Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo ke Tlogetse Tiro ya Madi a Mantsi

Lebaka La go Bo ke Tlogetse Tiro ya Madi a Mantsi

Lebaka La go Bo ke Tlogetse Tiro ya Madi a Mantsi

Jaaka go Boletse Martha Teresa Márquez

GA KE bolo go rata go opela, ke ne ka bo ka opela mo radiong fa ke ne ke le ngwana. Ga ke ise ke ko ke tsene sekolo, fa e se sa bana ba bannye fela mme moragonyana ke ne ka dira dikhoso tsa lentswe kwa Mexico City ke kaelwa ke mokaedi wa naga wa mmino wa okhestra wa simfone.

Ka 1969, fa ke ne ke le dingwaga di le 24, tsala nngwe e e neng e le sebini e ne ya ntaletsa go ya kwa tekong ya mmino kwa resetšhurenteng ya bara ya La Rampa Azul, e ka nako eo e neng e le ya maemo a a kwa godimo. Ke ne ka opela pina e e tumileng ya Cucurrucucú Paloma ya motlhami wa kwa Mexico e bong Tomás Méndez, mme bareetsi ba ne ba e rata. Eo e ne e le tshimologo ya mmatota ya tiro ya me ya porofeshenale. Ke ne ke opela ke le nosi ke dirisa leina Romelia Romel.

Ke ne ka bereka le Tomás Méndez, mmogo le bakwadi ba mmino le baopedi ba bangwe ba ba nang le bokgoni ba kwa Mexico, go akaretsa Cuco Sánchez le Juan Gabriel. Go ne go itumedisa go bona leina la me le tlhagelela fa dipone di tshuba le mo makwalodikgannyeng le mo dimakasineng. Ke ne ke opela mo ditlelapong tsa bosigo, mo radiong le mo dikonsarateng le mo mafelong a a farologaneng kwa Mexico le Belize. Gape ke ne ke bereka le modirametlae yo o tumileng wa kwa Mexico e bong Leonorilda Ochoa, fa thulaganyo ya gagwe ya thelebishene e ne e sa ntse e le ntšha kwa Mexico.

Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka fitlhelela botumo jo bo rileng mme ke ne ke dira madi a mantsi—madi a a lekaneng mo ke neng ke kgona go itumelela dilo tsa manobonobo tse di jaaka dibenyane, dibaki tsa maboa e bile ke nna mo meagong ya maemo a a kwa godimo. Go ne go bonala ke na le sengwe le sengwe se ke se tlhokang mme ke ne ke sa itumela. Ke ne ke ikutlwa ke le lolea. Le fa ke ne ke godisitswe ke le Mokatoliki wa Roma, ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong go ya kerekeng. Ke ne ke ikutlwa ke le leswe thata ka ntlha ya botshelo jwa me jwa boitsholo jo bo sa siamang.

Kafa ke Ileng ka Simolola go Rata Jehofa ka Teng

Fa ke ntse ke ithapisetsa rekoto ya me ya ntlha, ke ne ka tlhalosetsa tsala nngwe e e neng e le ranchera e leng moopedi wa mmino wa setso, yo o bidiwang Lorena Wong kafa ke ikutlwang ka teng. Ke ne ka mmolelela gore nka rata go nna moitlami le go thusa batho ba ba humanegileng. O ne a goa jaana: “Moitlami? O a tsenwa!”

Go tswa foo o ne a mpotsa jaana: “A o itse leina la Modimo?”

Ke ne ka araba ka gore, “Morena Jesu Keresete.”

O ne a re: “Nnyaa, leina la gagwe ke Jehofa, Jesu ke Morwawe.”

Ke ne ka botsa ka re, “Jehofa?” Ke ne ke sa tlwaela leina leo gotlhelele. Lorena o ne a nnaya Baebele mme a ntsholofetsa gore o tla romela morutisi wa gagwe yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a nketele. *

Nako nngwe le nngwe fa ke ne ke bona Lorena, ke ne ke mmotsa gore, “O tla romela leng morutisi wa gago?” Ke ne ke tshwerwe ke tlala ya semoya.

Fa ke ntse ke letile, ke ne ka simolola go ipalela Baebele mme ka bona gore ruri leina la Modimo e ne le Jehofa. (Pesalema 83:18) Ke ne ke gakgametse. Ke ne ka bona le Melao e e Lesome mme ka gakgamadiwa ke go bona o o reng: “O se ka wa dira boaka.” (Ekesodo 20:14) Ka nako eo, ke ne ke nna le monna yo o nyetseng, yo e neng e le rre wa lesea la me la mosimanyana la dikgwedi di le robedi. Mosimanyana yono e ne e le ngwana wa me wa bobedi. Ke ne ke setse ke na le morwa le monna yo mongwe, yo le ene re neng re sa nyalana.

