Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lente ya Tshipi” go Ralala Mawatle

“Lente ya Tshipi” go Ralala Mawatle

“Lente ya Tshipi” go Ralala Mawatle

MO E ka nnang dingwaga di le 150 tse di fetileng, karolo e kgolo ya Canada, naga ya bobedi e kgolo go gaisa mo lefatsheng, e ne e le naga e go iseng go ye motho ope kwa go yone. Rahisitori e bong Pierre Berton o tlhalosa jaana: “Dikwatara di le tharo tsa baagi ba ne ba nna mo dipolasing tse di kwa thoko thata,” mme maemo a ditsela “a ne a dira gore go tsaya loeto lo loleele go nne boima thata.” Go tsaya loeto mo makadibeng le mo dinokeng le gone go ne go se motlhofo, ka gonne metsi ano a ne a swa dikgapetla ka dikgwedi tse di ka nnang tlhano ka ngwaga.

E re ka go ne go na le dikgwetlho tseo, ka 1871, tonakgolo e bong Motlotlegi John A. Macdonald, o ne a akantsha gore go agiwe seporo se se neng se tla golaganya Lotshitshi lwa Canada lwa Atlantic le Lotshitshi lwa yone lwa Pacific. Go ne go agilwe seporo se se ntseng jalo kwa United States ka 1869, mme Canada e ne e na le madi a mannye, sekgala se seleele se e tshwanetseng go se fitlhelela e bile e ne e na le baagi ba ba lekanang le diperesente di le lesome fela tsa baagi ba kwa United States. Moeteledipele mongwe wa dipolotiki wa kwa Canada o ne a re porojeke e e akantshiwang eno ke “nngwe ya dilo tsa boeleele thata tse go kileng ga akanngwa ka tsone.” Yo mongwe o ne a sotla ka gore selo se se latelang se tonakgolo e tla buang ka sone e tla nna seporo se se yang kwa ngweding.

Kakantsho e e Jang Madi a Mantsi

Le fa go ntse jalo, puso e ne ya solofetsa gore e tla wetsa seporo seno mo dingwageng di le lesome. Sandford Fleming, moenjenere wa Mo-Scott, o ne a fopholetsa gore seporo seno se tla ja didolara di ka nna dimilione di le 100, a e neng e le madi a mantsi mo nakong eo. Le fa gone go dira seporo se se ralalang United States go ne go tla khutshwafatsa tsela e bile go e dira motlhofo, Macdonald o ne a tatalala gore go agiwe tsela e e tla tsamayang kwa Canada fela go sireletsa dikgatlhego tsa Canada fa go ka nna le ntwa.

Babeeletsi ba le bantsi ba ne ba sa batle go tsenya madi mo kgwebong e e jang madi a mantsi le e e kotsi jaana. Le fa go ntse jalo, ka 1875 tiro e ne ya simololwa fa Canadian Pacific Railway (CPR) e simolola go aga tsela ya yone e kgolo. Dingwaga di le lesome morago ga foo, porojeke eno e ne e le mo kotsing ya gore e emisiwe gotlhelele. Ka July 10, 1885 sekoloto sa didolara di le 400 000—se CPR e neng e palelwa ke go se duela—se ne se tshwanetse gore se duelwe ka 3:00 p.m. Mme kgabagare ka 2:00 p.m. ka lone letsatsi leo, Palamente ya kwa Canada e ne ya dumela go adima madi a a oketsegileng, ka go dira jalo ya boloka porojeke.

Mathata a a Boima a Kago

Fa babereki ba ntse ba aga seporo kwa Ontario bokone, ba ne ba bona lefika le le thata mo e ka nnang disentimetara di le 30 kafa tlase ga mmu. Ka jalo, go ne ga tshwanelwa gore go rwalwe mmu go tswa kgakala. Kwa Canada bogare, dithemperetšha tsa mariga di ne tsa wela kwa tlase go didikirii di le 47 tsa Celsius, mme seno se ne sa baka mathata a mantsi a kago. Mo godimo ga seo, go wa ga kapoko ngwaga le ngwaga go ne ga fitlha go palogare ya boteng jwa disentimetara di le makgolokgolo. Karolo ya Rocky Mountains ya seporo seno kwa bophirima, e ne ya tewa go twe ke “mo loso lo tlang go sa lebelelwa.” Go ne go tlhokega gore go agiwe dithanele le marogo a le mantsi. Ka malatsi a tiro, go ne go tlwaelegile gore go berekiwe diura di le lesome, go sa kgathalesege pula, seretse kgotsa kapoko.

Kgabagare ka November 7, 1885, kwantle ga gore go dirwe modumo o montsi wa go ipela, sepekere sa bofelo se se neng sa kokotelwa se ne sa wetsa tiro kwa Eagle Pass kwa British Columbia kwa bophirima. Seteishene seo se ne sa bidiwa Craigellachie, se reelelwa ka motse mongwe kwa Scotland, o e neng e le letshwao la botsuolodi jo bogolo ka dinako tsa mathata. Fa mojenerale wa CPR a ne a kopiwa gore a neele dikakgelo, o ne a bolela fela jaana: “Se nka se bolelang fela ke gore tiro e dirilwe ka matsetseleko ka ditsela tsotlhe.”

