boela gae.

Kokolofute e e lefatlha ya kwa bokone ke nonyane e e ntseng jang? E ya kae fa e fuduga? Mme ke eng fa khudugo ya yone e kgatlhegelwa thata jaana?

Ithute ka Tsala ya Rona ya Mafofa

Fa kokolofute e e lefatlha ya kwa bokone e thuthuga, e tswa e na le mafofa mo tlhogong ya yone. Le fa go ntse jalo, fa e ntse e gola, mafofa ao a wa, mme ke ka lebaka leo e bidiwang ka leina leno. Mo mmeleng wa yone, kokolofute e e lefatlha e na le mafofa a mantsho mme a nna le mebala ya kopore e e yang kwa botaleng jwa tlhaga le bophepole fa e le mo letsatsing. Kwantle ga mo godimo ga tlhogo ya yone, letlalo le molomo wa yone di dikhibidu. Kokolofute e e lefatlha gape e na le mafofa a maleele kafa morago ga thamo ya yone.

Kokolofute e nna mogodi morago ga dingwaga di le tharo kgotsa di le nnè. Selekanyo sa yone se se tlwaelegileng sa botshelo ke dingwaga tse di fa gare ga 25 le 30. E ja ditshenekegi, mekgantitswane le e leng diamusi tse dinnye. Tse di namagadi di ka kgona go beela lee le le lengwe go ya go a le mararo ka ngwaga mme di tla a elama mo e ka nnang dibeke di le nnè. Dinonyane tseno di na le mokgwa o o sa tlwaelegang—di nna le molekane a le mongwe botshelo jotlhe. Fa e nngwe e swa, molekane wa yone o a e hutsafalela. Tota e bile, go ile ga elwa tlhoko gore molekane yo o salang a tshela, o ipolaisa tlala go fitlha a swa kgotsa le e leng go itatlhela go tswa kwa lefikeng le le kwa godimo gore a swe.

Batho ba kwa Birecik ba tla go bolelela gore go fitlha mo e ka nnang morago ga lekgolo la bo20 la dingwaga, go boa ga dikokolofute tse di lefatlha go ne go ketekiwa. Go boa ga tsone go ne go tsewa e le sesupo sa gore paka ya dikgakologo e gaufi. Ka nako ya mokete ono, o o tshwarwang mo bogareng jwa February, mekoro e tla bo e gogelwa mo lefelong le le omileng go tswa kwa Nokeng ya Euferatese, go bo go opiwa meropa mme go bo go ketekiwa.

Mo dingwageng tseo tsa bogologolo, segopa sa bokokolofute ba ba lefatlha se ne se le segolo jaana mo e leng gore se ne se tshwana le leru le legolo le lentsho mo loaping. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong le le fetileng la dingwaga—segolobogolo mo dingwageng di le 50 tse di fetileng—dipalo tsa tsone di ile tsa fokotsega. Go kile ga bo go na le ditlhopha di le 500 go ya go 600 tse di neng di beela mae kwa koloneng ya Birecik, mme fa go ne go simololwa go dirisiwa sebolayaditshenekegi mo temothuong ka bo1950, dipalo tsa tsone di ne tsa fokotsega thata. Gompieno go setse di le mmalwa thata tsa dinonyane tseno mo lefatsheng.

Maiteko A go Di Boloka Le go Di Sireletsa Kwa Turkey

Lefelo la go Godisa Bokokolofute ba ba Lefatlha le ne la simololwa ka 1977 kwa Birecik. Dinonyane tseno di ne tsa letlelelwa go fuduga ngwaga le ngwaga—go fitlha ka 1990, fa go ne ga boa e le nngwe fela. Morago ga moo, di ne tsa thibelwa go tlhola di fuduga. Ka nako e gantsi dinonyane di neng di simolola go fuduga ka yone, mo magareng a July le August, badiri ba lefelo leno ba ne ba tle ba di tsenye mo dirobing. Dinonyane tseno di ne di a tle di ntshiwe ka February kgotsa March ngwaga o o latelang, nako e di neng di tla bo di boa ka yone.

Ka 1997 go ne ga swediwa gore go dirwe maiteko a gore di fuduge. Ka maswabi, ga go na epe ya dinonyane tse 25 tse di neng di golotswe e e neng ya boa e bonwa gape. Go tloga ka 1998 go ya pele, dinonyane tsotlhe di ne tsa tswelela di tsenngwa mo teng ga dirobi go di thibela gore di se ka tsa fuduga. Le fa go ntse jalo, segopa seno se a gola. Gone jaanong go na le segopa sa dinonyane tseno se se ka nnang lekgolo mo lefelong leno le di godisetswang mo go lone.

Isagwe ya Kokolofute yo o Lefatlha wa Kwa Bokone

Ka maswabi, go ile ga boa dinonyane di le pedi fela mo lelapeng la maloko a le matlhano a a umakilweng kwa godimo mo setlhogong seno. Mme ka 2008, go ne ga letlelelwa setlhopha se sengwe sa dinonyane tseno gore se fuduge. Se se utlwisang botlhoko ke gore, le tsone ga di a ka tsa boela gae. Balaodi ba bega gore dinonyane di ne di fitlha bokgakaleng jwa borwa jwa naga ya Joredane mme tsa swa ka ntlha ya botlhole. Seno se raya gore le fa gone palo ya dinonyane tseno e oketsega kwa lefelong le di godisediwang kwa go lone mmogo le maiteko otlhe a baitsesaense le balaodi ba puso ba a dirang, bokokolofute ba ba lefatlha ba sa ntse ba le mo kotsing.

Maiteko a bosheng jaana a ile a bontsha gore le fa bokokolofute ba ba lefatlha bano ba thibetswe go fuduga e le go ba sireletsa, ga ba ise ba lebale tlwaelo ya bone ya tlholego ya go fuduga. Seno se gatelela mafoko ano a Baebele a a fitlhelwang mo go Jeremia 8:7: “Mogolori kwa magodimong—o itse sentle metlha ya one e e tlhomilweng; le leeba le peolwane le moritinkole—[di] tlhokomela sentle nako e nngwe le nngwe ya tsone e tsenang ka yone.”

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Left: Richard Bartz; right: © PREAU Louis-Marie/age fotostock