Letsatsi lengwe fa ke ntse ke ithapisetsa pina e ke neng ke tla e opela kwa pontshong nngwe e ntšha, mongwe o ne a kokota mo lebating la folete ya me. E ne e le morutisi wa ga Lorena, Mauricio Linares le mosadi wa gagwe. Ba ne ba mpontsha gore boikaelelo jwa Modimo ke eng ka batho mme ba ntlogelela buka e e nang le setlhogo se se reng Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. * Ke ne ka e bala yotlhe mo bosigong bo le bongwe fela, le fa gone ke ne ke palelwa ke mafoko mangwe a a thata. Ke yone nako e ke neng ka simolola go rata Jehofa ka yone.

Go Fetola Tsela e ke Tshelang ka Yone

Fa Basupi ba ntse ba nthusa go ithuta Baebele le go tokafatsa bokgoni jwa me jwa go bala, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go dira diphetogo mo botshelong jwa me gore ke tle ke itumedise Jehofa. Ke ne ka simolola go latlha ditshwantsho tsa me tsa bodumedi, dimetlele le dipheko tsa lesego, le fa gone di ne di dirilwe ka gauta.

Ke ne ka go fitlhela go le thata le go feta go tlogela motsoko le go nwa bobe. Fa ke ne ke feta mo lebenkeleng le le rekisang bojalwa ke ne ke bo meletsa mathe. Ke ne ka tshwanela go kgaogana le ditsala tsa me tsotlhe ka gonne ba ne ba ntaletsa gore ke ye go nwa le go ja le bone kwa diresetšhurenteng tsa manobonobo. Ke ne ke itse gore kgabagare go ne go tla dira gore ke nwe bojalwa ka tsela e e feteletseng.

Gape go ne go le thata gore ke tlogele go ya kwa diphathing tsa batho ba ba humileng le ba ba tumileng. Fa ke ne ke laleditswe kwa phathing ya malatsi a botsalo a ramabole mongwe yo o tumileng wa kwa Cuba, ke ne ka rapela jaana: “Jehofa, eno ke ya bofelo. Le ka motlha nka se tlhole ke ya kwa tiragalong e e ntseng jalo kgotsa ka itshwara ka tsela e o sa e batleng.” Mme ga ke ise ke tlhole ke dira jalo.

Ke ne ka fedisa kamano ya me le rraagwe ngwanake wa bobedi. Ke ne ka dira seno le fa gone a ne a na le dikhumo tse dintsi e bile a ntsholofetsa dilo tse dintsi fa nka se mo tlogele. Go ne go le thata gore ke dire seo ka gonne ke ne ke mo rata mme o ne a itse seo. Ka mabela o ne a bolela jaana: “Ke Modimo wa gago! Ke Keresete wa gago!”

Ke ne ka araba ka gore, “Go ka tswa go ne go ntse jalo, mme gone jaanong Jehofa ke ene Modimo wa me.” O ne a ntshosetsa ka gore o tla tsaya morwaake yo a mo tshotseng le nna le gore o tla nkgobatsa.

Ka nako eo, batho bangwe ba ne ba mpolelela gore go opela ke tiro e e tshwanang fela le ditiro tse dingwe—gore nka nna Mosupi ke ntse ke opela. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba nkgakolola jaana: “O tla bo o se na sepe se se go sireletsang gore o se ka wa goga, wa nwa le go dumela fa balatedi ba gago ba go kopa go dira boitsholo jo bo sa siamang le bone.” Ke ne ka lemoga botlhale jwa kgakololo eno ya bofelo.