Kafa go Neng ga Ama Batho ka Teng

Diketekete tsa babereki ba Ba-China ba ba neng ba tlisitswe mo nageng go tla go bereka mo porojekeng eno, ba ne ba tlhomamisediwa gore ba tla nna le ditiro tse di tlhomameng mo seporong sa terena. Gantsi tiro eo e ne e le kotsi, segolobogolo kwa Rocky Mountains. E nnile fela morago ga gore tiro e wediwe mo ba le bantsi ba babereki bao ba ileng ba kgona go boloka madi a a lekaneng gore ba kgone go boela gae.

Fa go agiwa seporo seno sa terena, madirelo le kgwebo di ne tsa fudugela kwa ntlheng ya bophirima, mme seo se ne sa ama mekgwa e e tlwaelegileng e batho ba neng ba tshela ka yone ka tsela e e sa itumediseng. Go ne ga agiwa ditoropo le ditoropokgolo mme batho ba lefelo leo ba ne ba fudusediwa kwa mafelong a a kgakala. Gaufi le se pele e neng e le ditsela tsa kgwebo, dikgwebo tse dinnye, tse di jaaka marekisetso a bojalwa a a fa thoko ga tsela, a ne a tswala. Mme kafa letlhakoreng le lengwe, ga twe terena e ile ya “golola setšhaba go tswa mo tshotlegong ya leswe le seretse” le “go tswa mo tshotlegong ya mariga.” Mo godimo ga moo, dijo tse di neng di tswa kwa Orient ka dikepe tse di tsamayang mo Lewatleng la Pacific la kwa Canada, di ne di goroga kwa ditoropong tsa kwa botlhaba malatsi a se kae fela moragonyana.

Le fa gone diterena di na le seabe se segolo mo go iseng dithoto go ralala Canada, go dirisiwa thata ga dikoloi le difofane go ile ga dira gore batho ba se ka ba tlhola ba dirisa terena thata. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba itumelela go tswa mo mmudubudung wa botshelo jwa lekgolo la bo21 la dingwaga ka go itumelela go palama terena e e sa kokoneleng le go lebelela popo e ntle go ralala Toronto go ya kwa Vancouver. Go na le gore e dire gore batho ba tshelele mo lepotlapotleng jaaka e kile ya dira, terena jaanong e dira gore bapalami ba kgone go iketla le go akanya ka hisitori e e kgatlhang ya seporo seno fa ba ntse ba ralala mawatle ba palame “lente ya tshipi” ya Canada.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]

GO BOLELELA BA BANGWE KA TSHOLOFELO YA RONA RE PALAME “LENTE YA TSHIPI”

Go tsamaya ka terena e sa ntse e le tsela e batho ba le bantsi ba e dirisang thata go ya kwa metseng mengwe ya kwa Canada, ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa yone go ya kwa mafelong a a kgakala ba isa molaetsa wa Baebele o o buang ka puso ya Bogosi jwa Modimo. (Isaia 9:6, 7; Mathaio 6:9, 10) Basupi ba tlhalosa jaana: “Go motlhofo go bua ka Baebele mo tereneng, ka gonne batho ba batla go itse gore re ya kae le gore ke ka ntlha yang fa re ya koo.”

Mosupi mongwe o akgela jaana malebana le loeto lwa terena lwa go ya kwa lefelong la tshireletso ya diphologolo la Ojibwa le le gaufi le Letsha la Nipigon kwa Ontario bokone: “Le fa gone tikologo le diphologolo tsa naga di ne di le dintle, selo se se neng sa itumedisa thata se re se gakologelwang ke batho ba re kopaneng le bone. E re ka ba sa nne le baeng thata, go goroga ga rona go ne ga tsosa kgatlhego e kgolo thata. Bangwe ba ne ba re adima mekorwana mme re ne ra letlelelwa go dirisa tlelase ya sekolo re sa duedisiwe sepe. Fa re sena go rera letsatsi lotlhe, baagi ba lefelo leo ba ne ba kokoana go tla go lebelela bidio ya rona e e buang ka tiro ya rona ya go rera ya lefatshe lotlhe.”

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Motlotlegi John A. Macdonald

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go agiwa ga seporo e ne e le tiro e e boima

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Go ne ga tshwanelwa gore go agiwe marogo le dithanele di le dintsi tse di ralalang dithaba

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go kokotelwa ga sepekere sa bofelo go ne ga wetsa tiro ya go aga seporo se se ralalang dikontinente kwa Canada

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go palama “lente ya tshipi” gompieno

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Top: Canadian Pacific Railway (A17566); middle: Library and Archives Canada/​C-006513

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Top, left to right: Canadian Pacific Railway (NS13561-2); Canadian Pacific Railway (NS7865); Library and Archives Canada/PA-066576; bottom: Canadian Pacific Railway (NS1960)

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Top: Canadian National Railway Company; right: Courtesy VIA Rail Canada Inc.