Fa ke ne ke le moopedi yo o tumileng, batho ba ne ba leka go ntheka ka madi gore ke dire boitsholo jo bo sa siamang le bone. Ke ne ke ikemiseditse gore ke se ka ka tlhola ke itsenya mo kotsing ya dithaelo tse di ntseng jalo gape. Ka jalo, ka 1975, ke ne ka fedisa tumalano ya me ya go ya kwa China mme dikgwedi di le thataro morago ga foo, ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Dikgwetlho le Boitumelo Jwa Gone

Ke ne ke tla tlamela nna le ba lelapa la me jang? Ke ne ke sa tsena sekolo gotlhelele mme e bile ke ne ke sa itse go dira sepe fa e se go opela fela. Nkgonne e bong Irma le bana ba gagwe ba bararo, mmogo le basimanyana ba me ba babedi ba ne ba ikaegile ka nna. Re ne ra tshwanelwa ke go fuduga go tswa mo foleteng ya me ya manobonobo go ya kwa moagong wa dikamore di le pedi. Phetogo e kgolo eno ya go tswa mo botshelong jwa manobonobo go ya go jwa go humanega e ne e le kgwetlho tota. Ka nakonyana nkgonne le bana ba ne ba nkgala le go nkgatelela gore ke tswelele ke opela mme ke ne ka nna ke ititeile sehuba go dira se ke neng ke tshwanetse go se dira gore ke direle Jehofa.

Ke ne ka simolola go rekisa dilo tsa me tse di tlhwatlhwakgolo—mabenyane a me, dibaki tsa me tsa maboa le koloi ya me—mme ra tshela ka madi a dilo tseo. Fa nako e ntse e tsamaya, madi ao a ne a fela. Gore ke se ka ka tshwenngwa ke rraagwe ngwanake wa bobedi, ka 1981 re ne ra fudugela kwa toropong nngwe kwa ntlheng e nngwe ya naga, kwa a neng a se kitla a re bona gone.

Mo lefelong leno Basupi ba ne ba nthuta go dira di-tamale, di-doughnuts, le dijo tse dingwe tse nka di rekisang. Moragonyana ke ne ka bona tiro kwa feketering mme ke ne ke bereka bosigo. Mme tiro eno e ne e ama tsela e ke yang dipokanong tsa Bokeresete ka yone le tirelo ya me mo Modimong. Kgabagare ke ne ka tlogela tiro mme ka simolola go dira di-tamale kwa gae. Morago ga foo, ke ne ke a tle ke di tsenye mo teng ga diroto mme ke bo ke di rekisa kwa mmileng. Ke ne ka kgona go itlamela ka tsela eno mo bodireding jwa nako e e tletseng.

Tlhopho e ke Iseng Ke ko Ke e Ikwatlhaele

Fa batho ba mpotsa gore ke ikutlwa jang ka go bo ke ile ka tlogela tiro ya me ya go opela e go neng go bonala e tla ntirela isagwe e e molemo, ke ba bolelela gore nka se ananye sepe le kitso ya me ka Jehofa le go bo ke tlhaloganya maikaelelo a gagwe a a itumedisang. E nnile boitumelo go bona bana ba me ba gatela pele mo kitsong ya Baebele, ba ineela mo go Jehofa mme go tswa foo ba bo ba nyala badumedi ka bone. Bana ba me ka bobedi, le basadi ba bone ba ba dirisanang mmogo le bone, ba godisa bana ba bone gore ba direle Modimo wa rona e bong Jehofa.

Ke ile ka nna mmulatsela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba bitsa batho ba ba dirang tiro ya go rera ka nako e e tletseng, mo e ka nnang ka dingwaga di le masome a mararo. Ka thuso ya Modimo ke ile ka kgona go thusa batho ba le bantsi, go akaretsa Irma le morwadie go ithuta boammaaruri jwa Baebele le go ineela mo Modimong. Go itumedisa tota go kopana le “bana ba ba ntseng jalo ba semoya” le go ba bona ba sa ntse ba tsamaya mo boammaaruring—ba bontsi jwa bone e leng babulatsela. (3 Johane 4) Gompieno, ke le dingwaga di le 64, ke tshwara dithuto tsa Baebele di le 18 le batho ba bangwe.

Tlala ya semoya e ke neng ke na le yone fa ke ne ke le moopedi yo mosha e ile ya kgotsofadiwa mme keletso ya go thusa ba bangwe e ile ya kgotsofadiwa ke go ikobela taelo ya ga Jesu ya go ‘tsamaya le go dira barutwa.’ (Mathaio 28:19, 20) A bo ke itumela jang ne go bo Jehofa a ntshegeditse mo dingwageng tseno tsotlhe mme a ntse a tswelela go dira jalo! Ruri ke ile ka ‘mo leka mme ka bona gore o molemo.’—Pesalema 34:8.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 12 Moragonyana Lorena Wong o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le bomorwaake, basadi ba bone le nkgonne yo ke sa ntseng ke bula tsela le ene

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke sa ntse ke dira le go rekisa di-“tamale” mo mebileng go itlamela mo bodireding jwa nako e e tletseng